2016
Tsela e e Itekanetseng ya Boitumelo
Ngwanatsele 2016


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Ngwanatsele 2016

Tsela e e Itekanetseng ya Boitumelo

Ke fa bopaki ka mpho e kgolo e e leng thulaganyo ya ga Rraetsho go rona. Ke tsela e e nosi e e itekanyetseng ya kagiso le boitumelo.

Bakaulengwe, lotlhe ba lo mo Conference Center le ba ba anameng le lefatshe, ke motlotlo ka tshono ya go abelana megopolo ya me le lona mo mosong ono.

Ngwaga tse masome a matlhano le bobedi tse di fetileng, ka Phukwi 1964, Ke ne kena le thomo kwa Toropong ya New York ka nako ya Ditshupo tsa Lefatshe tshwerwe koo. Moso mongwe ka etela Mormon Pavilion gone ko ditshupong. Ka goroga pela ga baesekopo ya Kereke e supiwa Go Batla Boitumelo ga Motho, go supiwa ga thulaganyo ya poloko seo e sa le e nna seelo sa Kereke. Kene ka nna go bapa le lekawana la dingwaga tse di ka nnang 35. Re ne ra bua ka bokhutshwane. Ene e se leloko la Kereke. Dipone tsa fokotsa lesedi, mme tshupo ya simolola.

Ra reetsa lentswe la yo o bolelang polelo a botsa potso: Ke tswa ko kae? Ke eng Ke le fa? Ke ya ko kae morago ga botshelo jo? Tsebe tsotlhe di reeditse go utlwa karabo, le matlho otlhe a lebile setshwantsho se se supiwang. Tlhaloso ka botshelo jwa pele re tla mo lefatsheng ya neelwa, le tlhaloso ya maikaelelo a rona mo lefatsheng. Ra bontshiwa tshupetso e e amang ya monnamogolo a tlogela lefatshe le le ka kwano mme a kopana gape le lwapa la gagwe ba ba tlhokafetseng pele.

Kwa bofelong jwa tshupetso e ntle e ya thulaganyo ya ga Rraetsho yo o kwa Legodimong, batho ba tswa ka tidimalo, ba le bantsi ba amilwe ke molaetsa wa baesekopo eo. Lekawana le le neng le ntse go bapa le nna la seka la emelela. Ka mmotsa fa a itumeletse tshupetso eo. A Fetola ka gore: “Se ke boammaaruri!”

Thulaganyo ya boitumelo ya ga Rraetsho e anamisiwa ke baanamisa efangele go ralala lefatshe. Ga se botlhe ba ba utlwang molaetsa o ba ba o salang morago. Le fa go ntse jalo, banna le basadi gongwe le gongwe, jaaka mmotlana wa tsala ya me ko New York ka Ditshupo tsa Lefatshe, ba lemoga boammaaruri, mme ba baya dikgato tsa bone mo tseleng e e ba isang gae ka tshireletso. Matshelo a bone ka metlha a fetoga.

O botlhokwa mo thulaganyong ke Mmoloki, Jeso Keresete. Kwantle ga tetlanyo ya setlhabelo sa Gagwe, tsotlhe di ka latlhega. Ga go a lekana, le fa gontse jalo, fela go dumela mo go Ene le thomo ya Gagwe. Re tlhoka go bereka le go ithuta, go batla le go rapela, go ikwatlhaya le go iteka. Re tlhoka go itse melao ya Modimo le go e tshela. Re tlhoka go amogela ditlhomo tsa Gagwe tse di bolokang Fela ka go dira seo re tlaa amogela boammaaruri, boitumelo jo bo sa khutlheng.

Re segofaditswe go nna le boammaaruri. Re na le tiro ya go abelana boammaaruri. A retsheleng boammaaruri, jo re ka bo fitlhelelang botlhe jo Rraetsho a re bo beetseng. Ga a dire sepe fa e se sa poelo ya rona; O re boleletse, “Se ke tiro ya me le kgalalelo ya me—go tlisa go diragatsa bosasweng le botshelo jo bosakhutleng jwa motho.”1

Go tswa mo boteng jwa pelo ya me le ka boikokobetso, Ke fa bopaki ka mpho e kgolo e e leng thulaganyo ya ga Rraetsho go rona. Ke tsela e e nosi e e siameng ya kagiso le boitumelo gotlhe fano le mo lefatsheng le le tlang.

Bakaulengwe, Ke le tlogelela lorato lwa me le tshegofatso jaaka ke tswala, mme ke dira jalo ka leina la Mmoloki le Morekolodi, e bong Jeso Keresete, amene.

Gatisa