2017
Ke setse ke ikaeletse
March 2017


Banana

Ke setse ke ikaeletse

Mokwadi o tshela kwa Utah, USA.

Ke kile ka amogela thuto ee tlhwatlhwa mo ntlwaneng ya thutelo ya Basadi ba Babotlana ka boitsheko mo go tsa tlhakanelo dikobo—setlhogo se se dirileng bontsi jwa banana go tsenwa ke letshogo mo ditilong tsa bone. Ga ke gakologelwe tsotlhe tse ke di ithutileng mo tsatsing leo, mme ke gakologelwa moeteledipele a bua ngwe ya sekgele sa setho sa gagwe—go sala ka metlha yotlhe a itshekile mo go tsa tlhakanelo dikobo. Mafoko a gagwe a nnile le nna , mme ke gone ka dira katlholo ya kutlo go e ikabela jaaka ngwe ya ditlhwatlhwa tsa setho same.

Tsatsi lengwe jaaka ke ne ke pagame go ya gae mo beseng go tswa moletlong wa motshameko, mongwe mo beseng a simolola motshameko wa boammaaruri kana go gwetlha. Ka budutu, bangwe ba bana le nna ra gokagana mo teng. Fa go tla sebaka same, ke ne ke gwetlhilwe go dira sengwe se ke neng ke itse gore ga se a siama. Se ene e kabo e nnile katlholo e e thata ya me go e dira, mme mafoko a Moeteledipele wa Basadi ba babotlana a tlile tlhaloganyong yame, mme ikgethelo yabo ele motlhofo. Ka bofefo ka gana. Ke sale ke dira godimo tlhaloganyong yame gore ke tlaa dirang mo seemong seo.

Ke a itse gore fa re ya kerekeng le go dira ntlwana ya dilo tse re di rutiwang teng, re ka segofadiwa ka thata e kgolo ya semowa le tshireletso go dithaelo tsa lefatshe.

Gatisa