Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Ngwanatsele 2016
Malebogo mo Letsatsing la Sabata
Go Baitshepi ba malatsi a Bofelo, Letsatsi la Sabata ke la malebogo le lorato.
Bakaulengwe bame ba ba rategang ba lo gasameng le lefatshe mo Kerekeng ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo, ke lebogela gore Moporesidente Thomas S. Monson a bo a nkopile gore ke bue mo khonferenseng ka letsatsi la Sabata. Ke rapela gore Moya o o Boitshepo o ise mafoko ame mo pelong tsa lona.
Gompieno ke eletsa go bua ka maikutlo a pelo. A ke tlaa itebaganyang le one ke malebogo—segolo jang ka Letsatsi la Sabata.
Re lebogela dilo tse di ntsi: tshiamo go tswa mo moeng re sa mo itse, dijo fa re tshwerwe ke tlala, marulelo godimo ga tlhogo tsa rona fa dipula di simologa, lerapo le le folang fa le robegile, le selelo sa ngwana yo o tshotsweng bosheng. Re le bantsi re tlaa gakologelwa maikutlo a malebogo ka sebaka seo.
Go Baitshepi ba malatsi la bofelo, Sabata ke sebaka seo, tota letsatsi, la malebogo le lorato. Morena o ne a ruta Baitshepi kwa Jackson County, Missouri, ka 1831 gore dithapelo le malebo a bone a lebaganngwe le legodimo. Baitshepi ba pele ba ne ba neetswe tshenolo ka go tshegetsa letsatsi la Sabata le go ka itima dijo le go rapela.1
Bone, le rona, bane ba bolelelwa ke Morena gore ba obamele jang le go fa malebo mo letsatsing la Sabata. Jaaka o ka bolela, se se botlhokwa go gaisa ke lorato le re le utlwang go yo o re neelang dimpho. Fano ke mafoko a Morena kafa go ka neelwang malebo le lorato ka teng le ka fa go ka ratwang mo Sabata:
“Ke ba neela taelo, ke re jaana: Lo rate Morena Modimo wa lona ka pelo tsa lona tsotlhe, ka maatla a lona otlhe, tlhaloganyo, le nonofo; mme mo leineng la ga Jeso Keresete lo tlaa mo direla. …
“O tla fa Morena Modimo wa gago ditebogo mo sengwe le sengwe.
“O tlaa fa setlhabelo go Morena Modimo wa gago mo tshiamong, le eleng sa pelo e e thubegileng le mowa o ngomogileng.”2
Mme jalo Morena o tswelela ka go tlhagisa ka kotsi fa re lebala go leboga Rara yo o kwa Legodimong le Jeso Keresete jaaka banei ba dimpho: “Ga go sepe se se kgopisang Modimo, kgotsa ga go ope yo o utlwang bogale jwa gagwe, kwantle ga ba ba sa boleleng seatla sa gagwe mo dilong tsotlhe, le go sa obamele ditaelo.”3
Bontsi jwa lona ba lo reeditseng lo bona boitumelo mo Sabateng jaaka letsatsi la go gakologelwa le go fa ditebogo go Modimo go di tshegofatso. Lo gakologelwa pina e e tumileng:
Fa o le mo sefefong se go isa kwa le kwa,
Fa o sa kgothatshega; o akanya gore tsotlhe di latlhegile,
Bala ditshegofatso tsa gago tse dintsi; o di bitse ka bongwe ka bongwe,
Mme o tlaa gakgamalela se Morena a se dirileng.
Bala ditshegofatso tsa gago;
Di bitse ka bongwe ka bongwe.
Bala ditshegofatso tsa gago;
Bona se Modimo a se dirileng. …
Aa o tshwenngwa ke morwalo o o tshwanetseng go o rwala?
Aa mokgoro o bokete o o bileditsweng go o sikara?
Bala ditshegofatso tse dintsi tsa gago; mme pelaelo tsotlhe di tlaa fofa,
Mme o tlaa opela fa malatsi a ntse a tsamaya.4
Ke amogela makwalo le go etelwa ke Baitshepi ba malatsi a bofelo ba ba tshwentsweng ke morwalo o ba tshwenetseng go o sikara. Bangwe ba gaufi le go ikutlwa jalo, mme go bone, tsotlhe di latlhegile. Ke solofela le go rapela gore se ke se buang ka go leboga mo Sabateng go tlaa thusa go dira gore dipelaelo di fofe le gore kopelo e simolole mo pelong tsa lona.
