2017
Boikanyego
April 2017


Bana

Boikanyego

Leka tiro e le tsala. O tshwanetse go ikanya le go sala morago dikaelo tsa bone ka kelotlhoko.

Tsaya pampiri o bo o tshwantsha kgolokwe mo go yone e e emetseng sefatlhogo. Ka pene kgotsa penesele mo seatleng sa gago, tswala matlho a gago. A tsala ya gago e go bolele kwa o ka tshwantshang matlho gone, nko, molomo, le moriri mo sefatlhogong se. Ka jalo o bo o lebelela. Go diragetse jang? O ka taka mo sefatlhogong le go tshwantsha se sengwe go tshameka gape!

Nako tse dingwe go thata go sala dikaelo morago. Mme fa re leka go sala morago Rraetsho wa Legodimo ka go reetsa Mowa o o Boitshepo, O ka re thusa. Re ka mo ikanya ka metlha yotlhe.

Gatisa