2016
Melelo le Dithuto tsa Kobamelo
Diphalane 2016


Banana

Melelo le Dithuto tsa Kobamelo

Moporesidente Thomas S. Monson o kile a bolela ka nako e a kileng a ithuta thuto e e botlhokwa ya go obamela. Fa ale ngwaga tse robedi, ene le ba lwapa la gagwe ba ne ba etela motlaagana wa bone ko dithabeng. Ene le tsala ya gagwe bane ba batla go phepafatsa lefelo le le neng le le bojang go gotsa molelo. Bane ba leka go phepafatsa ka diatla, ba leka ka bojotlhe, mme ba kgona go ntsha go tlala seatla. Moporesidente Monson o tlhalosa gore, “Mme seo a neng a akanya fa ele karabo ya botlalo ene yatla go tlhaloganyo ya yoo dingwaga tse robedi. Kene kare go Danny, ‘Se re se tlhokang ke go tlhoma mhero o mo molelong. Re tlaa tshuba sekele mo mherong!’”

Le fa ane aitse gore ga a letlelelwe go dirisa molelo, o ne a sianela ko motlaaganeng go o tsaya, mme ene le Danny ba simolodisa molelo o monnye. Bane ba solofela fa o tlaa tima ka bo one, mme one wa gola wa nna mogolo ebile ole kotsi. Ene le Danny ba tabogela go batla thuso, mme bagolo bane batla go o tima pele o fitlha ko ditlhareng.

Moporesidente Monson a tswelela, “Danny le Nna ra ithuta dithuto tse di thata mme dile botlhokwa tsatsing leo-ka botlhokwa jwa go obamela.” (Bona “Kobamelo e tlisa Masego,” Liahona, May 2013, 89-90.)

Jaaka moporesidente Monson, Aa o kile wa tshwanelwa ke go ithuta thuto ya go obamela ka tsela e e thata? Oka dira maitlamo afe go ka nna o babalesegile bakeng la go obamela mo isagong?

Gatisa