2017
Lorato lo lo Itekanetseng le Kobela Kwantle Poifo
May 2017


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Motsheganong 2017

Lorato lo lo Itekanetseng le Kobela Kwantle Poifo

A re beye kwa thoko dipoifo tsa rona mme re tshele bogolo ka boitumelo, boikokobetso, tsholofelo, le ka pelokgale ya boikanyo jwa gore Morena o na le rona.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba ba rategang, ditsala tse di rategang, ke tshono le boitumelo go nna jaaka re kopana re le Kereke lefatshe ka bophara re lomagana mo tumelong ya rona le lorato go Modimo le bana ba Gagwe.

Ke itumela bogolo ka go nna teng ga moperofeti wa rona o o rategang, Thomas S. Monson. Moporesidente, ka metlha re tseela go pelo mafoko a gago a kaelo, kgakololo, le botlhale. Re a go rata, Moporesidente Monson, e bile re go rapelela ka metlha.

Dingwaga tse di fitileng, fa Ke dira jaaka moporesidente wa lomapo mo Frankfurt, Germany, kgaitsadi yo o rategang yo mme a sa itumelang a nkatamela kwa bokhutlong jwa nngwe ya diphuthego tsa lomapo.

“A go a boitshega?” a re. “Go ka tswa gone go na le batho ba bane kgotsa batlhano ba ba neng ba robetsa fa o ne o bua!”

Ke ne ka akanya ka nakwana mme ka araba, “Ke akanya gore ruri go robala mo kerekeng ke sengwe sa boitekanelo jwa gotlhe go robala.”

Mosadi wa me o o gakgamatsang, Harriet, a utlwa puisanyo e e sa tlhwaafalang e mme kgabagare a bolela gore e ne e le nngwe ya dikarabo tse dintle tse nkileng ka di neela.

Go Kubusa mo Gogolo

Dinwaga di se mmalwa tse di lekgolo tse di fitileng mo Bokone jwa Amerika, mokgatlho o o bidiwang Go Kubusa mo Gogolo wa gasama go yeng letlhakore la lefatshe. Nngwe ya maikaelelo a o ne a magolo e ne e le go kubusa batho ba ba lebegang ba ne ba robetse go yeng ka dilo tsa semowa.

Joseph Smith yo o mmotlana o ne a rotloediwa ke dilo tse a di utlwileng go tswa go bareri ba ba neng e le karolo ya go kubusa go gwa bodumedi. Ke nngwe ya mabaka a dirileng gore a swetse ka go batla ka tlhwaafalo thato ya Morena ka thapelo kwa thoko.

Bareri ba ba ne ba na le go iketsisa, maikutlo a mokgwa wa go rera, ka dithero tse di itsegeng ka go gatelelwa ga tsone ka go gotela ga poitshego ya molete o o emetseng baleofi.1 Dipuo tse di ne di sa robatse batho—mme di ka ne di dirile ditoro tse di maswe di sekae. Maikaelelo a bone le mokgwa e ne e ka tswa e le go tshosetsa batho mo kerekeng.

Poifo jaaka go Laola

Ka ditso, poifo ka metlha e ntse e dirisiwa e le motlhale mongwe wa go dira batho go tsaya dikgato. Batsadi ba e dirisitse mo baneng ba bone, bahiri mo babereking, le mapolotiki mo batlhophing.

Ditswerere tsa ipapatso di tlhaloganya thata ka poifo le gone ka metlha ba e dirisa. Ke sone seo diphatlhalatso dingwe di isa melaetsa e e kayang gore fa re palelwa ke go reka sefitlholo sa bone kgotsa re tlolwa ke metshameko e mesha ya dibaesekopo kgotsa mogala wa letheka, re tsena mo diphatseng tsa go tshela botshelo jo bo tlhomolang pelo, re tlaa swa re le nosi le go nna re sa itumela.

Re a tshega ka se mme re akanya gore ga re ka ke ra laolwa, mme nako tse dingwe re a dira. Mo go maswe, nako tse dingwe re dirisa mekgwa e e tshwanang go gwetlha ba bangwe go dira se re se batlang.

Melaetsa ya me e na le maikaelelo a mabedi gompieno: Wa ntlha ke go le kopa go tlhatlhanya le go akanya katlhamo e re dirisang poifo go rotloetsa ba bangwe—go akaretsa le rona. Ya bobedi ke mogopolo wa tsela e e botoka.

