2016
Lelwapa le Tlhomilwe ke Modimo
Diphalane 2016


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Phalane 2016

Lelwapa le Tlhomilwe ke Modimo

Ka thapelo ithute tiriso e mme o senke go itse gore oka abelana eng. Go tlhaloganya “The Family: A Proclamation to the World” go ka godisa tumelo yame mo Modimong jang lego segofatsa bao o ba tlhokometseng ka thuto ya ketelo? Go bona molaetsa yo montsi, ya ko www.reliefsociety.lds.org.

Tumelo, Lelwapa, Thuso

“Mo mafokong a [sefela sa Primary], ‘Lelwapa ke la Modimo,… Re gakololwa ka thuto e e phepa,” go buwa Carole M. Stephens, Mogakolodi wa ntlha wa boporesidente jwa Relief Society. “Ga re ithute fela gore lelwapa ke la Modimo mme rotlhe re karolo ya lelwapa la Modimo. …

“… Thulaganyo ya ga Rara go bana bagagwe ke ya lorato. Ke thulaganyo ya go letlanya bana ba gagwe-lwapa la Gagwe-Le Ene.”1

Elder L. Tom Perry (1922-2015) wa Quorum of the Twelve Apostles o ne are: “Re dumela gore ditso tse di nonofileng tsa malwapa ga se tsone felakarolo ya sechaba, itsholelo e e itshetlatseng, le ngwao e e itshetletseng-mme kekarolo ya bogosi jwa Modimo.

“Re dumela gore goromente walegodimo e tlaaboeagatswe mo malwapeng le ba masika.”2

“Mongwe le mongwe, go sa kgathalesege gore seemo sa nyalo ya bone kgotsa palo ya bana ba bone, reka nna basireletsi ba thulaganyo ya Morena e e tlhalosiwang mo family proclamation,” go buwa Bonnie L. Oscarson, Young Women General President. “Fa ele lenaneo la Morena, le tshwanetse go nna lenaneo la rona!”3

Dikwalo tsa tumelo tse di tlaleletsang

Dithuto le Dikgolagano 2:1–3; 132:19

Dithuto ka Lekwapa

Julie B. Beck, Moporesidente wa pele wa Relief Society, o ne a ruta gore thuto ka lelwapa e remeletse mo go Bopiweng, go kgeloga, le Poloko ya ga Jeso Keresete:

“Go bopiwa ga lefatshe go re file lefelo la bonno. Modimo o bopile monna le mosadi ba e leng karolo ya lelwapa. Ene ele thulaganyo ya ga Rara gore Atamo le Efa ba nyadisiwe mme ba simolole lelwapa.

“… Go kgeloga go dirile gore ba kgone gonna le bana.

“Poloko ya ga [Keresete] e letleletse gore malwapa a nnea sennela ruri. Go letlelela gore malwapa a tswelele ka go gola le go pepafadiwa. Thulaganyo ya boitumelo, e e bidiwang thulaganyo ya poloko, ke thulaganyo e e remeletseng mo malwapeng. …

“… Se ke thuto ya ga Keresete. … Ntle le malwapa, gagona thulaganyo; ga gona lebaka la botshelo.”4

Dintlha

  1. Carole M. Stephens, “Lelwapakela Modimo,” Liahona, May 2015, 11, 13

  2. L. Tom Perry, “Go reng Nyolo le Lelwapa dile botlhokwa-gongwe le gongwe molefatsheng,” Liahona, May2015, 41.

  3. Bonnie L. Oscarson, “Basireletsi ba Family proclamation,” Liahona, May 2015, 15.

  4. Julie B. Beck, “Thuto ya malwapa,” Liahona, Mar 2011, 32, 34.

Akanyetsa Se

Ka go reng malwapa a le botlhokwa mo nakong eno le mo isagong?

Gatisa