2017
Gore Ba Nne Bangwefela
July 2017


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Phukwi 2017

Gore Ba Nne Bangwefela

Ka thapelo ithute tiriso e mme o senke tlhotlheletso go itse se o ka se abelanang. Go tlhaloganya boikaelelo jwa Mokgatlho wa Thuso go tlaa baakanyetsa jang bomorwadie Modimo masego a botshelo jo bo sa khutleng?

Setshwantsho
Relief Society seal

Tumelo Lelwapa Thuso

“Jeso o ne a fitlhelela kutlwano e e itekanetseng le Rraetsho ka go Ineela ga Gagwe, gotlhe ka nama le mowa, go thato ya ga Rraetsho,” ga ruta Mogolwane D. Todd Christofferson wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi.

“… Ka nnete ga re kitla re nna bangwefela le Modimo le Keresete go fitlha re dira thato ya bone le kgatlhego keletso e kgolo ya rona. Go ineela mo go ntseng jalo ga go fitlhelelwe mo letsatsing, mme ka Mowa o o Boitshepo, Morena o tlaa re ruta fa re batla, mo tsamaong ya nako, go ka siama fa gotwe Ene o mo go rona jaaka Rraetsho a le mo go Ene.”1

Linda K. Burton, Moporesidente wa Kakaretso wa Mokgatlho wa Thuso, o rutile ka fa go direla kutlwano e: “Go dira le go tshegetsa dikgolagano ke go supa maitlamo a go nna jaaka Mmoloki. Mo go botoka ke go lwela mokgwa o o supilweng sentle mo ditemaneng di sekae mo sefeleng se se rategang: ‘I’ll go where you want me to go. … Ke tlaa bua se o batlang ke se bua. … Ke tlaa nna se o batlang ke nna sone.”2

Mogolwane Christofferson le gone o re gakolola gore “fa re leka letsatsi le letsatsi le beke le beke go sala morago tsela ya ga Keresete, mowa wa rona o tlhomamisa tlotlomalo e e fetang, ntwa e e mo teng ya kokobela, mme dithaelo di emise go tshwenya.”3

Neill F. Marriott, Mogakolodi wa Bobedi mo Boporesidenteng jwa Kakaretso jwa Basadi Potlana, o file bopaki jwa masego a go leka go baya thato ya rona le thato ya Modimo: “Ke sokotse go emisa keletso ya nama go nna le dilo tsela ya me, kwa pheletsong ka lemoga gore tsela ya me e a tlhoka, lekanyeditswe, e bile e farologanye le tsela ya ga Jeso Keresete. ‘[Tsela ya Rraetsho wa rona wa Legodimo] ke mmila o o isang kwa boitumelong mo botshelong jo le botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le tlang.’”4 A re tsweleleng ka boikokobetso go nna bangwefela le Rraetsho wa Legodimo le Morwae, Jeso Keresete.

Dikwalo tse di Boitshepo tsa tlalaletso le Molaetsa

Johane 17:20–21; Baefeso 4:13; Doctrine and Covenants 38:27; reliefsociety.lds.org

Dintlha

  1. D. Todd Christofferson, “That They May Be One in Us,” Liahona, Nov. 2002, 72, 73.

  2. Linda K. Burton, “Thata, Boitumelo, le Lorato lwa go Tshegetsa Kgolagano,” Liahona, Nov. 2013, 111.

  3. D. Todd Christofferson, “That They May Be One in Us,” 71.

  4. Neill F. Marriott, “Yielding Our Hearts to God,” Liahona, Nov. 2015, 32.

Gatisa