2016
Morago ga Lorato, Jalo Eng?
Lwetse 2016


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Fankwa 2016

Morago ga Lorato, Jalo Eng?

Moporofiti wa rona yo o rategang, Moporesidente Thomas S. Monson, o rutile gore “Lorato ke lone konokono ya efangele.”1

Lorato le botlhokwa mo Jeso a le biditseng “taelo ya ntlha le e kgolo” a bo a re ntlha nngwe le nngwe ya molao le mafoko a baporofiti a ikaegile mo go tsone.2

Lorato ke lone pinagare ya thotloetso mo go tsotlhe tse re di dirang mo Kerekeng. Mananeo otlhe, phuthego tsotlhe, tiragalo tsotlhe tse re tsayang karolo re le barutwana ba ga Jeso Keresete di tshwanetse go tswa mo mokgweng o—gonne kwa ntle ga bopelonomi, “lorato le le itshekileng la ga Keresete,” ga re sepe.3

Fa re tlhaloganya se ka tlhaloganyo tsa rona le pelo, fa re bolela lorato la rona mo Modimong le batho ka rona—jalo eng?

A go lekane go nna le mautlwelo botlhoko le lorato go ba bangwe? A go bolela lorato la rona mo Modimong le mo baagisanyeng ba rona go kgotsofatsa maitlamo a rona go Modimo?

Polelo ya Barwa ba babedi

Kwa tempeleng mo Jerusalema, bagolwane ba maperesiti le bagolwane ba Majuta ba tlile ko go Jeso go mo tsietsa ka mafoko a Gagwe. Mmoloki, o ne, a fetolela dilo kwa go bone ka bolela polelo.

O ne a simolola ka gore “monna mongwe o ne a na le barwa ba babedi.” Rre wa bone o ne a ya go wa ntlha mme a mo kopa go dira mo tshimong ya mofine. Mme morwa a gana. Moragonyana morwa yoo “a ikwatlhaya, mme a tsamaya.”

Rre o ne a ya jalo go morwae wa bobedi mme a mo kopa go dira mo tshimong ya mofine. Wa bobedi o ne a mo tshepisa gore o tlaa tsamaya, mme a seka a tsamaya.

Jalo Mmoloki a a leba baperesiti le bagolwane mme a botsa, “Ke o fe wa barwa ba babedi yo o dirileng thato ya ga rraagwe?”

Ba ne ba tshwanela ke go dumela gore ke wa ntlha—yo o a neng a re ga a ka ke a tsamaya mme moragonyana a ikwatlhaya mme a tsamaya go dira mo tshimong ya mofine.4

Mmoloki o dirisitse polelo e go tlhalosa botlhokwa jwa molawana—ke bao ba ba obamelang ditaelo ba ka boammaaruri ba ratang Modimo.

Kgotsa ke sone se Jeso a kopileng batho go reetsa le go sala morago mafoko a Bafarasai le bakwadi mme ba seka ba sala morago sekai sa bone.5 Baruti ba ba bodumedi bane ba sa dire se ba se rutang. Bane ba rata go bua ka tumelo, mme ka maswabi ba tlhaela tse di botlhokwa.

Ditiragalo le Poloko ya Rona

Mo nngweng ya dithuto tsa bofelo tsa Mmoloki go barutwana ba gagwe, O ne a bua ka Katlholo ya bofelo. Baikepi le basiami ba tlaa kgaoganngwa. Ba ba molemo ba tlaa rua botshelo jo bo sa khutlheng; baikepi ba tlaa isiwa go kotlhao a bo sa khutlheng.

Pharologanyo ke eng magareng ga ditlhopha tse pedi tse?

Bao ba supileng lorato lwa bone ka ditiro ba bolokilwe. Bao ba sa dirang ba bonwa molato.6 Go sokologa go efangele ya ga Jeso Keresete le boleng jwa yone le melawana e tlaa bonala ka ditiro tsa rona tsa malatsi otlhe a botshelo jwa rona.

Mo bokhutlong, go supa lorato mo Modimong le batho ka rona ga go kake ga re fa botshelo jo bo sa khutlheng. Gonne, jaaka Jeso a re rutile, “ga se mongwe le mongwe yo o reng go nna, Morena, Morena, yo o tlaa tsenang ka bogosi jwa legodimo; mme yo o dirang go rata ga Rara yo o kwa legodimong.”7

Ke eng se se Tlang morago ga Lorato?

Karabo go potso e “Morago ga lorato, jalo eng?” e ka nna motlhofo e bile e tlhamaletse. Fa ka boammaaruri re rata Mmoloking, re golaganya dipelo tsa rona go Ene mme jalo re tsamaye mo tseleng ya barutwana. Fa re rata Modimo, re tlaa leka ka bo jotlhe go tshegetsa ditaelo tsa Gagwe.8

Fa ka boammaaruri re rata batho ka rona, re ba tswa thuso “bahumanegi le batlhoki, balwetsi le ba ba mo pogisegong.”9 Go nne ba ba dirang ditiro tse tsa bopelotlhomogi le tirelo,10 ke bone ba eleng barutwana ba ga Jeso Keresete.

Se ke se se tlang morago ga lorato.

Se ke sone konokono ya efangele ya ga Jeso Keresete.

Dithuto go tswa Molaetseng o

Moporesidente Utchdorf o tlhalosa fa barutwana ba boammaaruri ba ga Jeso Keresete jaaka ba ba supang lorato mo go Ene le ba bangwe ka ditiro tsa bone. O re ruta gore “fa ka boammaaruri re rata Mmoloki, re golaganya dipelo tsa rona go Ene le go tsamaya mo tseleng ya barutwana.” Akanya ka go botsa ba o ba rutang ka mo lorato le ba kgothaditse ka teng go tsamaya mo tseleng ya borutwana. O ka abelana le bone maitemogelo a gago. O ka akanyetsa go ba laletsa go rapelela bopelonomi jo bontsi le nonofo go dira ka lorato.

Gatisa