Nngwe ya ditshegofatso tseo re ka di lebogelang ke ya gore re mo bokopanong jwa skaramente ka gotlhe, re phuthegile le bontsi go feta bongwe kgotsa bobedi jwa barutwana jwa Gagwe mo leineng la Gagwe. Gona le bangwe kwa gae ba ba sa kgoneng go tsoga mo malaong a bone. Gona le ba ba batlang go bo bale fa re leng teng mme ba direla mo dipateleng le go fa thuso mo sechabeng kgotsa go re sireletsa ba beile matshelo a bone mo kotsing mo sekakeng kgotsa sekgwa. Go bo re kgona go phuthega le e leng mongwe wa Moitshepi le go ja sakaramente go ka re thusa go nna le maikutlo a malebogo le lorato go bosiami jwa Modimo.
Ka ntlha ya Moperofeti Joseph Smith le go tsosolosiwa ga efangele, nngwe ya ditshegofatso tse re ka di balang ke gore rena le sebaka sa go ja sakaramente beke le beke—e baakantswe, e segofaditswe, le go abiwa ke batlhanka ba Modimo. Re ka nna le malebogo fa Mowa o o Boitshepo o tlhomaisa go rona gore mafoko a thapelo ya sakaramente, e e fiwang ke baperesiti ba ba laoletsweng, ba tlotlomadiwa ke Rraetsho yo o kwa Legodimong.
Go ditshegofatso tsotlhe tse re ka di balang, mogogolo go feta ke maikutlo a boitshwarelo a a tlang jaaka re ja sakaramente. Re utlwa lorato le legolo le go lebogela Mmoloki, yo setlhabelo se sa feleng se dirileng go ntlafadiwa mo sebeng. Jaaka fa re e ja borotho le metsi, re gakologelwa gore O bogisegetse rona. Fa re ikutlwa re lebogela se a se re diretseng, re utlwa lorato la Gagwe go rona le la rona go Ene.
Ditshegofatso tsa lorato le re lo amogelang le tlaa dira gore go nne motlhofo mo go rona go tshegetsa ditaelo “go mo gakologelwa ka metlha.”5 O ka nna wa nna le maikutlo a lorato le malebogo, jaaka ke ntse, gonne Mowa o o Boitshepo, yo o Rraetsho yo o kwa Legodimong a o solofeditseng ka metlha o tlaa nna le rona jaaka re tswelela re nna boikanyego mo dikgolaganong tse re di dirileng. Re ka bala ditshegofatso tsotlhe tseo Sontaga mongwe le mongwe le go ikutlwea re leboga.
Sabata le gone ke nako e e siametseng go gakologelwa kgolagano e re e dirileng kwa metsing a kolobetso go rata le go direla bana ba Rraetsho yo o kwa Legodimong. Go diragatsa tsholofetso e mo Sabateng go akaretsa go tsaya karolo mo setlhopheng kgotsa khoramo ka maikaelelo a tletseng a pelo go aga tumelo le lorato gareng ga bakaulengwe ba o nnang le bone. Tsholofelo eo e akaretsa diragatsa pitso ya gago ka boitumelo.
Ke lebogela Sontaga tse dintsi tse Ke rutileng khoramo ya batiakone mo Bountiful, Utah, le Sekolo sa Sontaga mo Idaho. E bile le gone Ke gakologelwa nako e ke diretseng ke le mothusa mosadi wame mo nesari, fa tiro ya me e kgolo ene ele go ba fa tse di tshamekang le go diphutha.
Ene ele dingwaga pele Ke lemoga ka Mowa o o Boitshepo gore tirelo ya me go Morena e ne e le botlhokwa mo matshelo a bana ba ga Rraetsho yo o kwa Legodimong. Se se gakgamatsang, bangwe ba bone ba gakologelwa mme ba ntebogela gobo ke lekile go ba direla le Mong mo malatsi a o a Sabata.
