2017
Go Dikologa ka Lorato Bao Ba Latlhegileng
October 2017


Molaetsa wa Thuto ya Tekolo, Phalane 2017

Go Dikologa ka Lorato Bao Ba Latlhegileng

Ka thapelo ithute tiriso e mme o batle tlhotlheletso go itse se o ka se abelanang. Go tlhaloganya boikaelelo jwa Mokgatlho wa Thuso go tlaa baakanyetsa jang bomorwadie Modimo masego a botshelo jo bo sa khutleng?

Setshwantsho
Relief Society seal

Tumelo Lelwapa Thuso

Boammaaruri ke gore ga gona malwapa a itekanetseng … ,” Go bua Moporesidente Dieter F. Uchtdorf, Mogakolodi wa Bobedi wa Boporesidenteng jwa Ntlha. Mathata a fe a a lebaganeng lelwapa la gago, sepe fela seo se dirang go a rarabolola, tshimologo le bokhutlo jwa tswetso ke lorato, lorato lo lo itshekileng la ga Keresete.”1

Go bao ba ba tseng karolo mo go tletseng mo efangeleng, Linda K. Burton, Moporesidente wa pele wa Mokgatlho wa Thuso, a re: “Rraetsho wa Legodimo o rata botlhe bana ba Gagwe. … Go sa kgathalesege kwa ba ka tswang ba le teng—mo kgotsa kwantle ga tsela—O batla ba boele gae.”2

“Le ka fa[bana ba gago] ba ka tswang mo tseleng ka teng, … fa o bua kgotsa o buisana le bone, o seka wa dira jalo o galefile, o seka wa dira jalo ka bogale, ka mowa wa go kgala” ga ruta Moporesidente Joseph F. Smith (1838–1918). “Bua le bone ka bopelontle.”3

Mogolwane Brent H. Nielson wa ba ba Masome a Supa o ne a gatelela kaelo ya Mmoloki go bao ba nang le madi a le 10 a selefera mme a latlhegelwa ke le lengwe: “Batla go fitlhela o le bona. Fa yo o latlhegileng e le morwao kgotsa morwadio, kgaitsadi kgotsa kgaitsadio, … morago ga tsotlhe tse re ka di dirang, re rate motho yo o ka dipelo tsotlhe tsa rona. …

“A wena le nna re amogele tshenolo go itse ka fa re ka dirang ka teng go bao ba ba mo matshelong a rona ba ba latlhegileng e bile, fa go tlhokega, go nna pelotelele le go rata Rraarona yo o kwa Legodimong le Morwa wa Gagwe, Jeso Keresete, jaaka re rata, re lebelela, le go emela sesenyi.”4

Mopresidente Henry B. Eyring, Mogakolodi wa Ntlha mo Bopresidenteng jwa Ntlha, a re: “Ke rapetse ka tumelo gore mongwe yo Ke mo ratang o ka batla le go utlwa thata ya Tetlanyo. Ke rapetse ka tumelo gore baengele ba batho ba ka tla go ba thusa, mme ba tla.

“Modimo o dirile ka gotlhe go boloka mongwe le mongwe wa bana ba Gagwe.”5

Dikwalo tse di Boitshepo tsa tlalaletso le Molaetsa

Mathaio 18:12; Alema 31:35; 3 Nefi 13:32; D&C 121:41–42

reliefsociety.lds.org

Dintlha

  1. Dieter F. Uchtdorf, “In Praise of Those Who Save,” Liahona, May 2016, 79, 80.

  2. Linda K. Burton, in Sarah Jane Weaver, “Sister Burton, Sister Wixom Visit Church’s Pacific Area,” Church News, Apr. 2, 2013, lds.org/church/news.

  3. Teachings of Presidents of the Church: Joseph F. Smith 1998), 254.

  4. Brent H. Nielson, “Waiting for the Prodigal,” Liahona, May 2015, 103.

  5. Henry B. Eyring, “To My Grandchildren,” Liahona, Nov. 2013, 71.

Gatisa