Bothata jwa Poifo

Lantlha, a re bue ka bothata jwa poifo. Morago ga tsotlhe, ke mang mo gare ga rona yo a iseng a pateletswe ke poifo go ja botoka, go tsenya lebanta la itshireletso, go itshidila thata, go boloka madi, kgotsa le e leng go ikwatlhaela sebe?

Go boammaruri gore poifo e ka nna le tlhotlheletso e e thata godimo ga ditiro le mokgwa. Mme thotloetso e e patelesega go nna ya nakwana e bile e le lolea. Poifo ga se ga ntsi e na le thata ya go fetola dipelo tsa rona, le gone ga e kake ka gope ya re fetolela mo bathong ba ba ratang se se siameng le ba ba batlang go obamela Rraetsho wa Legodimo.

Batho ba ba boi ba kare le go dira dilo tse di siameng, mme ga bautlwedilo tse di siameng. Gantsi ba ikutlwa ba poporegelwa le go tenega, le gone go nna bogale. Ga nako e tsamaya maikutlo a a tlisa go sa ikanyega, bodipa, le e leng tsuologo.

Botlhoka tshego, go tlhoka kaelo mo ga botshelo le boeteledipele ga gona molelwane fela mo lefatsheng. Go nkutlwisa botlhoko go utlwa maloko a Kereke a a diragatsang taolo ya tshiamololo—gongwe mo magae a bone, mo dipitsong tsa bone tsa Kereke, kwa tirong, kgotsa go kopana le ba bangwe tsatsi le letsatsi.

Gantsi, batho ba ka bona motho molato fa a le dikgoka mo go ba bangwe, jalo ba sa go bone mo go bone. Ba batla tumalano le go atlhola ga go laola ga bone, mme fa ba bangwe ba sa sale morago ditaolo tse tsa nako tse dingwe, ba ba otlhaya ka go bua, ka maikutlo, mme nako tse dingwe le ka tsone diatla.

Morena o rile “fa re … gagamatsa taolo kgotsa puso kgotsa patelelo mo meweng ya bana ba batho, mo selekanyong sepe sa tshiamololo, … magodimo a ikgogela morago; Mowa wa Morena o a hutsafala.”2

Go ka nna le dinako tseo re raelwang go siamisa ditiro tsa rona ka go dumela gore go siamisa jalo go siame. Re ka akanya gore go laela, go laola le bopeloethata go tlaa nna go molemo wa ba bangwe. E seng jalo, gonne Morena o rurifaditse gore “loungo la Mowa ke lorato, le boitumelo, le kagiso, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemo, tumelo, le boingotlo, [le] boikgapo.”3

Tsela e e Siameng

Fa ke tla mo go itseng Rraetsho wa Legodimo, ke bona ka fa A ka rotloetsang le go laela bana ba Gagwe. Ga a bogale, ga itefetse, kgotsa ga ipusolosetse.4 Maikaelelo a Gagwe—Tiro ya Gagwe le Kgalalelo ya Gagwe—ke go re kaela, gore godisa, le go re isa kwa botlalong jwa Gagwe.5

Modimo a itlhalosetsa Moshe jaaka a le “boutlwelobotlhoko le bopelotshweu, bopelotelele, le go nna ka letlotlo mo bomolemong le boammaaruri.”6

Lorato la Rraarona wa Legodimo go rona, bana ba Gagwe, le feta mo go feteletseng bokgoni jwa go tlhaloganya ga rona.7

A mo go raya gore Modimo o dumalana kgotsa o tlhokomologa maitshwaro a a kgatlhanong le ditaelo tsa Gagwe? Nyaa, e le ruri nyaa!

Mme o batla go fetola le mo go fetang le one maitshwaro a rona. O batla le go fetola le yone tlholego ya rona. O batla go fetola dipelo tsa rona.

O batla re tswela kwa ntle le go tshegetsa ka tlhomamo thobane ya tshipi, go lebagana le di poifo tsa rona, le ka bopelokgale re gatele kwa pele le go tswelela mo tseleng e tlhamaletse e le tsesane. O re batle la se ka ntlha ya gore O a re rata le ka ntlha ya gore se ke tsela ya boitumelo.

Jalo, Modimo o rotloetsa jang bana ba Gagwe go Mo sala morago mo malatsing a rona?

O rometse Morwa wa Gagwe!

Modimo o rometse Morwa wa Gagwe yo o Tshotsweng a le Esi, Jeso Keresete, go re supegetsa tsela e e siameng.

Modimo o re rotloetsa ka tlhotlheletso kgono, bopelotelele, bonolo, bopelonolo, le lorato le le senang boitimokanyi.8 Modimo o mo letlhakoreng la rona. O a re rata, mme fa re kgojwa, O batla re emelela, re leke gape, mme re nonofe.

