2016
Go tshegetsa Ditaelo le go Rata Ba bangwe
Lwetse 2016


Banana

Go tshegetsa Ditaelo le go Rata Ba Bangwe

Fa re akanya ka lorato, go le gantsi re akanya pele ka dilo tse di tlang tsa motshikinyego tsa marato, chocolate, le dithunya. Mme lorato—boammaaruri lorato—e boteng lego sa ipone go feta sepe. Jeso Keresete o re tsheletse le go re swela kantlha ya loratola Gagwe. Ka nnete, ditaelo tse pedi tse di kgolo ke go rata Modimo le go rata mongwe le mongwe (Bona Matthew 22:36–40). Mme re ka supetsa ba bangwe gore re ba rata jang?

Moporesidente Utchdorf o abelane polelo ya ga Keresete ya barwa ba babedi, yo mongwe o ne a direla rraagwe mme yo mongwe a seka. Mmoloki o dira ntlha ya gore yo fela yo o obametseng rraagwe ka boammaaruri o ne a rata. Mo go tshwanang, fa re obamela ditaelo tsa Modimo, re supa fa re mo rata le go boela kwa go Ene.

Mme re supa jang gore re rata mongwe le mongwe? Moporesidente Utchdorf o tlhalosa seo: “Fa kaboammaaruri re rata batho ka rona, re atolosa go thusa ‘bahumanegi le batlhoki, balwetsi le ba ba mo pogisegong.’ Gonne ba ba dirang tiro e ya bopelotlhomogi le tirelo, ke bone barutwana ba ga Jeso Keresete.”

Nako e tlang fa o bona batsadi ba gago,ba o tshotsweng nabo, kgotsa tsala, akanya ka go ba direla go supa lorato. Ga go ka ke ga dira bone le wena go itumela, mmego tlaa dira Rraetsho mo Legodimong go itumela le ene.

Gatisa