2017
Maitlamo le Kgolagano ya Boperesiti
April 2017


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Moranang 2017

Maitlamo le Kgolagano ya Boperesiti

Ka thapelo ithute tiriso e mme o senke tlhotlheletso go itse se o ka se abelanang. Ke ka ga jang ka fa go tlhaloganya boikaelelo jwa Mokgatlho wa Thuso go ka baakanyetsa bomorwadie Modimo masego a botshelo jo bo sa khutleng?

Setshwantsho
Relief Society seal

Tumelo Lelwapa Thuso

Ka gontsi rona jaaka bokgaitsadi fa re tlhaloganya gore maitlamo le kgolagano ya boperesiti e re ama ka bo rona, ka gantsi re tlaa tlamparela masego le ditsholofetso tsa boperesiti.

Mogolwane M. Russell Ballard wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi a re, “Botlhe ba ba dirileng dikgolagano le Morena le bao ba tlotlomatsang dikgolagano tseo ba kgona go amogela tshenolo ya mong, go segofadiwa ka go direlwa ke baengele, go buisa le Modimo, go amogela efangele ka botlalo, le, kwa pheletsong, go nna ba rua boswa le Jeso Keresete go tsotlhe tse Rraetsho a nang le tsone.”1

Masego le ditsholofetso tsa maitlamo le kgolagano ya boperesiti mabapi le botlhe banna le basadi. Kgaitsadi Sheri L. Dew, mogakolodi wa pele mo Boporesidenteng jwa Kakaretso jwa Mokgatlho wa Thuso, a re, “Boperesiti ka botlalo bo bo leng kwa godimo mo ditlhomong tsa ntlong ya Morena bo ka amogelwa fela ke monna le mosadi mmogo.”2

Kgaitsadi Linda K. Burton, Moporesidente wa Kakaretso wa Mokgatlho wa Thuso, o neetse pitso e, “Ke lo laletsa go gopolela maitlamo le kgolagano ya boperesiti, e e ka bonwang mo Dithuto le Dikgolagano 84:33–44. Ka go dira se, Ke go solofetsa gore Mowa o o tlaa katolosa go tlhaloganya ga gago boperesiti le go rotloetsa le go go tsholetsa mo ditseleng tse di gakgamatsang.”3

Ditao tsa ga Joseph Smith go Mokgatlho wa Thuso di ne di ikaeletse go baakanya basadi go “tla mo go nneng le monyetla le masego le dimpho tsa boperesiti.” Se se ka diragadiwa ka ditlhomo tsa tempele.

“Ditlhomo tsa Tempele [ke] ditlhomo tsa boperesiti, mme ga [di] neye ofisi ya bodiredi mo go borre kgotsa bomme. [Ditlhomo tse di diragatsa] tsholofetso ya Morena gore batho ba gagwe—basadi le bana—ba tlaa humisiwa semowa ka thata go tswa kwa godimo’ [D&C 38:32].”4

Dikwalo tse di Boitshepo tsa tlalaletso le Polelo

Dithuto le Dikgolagano 84:19–40; 121:45–46; reliefsociety.lds.org

Dintlha

  1. M. Russell Ballard, “Banna le Basadi le Thata ya Boperesiti,” Liahona, Lwet 2014, 36.

  2. Sheri L. Dew, in Daughters in My Kingdom: The History and Work of Relief Society (2011), 128.

  3. Linda K. Burton, “Priesthood Power—Available to All,” Ensign, June 2014, 39–40.

  4. Gospel Topics, “Joseph Smith’s Teachings about Priesthood, Temple, and Women,” topics.lds.org.

Gatisa