Ke mokaedi wa rona.

Ke wa rona yo o mogolo le ngomaelo ya tsholofelo.

O eletsa go re tlhotlheletsa ka tumelo.

O re ikanya gore re ithute mo go foseng kgato le go dira ditshwetso tse di siameng.

Se ke tsela e e botoka!9

Mme eng ka Bosula jwa Lefatshe?

Nngwe ya ditsela tse Satane a batlang go laola ba ba bangwe ke go nna le e leng go godisa bosula mo lefatsheng.

Ka nnete lefatshe la rona ka metlha le ntse, le go tswelela go nna, le sa itekanela. Batho ba ba senang molato ba bantsi phetelela ba sokola ka ntlha ya diemo tsa tlholego le go tswa mo bobelo-mpe jwa motho. Sebodu le boikepo mo letsatsing la rona di kgethegile e bile di a tshosa.

Mme le ntswa tse tsotlhe, ga ke kake ka amanya go tshela mo nakong e le nako epe mo ditsong tsa lefatshe. Re segofetse go feta selekanyo go tshela mo malatsing a tlhogonolofalo e kgolo, tshedimosetso, le thuso. Bontsi jwa rona, re segofaditswe ke go nna le botlalo jwa efangele ya ga Jeso Keresete, e e re neelang tebelelo e e kgethegileng mo dikotsing tsa lefatshe le go re bontsha ka fa re ka tlhokomologang dikotsi tse kgotsa go itebaganya le tsone.

Fa ke akanya ka ditshegofatso tse, Ke batla go wa ka mangole ame le go fa ditebogo go Rraetsho wa Legodimo go lorato la gagwe le le sa feleng go botlhe bana ba Gagwe.

Ga ke dumele gore Modimo o batla bana ba Gagwe gore ba nne ka poifo kgotsa ba nne mo masuleng a lefatshe. “Gonne Modimo ga wa re naya mowa wa poifo, fa e se wa thata, le wa lorato, le wa tlhaloganyo e e tlhomameng.”10

O re neetse mabaka ka letlotlo go ipela. Re tshwanetse go a batla le go a lemoga. Morena ka metlha o re gakolola go “sa boife,” go “nametsega,”11 le go “sa boife, letsomanyane.”12

Morena o Tlaa Lwa Dintwa tsa Rona

Bakaulengwe le bokgaitsadi, re “letsomanyane” la Morena. Re Baitshepi ba malatsi a bofelo. Mo go botlhokwa mo maineng a rona ke maitlamo a go lebelela pele go go bowa ga Mmoloki le go ipaakanya ga rona le lefatshe go mo amogela. Ke gone ka moo, a re direleng Modimo le go rata beng ka rona. A re dire se ka boikanyo, ka boikokobetso, ka gope re sa lebelele bope bodumedi kwa tlase kgotsa setlhopha sa batho. Bakaulengwe le bokgaitsadi, re laelwa go ithuta lefoko la Modimo le go reetsa lentswe la Mowa, gore re ka “itse ditshupo tsa dinako, le ditshupo tsa go tla ga Morwa Motho.”13

Ke gone ka moo, ga re, itlhokomolose dikgwetlho tsa lefatshe, kgotsa ga se gore ga re itse bothata jwa dinako tsa rona. Mme se ga se reye gore re ikimetse kgotsa ba bangwe ka poifo ya kgapetsa kgapetsa. Go na le gore re tsenelele thata mo dikgwetlhong tsa rona, a ga go nne botoka fa re ka lebelela mo bo senang selekanyo jo bogolo, bomolemo, le thata ya Modimo wa rona, re mo ikanya le go baakanyetsa ka pelo e e itumetseng go bowa ga ga Jeso Keresete?

Jaaka batho ba Gagwe ba kgolagano, ga re a tshwanela go gamaregisiwa ke poifo ka ntlha ya gore dilo tse di maswe di ka diragala. Le fa go ntse jalo , re kaya kwa pele ka tumelo, bopelokgale, boikaelelo, le boikanyo mo Modimong fa re lebagana le dikgwetlho le menyetla e e kwa pele.14

Ga re tsamaye tsela ya borutwana re le nosi. Morena Modimo wa gago … o tsamaya le wena; ga a kitla a go tlhaela, le fa e le go go latlha.”15

“Morena o tlaa go lwela, mme o tlaa tshegetsa kagiso ya gago.”16

Fa pele ga poifo, a re boneng bopelokgale jwa rona, re phutheng tumelo ya rona, le go nna le bopelokgale mo tsholofetsong gore “ga gona sebolao sepe se se thudilweng ka ga gago se se tlaa segofalang.”17

A re tshela mo nakong ya diphatsa le phuduego? Ee re tshela mo go yone.

