2017
Gonyenya Go Ka Dira Pharologanyo
Ferikgong 2017


Banana

Gonyenya Go Ka Dira Pharologanyo

Moporesidente Uchtdorf o kaya maikaelelo a mabedi a re tshwanetseng go nna le one mo ditirong tsa rona: rata Modimo le go rata mong ka wena. Mme nako tse dingwe ga go motlhofo go rata ba bangwe. Go sale mo botshelong jwa gago, go ka nna le dinako fa o bona go le thata go itsalanya le ba bangwe—ka gongwe mongwe a go utlwisitse botlhoko kgotsa o nnile le nako e thata go buisana kgotsa go itsalanya le mongwe. Mo dinakong tseo, leka go gakologelwa lorato le o le utlwileng go tswa ditsaleng, ba lelwapa, Rara wa Legodimo, le Jeso Keresete. Gakologelwa boitumelo jo o bo utlwileng mo diemong tseo mme o leke go akanya fa mongwe le monngwe a nnile le sebaka sa go utlwa lorato loo. Gakologelwa gore mongwe le mongwe ke morwadie le morwa Modimo e bile o tshwanelwa ke lotlhe la Gagwe le lorato la gago.

Akanya ka motho mongwe mo botshelong jwa gago yo o nnileng le bothata go itsalanya le ene. Ba akaretse mo dithapelong tsa gago mme o kope Rara wa Legodimo go bula pelo ya gago go bone. Go sa fedise pelo o tlaa simolola go ba bona ka fa a ba bonang ka teng: jaaka mongwe wa bana ba ba tshwanelwang ke lorato.

Morago ga go rapela, ba direle sengwe se se monate! Gongwe ba laletse go ya tirelong ya Mutual kgotsa go tswa le ditsala. Intshe go thusa ka tiro e e neetsweng ya kwa lapeng. Le fa e le gore “dumela” le go nyenya go bone. Dilo tse dinyenyane di ka dira pharologanyo … Mo matshelong otlhe a lona!

Gatisa