2017
Tuelo ya go Itshoka Sentle
July 2017


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Phukwi 2017

Tuelo ya go Itshoka Sentle

Fa ke le lekawana, Ke dirile mo Kerekeng jaaka mogakolodi wa moporesidente wa kgaolo yo o botlhale. O ne kgapetsa kgapetsa a leka go nthuta. Ke gakologelwa kgakololo e a kileng a e nneela: “Fa o kopana le mongwe, o tseye jaaka ekete mo mo letshwenyegong le le tlhwaafetseng, mme o tlaabo o le nnete go feta sephatlho sa nako.” Ke ne ka akanya fong gore ga a tlhoafala. Jaanong, morago ga go feta dingwaga tse masome a matlhano , Ke bona ka fa a tlhalogantseng sentle lefatshe le botshelo.

Rotlhe re na le diteko tse re tlaa lebagana le tsone—ka nako tse dingwe, diteko tse di thata tota. Re a itse gore Morena o re letlelela go feta mo ditekong gore ntlafatsa le go itekanedisa gore re tle re nne le Ene ka go senang bokhutlo.

Morena o rutile Moperofeti Joseph Smith mo kgolegelong ya Liberty gore tuelo ya go itshokela diteko tsa gagwe sentle e tlaa mo thusa go mo atlegisetsa botshelo jo bo sa khutleng:

“Morwaaka, kagiso e nne mo moweng wa gago; tlalelo ya gago le dipitlagano tsa gago di tlaa nna mme lobakanyana;

“Mme ke gone, fa o itshoka sentle, Modimo o tlaa go goletsa mo godimo; o tlaa fenya godimo ga botlhe baba ba gago” (D&C 121:7–8).

Dilo tse dintsi di a re itaya mo nakong ya botshelo jwa rona gore go tle go nne ekete di thata go di itshokela sentle. Go ka nna ka tsela e ntseng jalo go lolwapa le le itshetsang ka dijwalo mogang go sena pula. Ba ka gakgamala, “Ke lebaka le le kae le re ka tshegetsang?” Go ka nna ka tsela e ntseng jalo go monana yoo lebaganeng le go gana go oketsega ga go leswafala le thaelo. Go ka nna ka tsela e ntseng jalo go lekawana le le sokola go bona thuto kgotsa ithutuntsho e a e tlhokelang tiro go tlamela mosadi le lelwapa. Go ka nna ka tsela e ntseng jalo go motho yo a sa boneng tiro kgotsa yo a latlhegetsweng ke tiro morago ga tiro jaaka dikgwebo di tswala dikgoro tsa tsone. Go ka nna ka tsela e ntseng jalo go bao ba lebaganweng ke bokowa jwa botsogo le nonofo, tse di ka tlang go sale gale kgotsa morago mo botshelong jwa bone kgotsa go bao ba ba ratang.

Mme Modimo yo o lorato ga a tlhoma diteko fa pele ga rona fela go bona ka fa re ka itshokela bothata mme gone go bona fa re ka di itshoka sentle mme jalo ra ntlafadiwa.

Boporesidente jwa Ntlha bo rutile Mogolwane Parley P. Pratt (1807–57) fa a ne e le leloko le lesha go bidiwa la Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi: “O ikopantse mo tirong e e batlang keletlhoko e feletseng; … nna lore le le ntlafaditsweng. … O tshwanetse go itshokela matsapa a mantsi, tiro e ntsi, le diteko tse dintsi gore o ntlafadiwe mo go itekanetseng. … Rraeno wa Legodimo wa e tlhoka, tshimo ke ya Gagwe; tiro ke ya Gagwe; mme O tla go … nametsa … le go go tlhotlheletsa.”1

Mo bukeng ya Bahebera, Paulo o bua ka leungo la go itshoka sentle: “Mo bakeng lono, e kete kwatlhao yotlhe e ntse jaaka e kete ga e na boitumediso, fa e se tlhokofatso fela; le fa go ntse jalo, e a re kwa morago ba ba e rutintshitsweng, e ba ungwele loungo lwa kagiso, e bong loungo lwa tshiamo.” (Bahebera 12:11).

Diteko tsa rona le mathata a rona di re neela lobaka go ithuta le go gola, mme di ka fetola tlholego ya rona. Fa re ka fetogela kwa go Mmoloki mo dipitlaganong tsa rona, mewa ya rona e ka ntlafadiwa fa re itshoka.

Ke gone ka moo, selo sa ntlha go se gakologelwa ke go rapela ka metlha (bona D&C 10:5; Alema 34:19–29).

Selo sa bobedi ke go ganela ka metlha go tshegetsa ditaelo—le fa e le kganetsanyo dife, teko, kgotsa pheretlhego mo tikologong (bona Mosaeya 4:30).

Selo sa boraro se se botlhokwa go se dira ke go direla Morena (bona D&C 4:2; 20:31).

Mo tirelong ya Morena, re tlaa mo itse le go mo rata. Re tlaa, fa re tswelela mo thapelong le tirelo ya boikanyego, le go simolola go lemoga seatla sa Mmoloki le tlhotlheletso ya Mowa o o Boitshepo mo botshelo jwa rona. Bontsi jwa rona ka motlha re neetswe tirelo e e ntseng jalo le go utlwa bopati joo. Fa o akanyetsa kwa morago mo nakong eo, o tlaa gakologelwa gore go ne go na le diphetogo mo go wena. Teko ya go dira bosula e lebega e fokotsega. Keletso go dira molemo e oketsegile. Bao ba go itseng botoka le ba go ratile ba ka tswa ba rile: “O nnile pelontle le bopelotelele. E kete ga o motho o tshwanang.”

O ne o se motho o tshwanang. O fetotswe ka Tetlanyo ya ga Jeso Keresete ka ntlha ya go ikaega mo go Ene mo nakong ya teko ya gago.

Ke go solofetsa gore Morena o tlaa tla go go thusa mo ditekong tsa gago fa o mmatla le go mo direla le gore mowa wa gago o tlaa ntlafadiwa mo tswelelong. Ke go gwetlha go baya tshepho mo go Ene mo go tsotlhe ditlalelo tsa gago.

Ke a itse gore Modimo Rraetsho o a tshela le gore O utlwa le go araba dithapelo tsotlhe tsa rona. Ke a itse gore Morwa wa Gagwe, Jeso Keresete, o duetse tlhwatlhwa ya dibe tsotlhe tsa rona le gore O batla re tla kwa go Ene. Ke a itse gore Rraetsho le Morwa ba re tlhokometse e bile ba baakanyeditse tsela ya rona go itshoka sentle le go tla gae gape.

Ntlha

  1. Autobiography of Parley P. Pratt, ed. Parley P. Pratt Jr. (1979), 120.

Gatisa