Modimo ka sebele o rile, “Mo lefatsheng lo tlaa nna le pitlagano: mme nametsegang; Ke fentse lefatshe.”18

A re ka diragatsa tumelo go dumela le go dira mo go tshwanetseng? A re ka tshela maitlamo a rona le dikgolagano tse di boitshepo? A re ka tshegetsa ditaelo tsa Modimo le e leng mo diemong tse digwetlhang? Ee re ka kgona!

Re ka kgona ka ntlha ya gore Modimo o solofeditse, “Dilo tsotlhe di tlaa lo berekela go molemo wa lona, fa [lo] tsamaya ka tlhomamo.”19 Ke gone ka moo, a re beeleng kwa thoko dipoifo tsa rona mme jalo re tsheleng ka boitumelo, boikokobetso, tsholofelo, ka pelokgale ya boikanyo gore Morena o na le rona.

Lorato lo lo Itekanetseng le Kobela Kwantle Poifo

Ditsala tsa me tse dirategang, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang mo go Keresete, fa reka iphitlhela re tshela ka poifo kgotsa tlalelo, kgotsa fa re ka lemoga gore mafoko a rona, mokgwa, kgotsa ditiro di dira poifo mo go ba bangwe, Ke rapela ka nonofo yotlhe ya mowa wa me gore re ikgolole mo poifong eo ka molemo o o tlhomilweng wa selegodimo wa poifo: lorato lo lo itshekileng la ga Keresete, gonne “lorato le le itekanetseng lo kobela poifo ntle.”20

Lorato la ga Keresete le le itekanetseng lo fenya diteko go utlwisa botlhoko, go pateletsa, dikgoka, kgotsa go gatelela.

Lorato lo lo itekanetseng la ga Keresete lo re letlelela go tsamaya ka boikokobetso, seriti, le pelokgale ya boikanyo jaaka baetsi ba Mmoloki wa rona yo o rategang. Lorato lo lo itekanetseng la ga Keresete lo re neela boikanyo go tswelela ka dipoifo tsa rona le go baya boikanyego jo bo feletseng mo thateng le molemo wa Rraetsho yo o kwa Legodimong le Morwa wa Gagwe Jeso Keresete.

Mo magaeng a rona, mo mafelong a rona a kgwebo, mo dipitsong tsa rona tsa Kereke, mo dipelong tsa rona, a re emisetse poifo ka lorato lo lo itekanetseng la ga Keresete. Lorato la ga Keresete lo tlaa emisetsa poifo ka tumelo!

Lorato la gagwe lo re kgonisa go lemoga, boikanyo, le go nna le tumelo mo bolemong jwa ga Rraetsho wa Legodimo, thulaganyo ya Gagwe ya selegodimo, efangele ya Gagwe, le ditaelo tsa Gagwe.21 Go rata Modimo le beng ka rona go tlaa busetsa go obamela ga rona go ditaelo tsa Modimo e le tshegofatso go na le morwalo. Lorato la ga Keresete le tlaa re thusa go nna pelontle, re itshwarele mo gogolo, re tlhokomela mo gogolo, e bile re ikgethele tiro ya Gagwe.

Fa re tlatsa dipelo tsa rona ka lorato la ga Keresete, re tlaa tsoga ka go shafadiwa ga semowa mme re tlaa tsamaya ka boitumelo, ka pelokgale, re tsogile, mme re tshela mo leseding le kgalalelo ya Mmoloki wa rona yo o rategang, Jeso Keresete.

Ke paka, le Moaposetole Johane, “Ga gona poifo mo loratong la ga [Keresete].”22 Bakaulengwe le Bokgaitsadi, ditsala tse di rategang. Modimo o le itse mo go itekanetseng. O lo rata mo go itekanetseng. O itse se lobaka lo lo tlang lo se le tshwaretseng. O batla gore “lo se boife, mme fela lo dumele”23 le “nne mo loratong la gagwe lo lo [itekanetseng].”24 Se ke thapelo le tshegofatso ya me mo leineng la ga Jeso Keresete, amene.

