2016
Masego a go Obamela
Diphalane 2016


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Phalane 2016

Masego a go Obamela

“Thuto ee kgolo e reka e ithutang mo botshelong,” Moporesidente Thomas S. Monson a e rutileng, “ke gore fa Modimo a buwa, mme re obamele, re tlaa nna re bona tse di molemo.”1

Re tlaa nna re segofadiwa. Jaaka Moporesidente Monson a buile mo komferense ya kakaretso bosheng: “Fa re obamela ditaelo, matshelo a rona a tlaa tlala boitumelo, re kgotsofale, mme a tlhofofale. Mathata le dikgwetlo tsa rona di tokafale, mme re tlaa bona masego a [Modimo] aa solofeditseng. “2

Mo thutong ya ga Moporesidente Thomas S. Monson jaaka moeteledi pele wa kereke,o re gakolola gore go obamela ditaelo ke yone tselana ya boammaaruri go bona boitumelo le kagiso.

Ditaelo tsa Mosepele

“Ditaelo tsa Modimo ga di fiwe go ka ketefatsa kgotsa go kgoreletsa boitumelo jwa rona. Se se phapang ke nnete. Yo o re tlhodileng ebile a re rata o itse ka fa re tshwanetseng go tshela ka teng go bona boitumelo jo bo golo. O re file ditselana tse, fa re di sala morago, re tlaa babalesega mo loetong la botshelo. Re gakologelwa mafoko a sefelo se se tumileng: ‘Obamela ditaelo! Mo go se gona le pabalesego; mo go se gona le kagiso’ [bona “Obamela Ditaelo,” Difela, no. 303].”3

Thata le Kitso

Go obamela ke tshwaelo ya konokono ya baporofiti e tlisitse thata le kitso go bone go kgabaganya dingwaga. Go botlhokwatlhokwa gore re lemoge se gore, le rona, re na le tshwanelo ya motswedi wa thata e le kitso. E teng ka bofefo go mongwe le mongwe wa rona gompieno jaaka fare obamela ditaelo tsa Modimo. …

“Kitso eo re e senkang, dikarabo tseo re di nyoretsweng, le thata eo re e eletsang gompieno go itepatepanya le dikgwetlho tse di mafaratlhatlha tsa lefatshe le phetogo e ka nna ya rona fa re ikemisetsa go obamela ditaelo tsa Morena.”4

Itlhophele go Obamela

“Lentswe la nako eno ke le le letlelesegang. Dikwalo le telebishine di supa badiragatsi ba di baesekopo, bagaka ba tsamabelo-ba e leng gore banana ba eletsa go tshwana nabo-jaaka go sa obamela melao ya Modimo le go dira dibe, go lebega ese sepe. Lo seka lwa dumela seo! Go tlaa nna le nako ya tuelo-go lebiwe dibuka. Bo Cinderella botlhe ba nna le masigo-fa ese mo botshelong jo, e tlaa nna mo go jo bo latelang. Tsatsi la katlholo le tlaa tlela botlhe. … Kea lo kopa gore lo tlhophe go obamela.”5

Boipelo le Kagiso

“Fa gongwe go ka bonagala nako tse dingwe gore bao ba ba mo lefatsheng ba ja monate thata gona le wena. Bangwe ba lona ba ka nna ba ikutlwa ba kgorelediwa ke maitsholo a boitshwaro jo rona mo Kerekeng re bo salang morago. Bakaulengwe, Ke bega go lona, le fa go ntse jalo, gore ga gona sepe seo seka re tlisetsang boipelo jo bogolo mo matshelong a rona kgotsa kagiso e ntsi go mewa gona le Mowa oo ka tlang go rona jaaka fa re sala Mmoloki le go tshegetsa ditaelo.”6

Tsamayang ka tlhamalalo

“Ke le fa bopaki gore masego a rea tshepisitsweng o ka se a kale. Le fa maru a pula a ka kgobokana, le fa pula eka re nela, kitso ya rona ya efangeli le lorato la rona go Rara yo o ko legodimong le Mmoloki wa rona e tlaa re gomotsa le go re tshegetsa le go tlisa boipelo mo dipelong tsa rona fa re tsamaya ka tlhamalalo le go tshegetsa ditaelo. Gago kake ga nna le sepe mo lefatsheng le se se ka re fenyang.”7

Sala morago Mmoloki

“Ke mang yo monna wa mahutsana a tlwaetse khutsafalo? Ke mang Kgosi ya kgalalelo, Morena wa barena? Ke Morena wa rona. Ke Mmoloki wa rona. Ke Morwa Modimo. Ke Mosimolodi wa Poloko ya Rona. O gatelela, ‘Ntshale morago.’ O laela, ‘Tsamaya, mme o dire jalo.’ O kopa, ‘Obamelang ditaelo tsame.’

“Are mo saleng morago. Are kopiseng sekai sa Gagwe. Are obameleng lefoko a Gagwe. Fa re dira jalo, re mo neela mpho ya selegodimo ebong malebogo.”8

Dintlha

  1. “Ba re supegetsa tsela ye re tshanetseng go e sala morago,” Liahona, Oct. 2007, 5.

  2. “Tshegetsa Ditaelo,” Liahona, Nov. 2015, 83.

  3. “Tshegetsa Ditaelo,” 83.

  4. “Tshegetsa Ditaelo,” Liahona, Nov. 2013, 90, 92.

  5. “Dumela, Obamela, le go nna le Maitshoko,” Liahona, May 2012, 129.

  6. “Ema mo mafelong a a Boitshepo,” Liahona, Nov. 2011, 83.

  7. “Nna le Monyenyo,” Liahona, May 2009, 92.

  8. “Batla boipelo mo loetong,” Liahona, Nov. 2008, 88.

Dithuto gotswa Molaetseng o

Moporesidente Monson o re ruta ka masego a mantsi a reka a amogelang ka go obamela, go akaretsa thata, kitso, boipelo, le kagiso. Botsa bao o ba rutang gore ba segofaditswe jang bekeng la go tshegetsa ditaelo. Oka ba rotloetsa go tswelela ba ikgakolola masego mme ba kwale dikakanyo tsa bone le maitemogelo mo bukaneng tsa bone. Oka ba kgothatsa go supa malebo go Modimo gobo a ba segofaditse ka go tswelela ba obamela.

Gatisa