2016
Botsadi Ke Tiro e e Boitshepo
Lwetse 2016


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Fankwa 2016

Botsadi Ke Tiro e e Boitshepo

Ka thapelo ithute tiriso e mme o senke go itse gore o ka abelana eng. Go tlhaloganya “The Family: A Proclamation to the World” go ka godisa tumelo yame mo Modimong jang le go segofatsa bao o ba tlhokometseng ka thuto ya ketelo? Go bona molaetsa yo montsi, ya ko reliefsociety.lds.org.

Setshwantsho
Kano ya Mokgatlho wa Thuso

Tumelo, Lelwapa, Thuso

Rraetshoa yo o kwa Legodimong o dirile malwapa go re thusa go ruta melawana e e siameng mo seemong sa lorato. Moporesidente Thomas S. Monson o ne are: “Tlotlomatsa ngwana wa gago le go mo tlamparela;o re, ‘Ke a go rata’ ka metlhasupa malebogo. O seka wa letlelela bothata jo bo tla rarabololwang gore bo nne botlhokwa thata gona le motho yo o tshwanelwang ke go ratwa.1

Susan W. Tanner, moporesidente wa pele wa Young Women, a ruta: “Rraetsho yo o kwa Legodimong o supile mokgwa wa ka fa re tshwanetseng go o sala morago. O a re rata, o a re ruta, o pelotelele mo go rona, le go nna le tshepo mo go rona ka go itlhophela ga rona. … Nako tse dingwe maitshwaro, a a raynga ‘go ruta,’ a fapaanngwa le go kgala. Bana— ga mmogo le batho ba dingwaga tsotlhe— ba tlhabolola maitshwaro ka lorato le kgothatso go feta go kgala.”2

“Faka boikanyego re na le thapelo ya malwapa, re ithutuntsha dikwalo tse di boitshepo, maitiso a lelwapa, tshegofatso ya boperesiti, le go obamela Sabata,” go bua MOgolwane Quentin L. Cook wa Khoramo ya Baaposetolo ba ba Lesome le bobedi, “bana ba rona ba tlaa … baakanyediwa legae la bone la bosa khutleng mo legodimong, go sa kgathelesege se ba kopanang le sone mo lefatsheng le le thata.”3

Dikwalo tse di boitshepo tsa tlalaletso

1 Nephi 8:373 Nephi 22:13 Doctrine and Covenants 93:40121:41

Dipolelo tse di Tshelang

“Ke ne ke bala pampiri ya dikgang fa mongwe wa dikokomane tsame ane a tla gaufi le nna,” ga bua Mogolwane Robert D. Hales wa Khoramo ya Baaposetolo ba ba Lesome le bobedi. “Fa ke bala, Ke ne ka itumedisiwa ke go utlwa lentswe la gagwe le bua fa morago. Akanya ka fa ke neng ke akabetse ka teng, moragonyana, fa a tsena mo gare ga me le pampiri. A tsaya sefatlhego same ka diatla tsa gagwe le le go tobetsa nko yame ka ya gagwe, a botsa, ‘Ntatemogolo! Aa o teng moo?’

“… Go nna teng go raya go tlhaloganya dipelo tsa banana le go golagana le bone. Mme go golagana le bone ga go reye go bua fela le bone mme go raya go dira dilo le bone. …

“Re tshwanetse ra rulaganya le go tsaya ditshono tsa go ruta. …

“… Sebaka se ke se tshedileng, ke itemogela ditshono tsa go ruta banana bame, segolo jang tse ke di filweng ke batsadi bame, di betlile botshelo jwa me le go ntira se ke leng sone.”4

Dintlha

  1. Thomas S. Monson, “Love at Home—Counsel from Our Prophet,” Liahona, Aug. 2011, 4.

  2. Susan W. Tanner, “Did I Tell You … ?” Liahona, May 2003, 74.

  3. Quentin L. Cook, “The Lord Is My Light,” Liahona, May 2015, 64.

  4. Robert D. Hales, “Our Duty to God: The Mission of Parents and Leaders to the Rising Generation,” Liahona, May 2010, 96, 95.

Akanyetsa Se

Ke eng efangele e rutwa botoka ka puo le sekao sa lorato la rona?

Gatisa