2017
Thata ya Buka ya ga Momone
May 2017


Molaetsa wa Thuto ya Tekolo, Motsheganong 2017

Thata ya Buka ya ga Momone

Setshwantsho
Moporesidente Thomas S. Monson

Ke kokotlela mongwe le mongwe wa rona go ithutuntsha ka thapelo le go tlhatlhanya Buka ya ga Momone tsatsi le letsatsi.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang, Ke a le dumedisa jaaka re kopana gape mo khonforenseng e kgolo e ya kakaretso ya Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo. Pele fa ke simolola molaetsa wa me gompieno, Ke eletsa go itsise ditempele tse disha tse di tlaa agiwang mo mafelong a latelang: Brasília, Brazil; Manila yo o mogolo, kgaolo ya, Philippines; Nairobi, Kenya; Pocatello, Idaho, USA; le Saratoga Springs, Utah, USA.

Maphakela a ke bua ka thata ya Buka ya ga Momone le letlhoko le legolo le re nang le lone jaaka maloko a Kereke go e ithuta, go tlhatlhanya, le go tsepega dithuto tsa yone mo matshelong a rona. Botlhokwa jwa go nna le bopaki jo bo tlhomameng bo rurifetse jwa Buka ya ga Momone ga bo kake jwa tlhoka go gatelelwa.

Re tshela mo dinakong tsa mathata a magolo le boikepo. Ke eng se se tlaa re sireletsang go tswa mo sebeng le bosula jo bo anameng le lefatshe gompieno? Ke ikokotlela ka gore bopaki jo bo nonofileng jwa ga Mmoloki, Jeso Keresete, le efangele ya Gagwe di tlaa re thusa go bona tshireletso. Fa o sa bale Buka ya ga Mormone tsatsi le letsatsi, tsweetswee dira jalo. Fa o ka bala ka thapelo le ka keletso e tlhwaafetseng go itse boammaaruri, Mowa o o Boitshepo o tlaa bonagatsa boammaaruri go wena. Fa e le boammaaruri—mme ka bongwefela Ke paka gore e ntse jalo—Joseph Smith ene e le moperofeti yo a boneng Modimo Rraarona le Morwa wa Gagwe, Jeso Keresete.

Ka ntlha ya gore Buka ya ga Momone e boammaaruri, Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ke Kereke ya Morena mo lefatsheng, e bile boperesiti jwa Modimo bo buseleditswe go thusa le go segofatsa bana ba Gagwe.

Fa o sena bopaki jo bo tlhomameng jwa dilo tse, dira tsotlhe tse di tlhokegang go nna le bone. Go botlhokwa go wena go nna le bopaki jwa gago mo dinakong tse di thata tse, gonne bopaki jwa ba bangwe bo tlaa go isa go seng kgakala. Le fa go ntse jalo, fa o bo amogetse, bopaki bo tshwanetse go tshegediwa ka tlhaga e bile bo tshela ka go tswelela o obamela ditaelo tsa Modimo le ka thapelo ya tsatsi le letsatsi le go ithuta lekwalo le le boitshepo.

Badiri le nna ba ba rategang mo tirong ya Morena, Ke lo kokotlela mongwe le mongwe wa lona go ithuta ka thapelo le go tlhatlhanya Buka ya ga Momone tsatsi le letsatsi. Fa re dira jalo, re tlaa nna mo maemomg a go utlwa lentswe la Mowa, go gana thaelo, go fenya pelaelo le poifo, le go amogela thuso ya legodimo mo matshelong a rona. Ke fa bopaki ka pelo ya me yotlhe mo leineng la ga Jeso Keresete, amene.

Gatisa