Jaaka fa nako tse dingwe re sa kgone go bona maduo a ditirelo tsa rona tse re di neelang ka Sabata, re ka tswa re sa kgone go bona maduo a bangwe batlhanka ba Morena. Mme Morena o aga Bogosi jwa Gagwe ka tidimalo ka batlhanka ba ba molemo ba gagwe, ka bonnye, go fitlhela letsatsi la kgalalelo la isago ya meleniale. Go tsaya Mowa o o Boitshepo go bona kgolo.
Ke godile keya phuthegong ya sakaramente mo lekalaneng le le botlana ko New Jersey lena le maloko ba le mmalwa le lelwapa le le lengwe e bong lwa me. Dingwaga tse masome a masupa le botlhano tse di fetileng, ke ne ka kolobediwa ko Philadelphia mo kagong e e nosi e e neng e agilwe ya Kereke mo Pennsylvania kgotsa New Jersey. Mme kwa go nneng go na le lekalana mo Princeton, New Jersey, koo go na le wate jaanong tse di tona tse pedi. Mme matsatsinyana a a fitileng, dikete tsa banana ba diragatsa mo moletlong pele ga tshwaelo ya Tempele ya Philadelphia Pennsylvania.
Fa ke le mmotlana, kene ka bitswa ke le Moanamisa tumelo wa kgaolo ko re neng re obamela teng ka di Sontaga mo kagong e e neng e le yone fela mo Albuquerque, New Mexico. Gompieno go na le temple le dimapo tse nne.
Ke dule ko Albuquerque go ya sekolong ko Cambridge, Massachusetts. Go e go na le kago ele nngwe mo kgaolong e e neng e atologile go akaretsa Massachsetts le Rhode Island. Ke ne ke kgweetsa mo dithabeng tsa naga e e ntle go ya ko bo kopanong jwa sakaramente mo makalaneng a a ma botlana, bontsi ele mo kagong tse di hirisitsweng kgotsa mo malwapeng a tlhabolotsweng. Jaanong gona le tempele ya Modimo mo Belmont, Massachusetts, le dimapo tse di anameng le naga eo.
Se ke neng ke sa se bone sentle ene ele gore Morena one a goromeletsa Mowa wa Gagwe mo bathong mo bokopanong jwa Sakaramente. Ke ne ke utlwa, mme nne ke sa kgone go bona boleng le nako ya maikaelelo a Morena a go aga le go galaletsa bogosi jwa Gagwe. Moperofeti, ka tshenolo, o bone abo a kwala se le rona jaanong re ka se iponelang. Nifae o ne a re palo tsa rona ga di kake tsa nna tse di kgolo mme phitlhelelo ya lesedi e ka nna go bonwa:
Mme go ne ga diragala gore ke bone kereke ya Kwana ya Modimo, mme dipalo tsa yone di ne di se kae. …
“Mme go ne ga diragala gore Nna, Nifae, ke bone thata ya Kwana ya Modimo, gore e ne ya fologela mo godimo ga baitshepi ba kereke ya Kwana, le mo godimo ga batho ba kgolagano ba Morena, ba ba neng ba gasame mo sefatlhogong sotlhe sa lefatshe; mme ba ne ba ipapanne ka tshiamo le ka thata ya Modimo mo kgalalelong e kgolo.”6
Mo tebalebelo e, seperofeto sa tlhaloso se se tshwanang sa seemo sa rona le ditshono tse di tlang di kwadilwe mo Dithuto le Dikgolagano:
“Ga lo ise le tlhaloganye ka fa ditshegofatso tse dikgolo tseo Rraetsho a nang le tsone mo diatleng tsa gagwe le go le di bakanyetsa;
“Ga lo ka ke la tlhaloganya dilo tsotlhe jaanong; le fa go ntse jalo, nnang le boitumelo, go nne Ke tlaa go etelela pele. Bogosi ke jwa lona le ditshegofatso ka jalo ke tsa lona, le dikhumo tsa bosakhutleng ke tsa lona.
