2017
Gokganagisa Maatla a ga Jeso Keresete le Tefo ya Gagwe
March 2017


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Mopitlo 2017

Gokganagisa Maatla a ga Jeso Keresete le Tefo ya Gagwe

Ka thapelo ithute tiriso e mme o senke tlhotlheletso go itse se o ka se abelanang. Jang ka gotlhaloganya bomosola jwa Mokgatlho wa Thuso go ka baakanya bomorwadia Modimo ditshegofatso tsa botshelo jwa bosa khutlheng?

Setshwantsho
Relief Society seal

Tumelo, Lelwapa, Thuso

“Nkaa dira dilo tshotlhe ka ene Keresete yo o nnonotshang” (Bafilipi 4:13). “Lefa rotlhe rena le makoa, re kgona go a sita,” Go bua Moporesidente Dieter F. Uchtdorf, Mogakolodi wa Bobedi wa Boporesidenteng jwa Ntlha. “Ka nnete ke ka matlhogonolo a Modimo gore, fa re ikokobetsa le go nna le tumelo, dilo tse di bokowa di ka nna thata.”1

Mmoloki wa rona are mo Doctrine and Covenants,”ke tlaa tsamaya fa pele ga sefatlhego sa gago. Ke tlaa bo ke le mo mojeng le mo molemeng wa lona, le Mowa wame o tlaa bo o le mo dipelong tsa lona, gape baengele bame ba tlaa lo dikaganyetsa, go le tshegetsa” (D&C 84:88).

Nifae ke sekao sa mongwe o o itsileng, tlhalogantseng le go ikaega mo godimo ga maatla a Mmoloki, “go bua Elder David A. Bednar wa Khoramo ya Baapostolo ba Lesome le Bobedi. Bomorwa Nifae ba mmofile ka megala le go loga maano go mo senya. Tsweetswee ele tlhoka thapelo ya ga Nifae: ‘O Morena, go ya ka fa tumelong ya me e e mo go wena, a o tla nkgolola go tswa diatleng tsa bakaulengwe ba me; ee, le go mpha nonofo gore ke kgakgamolole dikgole tse ka tsone ke bofilweng’ (1 Nephi 7:17; kgatelelo e e tlalaletsang).

“… Nifae ga a rapelela go nna le phetolo ya ditirafalo tsa gagwe. Bogolo, o rapeletse maatla go fetola ditirafalo tsa gagwe. Mme ke dumela a rapetse mo mokgweng o ka ntata ya gore o ne a itsile, a tlhalogantse, le go tlwaetse kgonagiso ya maatla a Tefo.

“Ga ke dumele fa dikgole tse di neng di bofile Nifae ka maselamose di wele go tswa mo matsogong a gagwe le mo magojwaneng. Bogolo, ke belaela a ne a segofaditswe ka tsoo pedi botatalala le nonofo ya setho go feta mokgwa wa gagwe wa tlholego wa nonofo, gore a tle a ; mo nonofong ya Morena’ (Mosiah 9:17) berekile le go sokeletsa le go kwatlalala mo megaleng, mme a felela a kgonagisiwa go kgaola dikgole.”2

Dikwalo tse di Boitshepo tsa tlalaletso le Polelo

Isaah 41:10; Ether 12:27; reliefsociety.lds.org

Dintlha

  1. Dieter F. Uchtdorf, “Mpho ya Letlhogonolo,” Liahona, Motsheganong 2015, 108.

  2. David A. Bednar, “Maatla Go Feta A Rona,” New Era, Mar. 2015, 4.

Gatisa