Dintlha

  1. George Whitefield le Jonathan Edwards ke dikai tse pedi tse dikgolo tsa thero e.

  2. Dithuto le Dikgologano 121:37

  3. Bagalatia 5:22–23

  4. Mo tiragalong nngwe, Mmoloki o ne batla go tsena mo motseng wa Samaria, mme batho ba gana Jeso e bile ba seka ba mo amogela mo motseng wa bone. Barutwana ba gagwe ba babedi ba ne ba kgopisega thata ka se mme ba botsa, “Morena, ao batla re laola molelo go tla fatshe go tswa legodimong mme o ba laile?” Jeso a fetola ka tlhagiso e: “Ga lo itse gore le mowa wa mokgwa ofe. Gonne Morwa Motho ga a tla go senya matshelo a batho mme go a boloka” (bona Luke 9:51–56, New King James Version [1982]).

  5. Bona Moshe 1:39; bona le gone Baefeso 3:19.

  6. Ekesodo 34:6.

  7. Bona Baefeso 3:19.

  8. Bona Dithuto le Dikgolagano 121:41 Ammaaruri fa Modimo a solofela rona, bana ba Gagwe ba nama, go itshwara ka tsela e mong ka yo mongwe, Ene—motho yo o itekanetseng a na le bomolemo jotlhe—o ka nna sekao sa maitshwaro ao.

  9. Lekgotla la botshelo jwa pele kwa Legodimong ke maitemogelo a a supang maitshwaro a Modimo. Koo Rraetsho wa Legodimo a supa boikaelelo jwa Gagwe jwa botswelelo-pele jwa rona jwa bo sa khutleng. Dintlha dingwe tse di botlhokwa tsa boikaelelo jo o di akaretsa boikgethelo, kobamelo le poloko ka Tetlanyo ya ga Keresete. Lusifa, le fa go ntse jalo, a supa mogopolo o o farologanyeng. O ne a solofetsa gore botlhe ba tlaa obamela—ga go ope yo a tlaa latlhegang. Tsela e nngwe fela ya go fitlhelela se e tlaa nna ka patiko le go gatelela. Mme Rraarona yo a rategang wa Legodimo a seka a letlelela boikaelelo jo bo ntseng jalo. O ne a tlotla boikgethelo jwa bana ba Gagwe. O ne a itse gore re tshwanetse go dira diphoso mo tseleng fa ka boammaaruri re ithuta. Mme se ke sone a re neetseng Mmoloki, yo o setlhabelo sa gagwe sa bo sa khutleng se ka re phepafatsa mo sebeng le go re letlelela go tsena gape mo bogosing jwa Modimo.

    Fa Rraarona wa Legodimo a bona gore bontsi jwa bana ba Gagwe ba ba rategang ba ne ba fapositswe ke Lusifa, a o ne a ba pateletsa go sala morago boikaelelo jwa Gagwe? A o ne a tshosa kgotsa go tshosetsa bao ba neng ba dira tshwetso e e boitshega maswe? Nnyaa. Modimo wa rona wa thata-yotlhe ammaaruri o ka bo a emisitse tsuologo e. O ka bo a pateleditse thato ya Gagwe mo batsuuloding le go ba dira ba dumalane. Mme le ntswa jalo, O ne a letlelela bana ba Gagwe go itlhophela ka bo bone.

  10. 2 Timotheo 1:7.

  11. Bona, ka sekai, Joshua 1:9; Isaia 41:13; Luke 12:32; Johane 16:33; 1 Petere 3:14; Dithuto le Dikgolagano 6:36; 50:41; 61:36; 78:18.

  12. Luke 12:32

  13. Dithuto le Dikgologano 68:11

  14. Kgakololo ya ga Moshe go batho ba malatsi a gagwe e santse e tsepega: “O seka wa boifa … Bona poloko ya Morena, e a tlaa go e diragaletsang gompieno” (Ekesodo 14:13, New King James Version).

  15. Duteronome 31:6.

  16. Ekesodo 14:14, New King James Version.

  17. Isaia 54:17.

  18. Johane 16:33

  19. Dithuto le Dikgolagano 90:24; bona le gone2 Bakorinthe 2:14; Dithuto le Dikgolagano 105:14.

  20. 1 Johane 4:18

  21. A re gakologelweng gore Mmoloki ga a tla mo lefatsheng go bona lefatshe molato; mme gore lefatshe ka ene le ka bolokwa” (Johane 3:17). Ka nnete, “ga a dire sepe fa e se ka lebaka la poelo ya lefatshe; gonne o rata lefatshe, le mo tota a bayang fa fatshe botshelo jwa gagwe gore o ka tla a gogela batho botlhe kwa go ene” (2 Nifae 26:24).

  22. 1 Johane 4:18; bona le gone 1 Johane 4:16.

  23. Mareko 5:36.

  24. Johane 15:10.