“Mme yo o tlaa amogelang dilo tsotlhe ka malebogo o tlaa galalediwa; mme dilo tsa lefatshe leno o tlaa di fiwa, makgolo a menagane, ee, mo go ntsi.”7
Ke utlwile gore go fetoga ga gogola ga malebogo a ditshegofatso le lorato la Modimo le le golang Kereke ka bophara. Go lebega go gola gareng ga maloko a Kereke mo dinakong le mafelo a go nang le diteko tsa tumelo, koo ba tshwanetseng go kopa Modimo go ba thusa go le e leng go tswelela pele.
Nako tse re tlaa fetang ka tsone di tlaa nna le diteko tse di thata, jaaka go diregile ka batho ba tshwana le Alema ka fa tlase ga ga Amulone yo o setlhogo, yo o beileng mekgweleo e e bokete go bone go e rwala:
“Mme go ne ga diragala gore lentswe la Morena le tle kwa go bone mo dipogisegong tsa bone, le re: Tsholetsang ditlhogo tsa lona mme lo nne le kgomotso e e molemo, gonne ke itse kgolagano e lo e dirileng go nna; mme ke tlaa golagana le batho ba me mme ke ba golole go tswa mo bokgobeng.
“Le gone ke tlaa tlhofofatsa mekgweleo e e pegwang mo magetleng a lona, gore le lona tota lo seka lwa e utlwa mo mekwatleng ya lona, le fa le le mo bokgobeng; mme se ke tlaa se dira gore lo tle lo eme lo le basupi ba me morago fa, le gore lo itse ka nnete gore nna, Morena Modimo, ke etela batho ba me mo dipogisegong tsa bone.
“Mme jaanong go ne ga diragala gore mekgweleo e e neng e pegilwe mo go Alema le bakaulengwe ba gagwe e dirwe motlhofo; ee, Morena o ne a ba nonotsha mo ba neng ba kgona go rwala mekgweleo ya bone ka motlhofo, mme ba ne ba ineela ka boitumelo le bopelotelele go thato yotlhe ya Morena.”8
Wena le nna re basupi ba gore fa re tshegetsa kgolagano le Modimo, segolo jang fa gole thata, O utlwile dithapelo tsa rona tsa malebogo a se a se re diretseng le go araba dithapelo tsa rona tsa kopo ya nonofo go itshoka ka boikanyego. Go fetisa gangwe O re dirile go nna le monyenyo le go nna maatla.
O ka tswa o ipotsa gore o ka dirang go tshela le go obamela mo letsatsing le la Sabata o go supa malebogo a gago le go ithatafatsa le ba bangwe ka gona le diteko kwa pele.
O ka simolola gompieno go rapela mo sephiring le go rapela le ba lelwapa go lebogela tsotlhe tse Modimo a go diretseng. O ka rapelela go itse se Morena a batlang o se dira go mo direla le ba bangwe. Bogolo jang, o ka rapela go nna le Mowa o o Boitshepo o go bolelele ka mongwe yo o bolawang ke bodutu kgotsa a tlhoka yo Morena a ka batla o mo etela.
Nka go solofetsa gore dithapelo tsa lona di tlaa arabiwa, le fa o diragatsa dikarabo tse o di amogelang, o tlaa bona boitumelo mo Sabata, mme pelo tsa lona di tlaa tlala malebogo.
Ke fa bopaki gore Modimo Rraetsho o a re itse le go re rata. Mmoloki, Morena Jeso Keresete, o letlantse dibe tsa rona ka lebaka la lorato go wena. Bone, Rraetsho le Morwa, ba itse leina la gago jaaka Ba itse leina la Moperofeti Joseph Smith fa Ba mo itshupetsa. Ke fa bopaki gore se ke Kereke ya ga Jeso Keresete le gore O tlaa tlotlomatsa kgolagano e o e dirileng le go e ntshafatsa le Modimo. Tlholego ya gago e tlaa fetoga go tshwana le ya Mmoloki. O tlaa thatafadiwa kgatlhanong le thaelo le maikutlo a go tloka tumelo ka se e leng boammaaruri. O tlaa bona boitumelo mo Sabateng. Ke a lo solofetsa mo leineng la Morena Jeso Keresete, amene.
2016 bona Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe mo USA. Tetla ya Sekgoa: 6/16. Tetla ya Thanolo: 6/16. Thanolo ya First Presidency Message, November 2016. Tswana. 12871 763