2017
Go Direla ba Bangwe mo Tumelong
April 2017


Banana

Go Direla ba Bangwe mo Tumelong

Moporesidente Uchtdorf o re bolelela gore tumelo ya rona mo Modimonge tshwanetsego “patwa ke tiro.” Fa tumelo ya rona e “golagangwa le tiro e e tlhomameng,” o a tlhalosa, e “tlatsa … mowa ka kagiso le lorato.” Ka tsholofelo ya tshegofatso e, re ka dira pharologanyo, mme re ka bona se mo matshelong a rona, fa re tsaya nako go direla tiro tsa tumelo. O ka rapela moso mongwe le mongwe go kopa Morena thuso mo go direleng ba bagwe. Ka sekai, mo kope go go bontsha fa motsalwanao a tlhoka thuso ka tiro ya molapeng kgotsa fa tsala a tlhoka pako. Jalo, fa o amogela tlhotlheletso, e diragatse! Fa o dira se thapelo ya gago le tirelo ya tlwaelo, le boikanyego, tiro ya tlhomamo e tlaa segofatsa botshelo jwa gago le matshelo a bangwe. Moporesidente Uchtdorf o solofeditse gore e “ka fetola batho, malwapa, ditshaba, le lefatshe.”

Gatisa