2017
Basiami ba Tlaa Tshela ka Tumelo
April 2017


Molaetsa wa Boporesidente Jwa Ntlha, Moranang 2017

Basiami ba Tlaa Tshela ka Tumelo

Rabi le Modiri wa Sesepa

Go na le polelo e kgologolo ya se Juta ka ga modiri wa sesepa yoo a neng a sa dumele mo Modimong. Letsatsi lengwe jaaka a ne a tsamaya le rabi, o ne a re, “Go na le sengwe se Ke sa se tlhaloganyeng. Re nnile le bodumedi dikete tsa dingwaga. Mme gogwe le gogwe kwa o lebang go na le bosula, tshenyo, bo senang boikanyego, tshiamololo, botlhoko, tlala, le thubakanyo. Go bonala gore bodumedi ga bo a tokafatsa lefatshe gotlhelele. Jalo Ke a go botsa, e molemo go le kae?”

Rabi a seka a araba ka sebakanyana mme a tswelela a tsamaya le modiri wa sesepa. Kgabagare ba atumea lebala la metshameko koo bana, baapesitswe ke lerole, ba ne ba tshamekela mo mmung.

Go na le sengwe se Ke sa se tlhaloanyeng,” rabi a bua. “Lebelela bana ba le. Re nnile le sesepa dingwatsa tse disekete, mme jalo bana bale ba leswe. Molemo wa sesepa ke eng?”

Modiri wa sesepa a fetola, “Mme Rabi, ga go a siama go bona sesepa molato ka ntlha ya leswe la bana. Sesepa se tshwanetse go dirisiwa pele fa se ka diragatsa boikaelelo jwa sone.”

Rabi a nyenya mme a re, “Ka Nnete.”

Re ka Tshela Jang?

Moaposetole Paulo, a nankola moperofeti wa Kgolagano e Kgologolo, soboka seo gore se raya eng go nna modumedi fa a kwala, “Basiami ba tlaa tshela ka tumelo” (Baroma 1:17).

Gongwe mo polelong e re thaloganya pharologanyo magareng ga bodumedi jo bo bokowa le jo bo sa direng le nngwe ya joo bo nang le thata go fetola matshelo.

Mme go tlhaloganya gore go rayang go tshela ka tumelo, re tshwanetse re tlhaloganye gore tumelo ke eng.

Tumelo e feta go dumela. Ke go ikanya mo go feletseng mo Modimong go patilwe ke ditiro.

Go feta go eletsa.

Go feta go nna o ntse kwa morago, go dumalana ka tlhogo, gore re a dumalana. Fa re re “basiami ba tlaa tshela ka tumelo,” re raya gore re kaelwa le go etelelwa ke tumelo ya rona. Re dira mo mokgweng yoo tlhomameng le tumelo ya rona—e seng kwantle ga go tlhoka tlhaloganyo ya go obamela mme kwantle ga boikanyegi le tlhwaafalo ya lorato la Modimo wa rona le tlhalefo e e senang thwatlhwa e a e senoletseng go bana ba Gagwe.

Tumelo e tshwanetse go patiwa ke tiro; e seng jalo ga e na botshelo (bona Jakobe 2:17) Ga se tumelo gotlhelele. Ga e na thata go fetola mongwe a le mongwe, le e seng le lone lefatshe.

Banna le Basadi ba tumelo ba ikanya mo Rraetsho wa Legodimo yo o kutlwelobotlhoko—le e leng dinako tsa pelaelo, le leng dinako tsa go nyatsa le pitlagano fa ba sa bone sentle le go tlhaloganya mo go lolameng.

Banna le basadi ba tumelo ka tlhwaafalo ba tsamaya tsela ya borutwana le go leka tota go sala morago sekai sa Mmoloki wa bone o o rategang, Jeso Keresete. Tumelo e a kgothatsa le, ka nnete, rotloetsa go tlisa dipelo tsa rona go legodimo le go otlologela ka botlhaga, kuka, le go segofatsa mong ka wena.

Bodumedi ga bo sena tiro bo tshwana le jaaka sesepa se se nnang mo lebokosong. Gongwe se ka nna le bokgoni jo bo gakgamatsang, mme ka nnete bo na le thata e nnye go dira pharologanyo go fitlha bo diragatsa boikaelelo jo bo lebaganeng. Tsosoloso ya efangele ya ga Jeso Keresete ke efangele ya tiro. Kereke ya ga Jeso Keresete e ruta bodumedi jwa boammaaruri jaaka molaetsa wa tsholofelo, tumelo, le lorato, go akaretsa le go thusa ba bangwe mo semoweng le mo ditseleng tsa lobaka lono fela.

Dikgwedi dingwe tse di fitileng, Mosadi wa me, Harriet, le Nna re ne re le mo loetong la lelwapa le bangwe ba bana ba rona mo kgaolong ya Meditereniene. Re ne ra etela dingwe tsa dikampa tsa bafaladi le go kopana le malwapa gotswa mafatsheng a kgaogantsweng ke ntwa. Batho ba e ne e se ba tumelo ya rona, mme ene e le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona e bile ba tlhoka thuso ya potlako. Dipelo tsa rona di ne tsa amega mo go boteng fa re itemogela lantlha ka fa tumelo e matlhagatlhaga ya maloko a rona a Kereke a tlisitseng thuso, kgololo, le tsholofelo mo beng ka rona ba ba mo letlhokong, mo sa kayeng bodumedi jwa bone, bosetshaba, kgotsa thutego.

Tumelo e e golagantsweng le go tlhomama mo tirong e tlatsa pelo ka bopelonomi, tlhaloganyo ka botlhale le go tlhaloganya, le mowa ka kagiso le lorato.

Tumelo ya rona e ka segofatsa le go rotloetsa ka tshiamo bao botlhe ba ba re dikologileng le rona.

Tumelo ya rona e ka tlatsa lefatshe ka bomolemo le kagiso.

Tumelo ya rona e ka fetolela letlhoo mo loratong le baba go nna ditsala.

Basiami, jalo, ba tshela ka go dira mo tumelong, ba tshela ka go ikanya Modimo le go tsamaya mo tseleng ya Gagwe.

Mme se ke mokgwa wa tumelo e e ka fetolang batho, malwapa, ditshaba le lefatshe.

Gatisa