2017
Kwaya mo Bogareng
Ferikgong 2017


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Hirikgong 2017

Kwaya mo Bogareng

Bosheng, Ke ne ke lebeletse setlhopha sa batho ba ikatisa bodiragatsi jwa go konopa motshwi. Ka go lebelela fela, gone ga ntlela gore fa tota o batla go itse bora le motshwi, go tsaya nako le go ikatisa.

Ga ke akanye gore o ka tlhabolola puego sentle go nna mokonopa motshwi yoo dirafetseng ka go fula lebotana le le senang sepe le go tshwantsha mo go ikaeletsweng go dikologa metshwi. O tshwanetse go ithuta bodiragatsi jwa go senka mo go ikaeletsweng le go konopa mo bogareng jwa go konopela motshwi.

Gopenta mo go Ikaeletsweng

Go fula lantlha le go tshwantsha mo go ikaeletsweng morago ga foo go ka lebega go gakgamatsa mo go nyenyane, mme nako tse dingwe le rona re bona boitsholo joo mo dingwe tsa ditiragalo tsa botshelo.

Jaaka maloko a Kereke, re na le mokgwa wa go itshwaraganya le mananeo a efangele, matso, le e leng dithuto tse eketeng re a di kgatlhegela, botlhokwa, kgotsa di re jesa monate. Re raelesega go tshwantsha mo go ikaeletsweng go di dikologa, go re dira go dumela re kwaile mo bogareng jwa efangele.

Se se motlhofo go se dira.

Go sale go tswa tsose re amogetse kgakololo ya tlotlomalo le tlhotlheletso go tswa baperofeti ba Modimo. Le gone re amogetse kaelo le tharabololo go tswa go baanamisi ba ba farologanyeng, buka tsa kaedi, le buka tsa Kereke. Ka motlhofo re ka itlhophela setlhogo se re se ratang sa efangele, le go tshwantsha bogare jwa go konopela motshwi go e dikologa, le go dira kgang gore le bone bogare jwa efangele.

Mmoloki o a itshekisa

Se ga se bothata jo bo tlwaelesegileng mo matsatsing a rona. Bogologolo, baeteledipele ba bodumedi ba ne ba tsaya nako e e rileng ba arologanya, maemo, le kganetsanyo eo ya ditaelo tse di lekgolo tse di botlhokwa.

Tsatsi lengwe setlhopha sa baithuti ba bodumedi ba leka go tshwantsha Mmoloki mo kganetsanyong. Ba mo kopa go tshwaela mo kganyeng eo ba sekae ba dumalanang.

“Moruti,” ba mmotsa, “taelo e kgolo mo molaong ke efe?”

Rotlhe re a itse ka fa Jeso a arabileng: “ O rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago.

“E ke ya ntlha le e kgolo taelo

“Mme ya bobedi e tshwana le yone, O rate wa gaeno jaaka o ithata.

“Mo ditaelo tse pedi tse go tshegeletswe molao otlhe le baperofeti.”1

Tswee tswee ela tlhoko tselana ya bofelo: “Mo ditaelo tse pedi tse go tshegeletswe otlhe molao le baperofeti.”

Mmoloki ga re bontsha fela mo go ikaeletsweng, mme le gone o re supegeditse bogareng jwa go konopela motshwi.

Go konopela mo go Ikaeletsweng

Jaaka maloko a Kereke, re dirile kgolagano go tsaya mo go rona leina la ga Jeso Keresete. Go tlhaloganya mo ga kgolagano ke go tlhaloganya gore re tlaa tswelela go ithuta ka Modimo, go mo rata, go oketsa tumelo ya rona mo go Ene, go mo tlotla, go tsamaya mo tseleng ya Gagwe, le go ema ka tlhomamo jaaka basupi ba Ene.

Gantsi fa re ithuta ka Modimo le go utlwa lorato la Gagwe go rona, gantsi re lemoga gore setlhabelo se se senang selekanyo sa ga Jeso Keresete ke mpho ya selegodimo ya Modimo. E bile lorato la Modimo le re rotloetsa go dirisa tsela ya boikwatlhao jwa boammaaruri, jo bo isang go boitshwarelo jo bo gakgamatsang. Thulaganyo e e re kgonisa go nna le lorato le legolo le bopelotlhomogi go bao ba re dikologileng. Re tlaa ithuta go bona go feta matshwao. Re tlaa gana teko ya go baya molato kgotsa go atlhola ba bangwe ka dibe tsa bone, ditlhaelo, diphosego, go ikaega ga sepolotiki, katlholo ya bodumedi, botshaba, kgotsa mmala wa letlalo.

Re tlaa bona mongwe le mongwe yo re kopanang le ene jaaka ngwana wa Rara wa rona wa Legodimo—mokaulengwe kgotsa kgaitsadi wa rona.

Re tlaa otlologela go ba bangwe ka go tlhaloganya le lorato—le e leng bao ba ba seng motlhofo go ba rata. Re tlaa hutsafala le bao ba hutsafetseng le go gomotsa bao ba tlhokang kgomotso. 2

Mme re tlaa lemoga gore ga go tlhokege go tlalelana ka ga e e siameng efangelee e e ikaeletsweng.

Ditaelo tse pedi tse dikgolo ke tse di ikaeletsweng. Mo go tse pedi ditaelo go tshegeletswe molao otlhe le baperofeti.3 Jaaka re amogela se, tsotlhe tse dingwe dilo tse di molemo di tlaa wela mo mannong.

Fa ntlha ya tlhomamo,dikakanyo, le matsapa a itebagantse le go oketsa lorato la rona go Modimo Mothatayotlhe le go atolosetsa dipelo tsa rona go ba bangwe, re ka itse gore re bone mo go siameng go ikaeletswe le go kwaya kwa konopelo motshwi—ya go nna barutwana ba boammaaruri ba ga Jeso Keresete.

Go ruta go tswa Molaetseng o

Pele fa o abelana molaetsa o,o ka opela “Our Savior’s Love” (Hymns, no.113). Ka jalo akanya ka go kgothaletsa bao o ba etelang go tlhatlhanya mo go “ikaeletsweng” mo matshelong a bone. O ka buisana ka ditsela tsa go netefatsa gore ditaelo tse pedi tse dikgolo—go “rata Morena Modimo wa gago” le go “rata wa gaeno jaaka o ithata” (bona Matthew 22:37, 39)—ka metlha dikaela tiro tsa bone. O ka abelana le gone go kaya ditsela tse mo go tsone o itebagantseng le tsone mo botshelong jwa gago mo go Keresete le go abelana bopaki ka fa go go segofaditseng.

Gatisa