2017
Se Boife go Dira Molemo
November 2017


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Ngwanatsele 2017

Se Boife go Dira Molemo

Morena o re bolelela gore fa re ema ka tumelo mo lefikeng la gagwe, go belaela le poifo di a ngotlega; keletso ya go dira se se molemo go a oketsega.

Barwarre le bokgaitsadi ba ba rategang, Ke rapela ka boikokobetso gore Mowa wa Morena o nne le rona jaaka ke bua gompieno. Pelo ya me e tletse ka malebogo go Morena, yo o Kereke e e leng ya gagwe, go tlhotlheletso e re e utlwileng mo dithapelo tsa tlhwaafalo, dithuto tse di tlhotlheleditsweng, le go opela ga seengele mo khonforenseng e.

Moranang yo o fetileng, Poresidente Thomas S. Monson o neetse molaetsa yo o fuduileng dipelo go ralala lefatshe, go akaretsa le ya me. O buile ka thata ya Buka ya ga Momone. O re tlhotlheleditse go e ithutontsha, tlhatlhanya, le go diragatsa dithuto tsa yone. O solofeditse gore fa re tshwaela nako letsatsi le letsatsi go e ithutontsha le go tlhatlhanya le go tshegetsa ditaelo tse di mo Bukeng ya ga Momone, re tlaa nna le bopaki jo bo botlhokwa ka boammaaruri jwa yone, mme maduo a bopaki jwa ga Keresete yo o tshelang bo tlaa re gogela go tshireletso mo dinakong tsa bothata. (Bona “The Power of the Book of Mormon,” Liahona, May 2017, 86–87.)

Jaaka bontsi jwa lona, Ke utlwile mafoko a moperofeti jaaka lentswe la Morena go nna. Mme, le gone jaaka bontsi jwa lona, Ka swetsa go obamela mafoko ao. Jaanong, e sale ke le mosimanyana, Ke utlwile bopaki gore Buka ya ga Momone ke lefoko la Modimo, gore Rara le Morwa ba iponaditse le go bua le Joseph Smith, le gore Baaposetole ba bogologolo ba tlile go Moperofeti Joseph go buseletsa dilotlele tsa boperesiti go Kereke ya Morena.

Ka bopaki jo, Ke badile Buka ya ga Momone letsatsi le letsatsi go feta dingwaga tse 50. Gongwe ke kabo ke akantse gore mafoko a ga Poresidente Monson ke a mongwe o sele. Le ntswa, jaaka bontsi jwa lona, Ke utlwile kgothatso ya moperofeti le tsholofetso ya gagwe e ntaletsa go dira mo gogolo. Bontsi jwa lona lo dirile se ke se dirileng: go rapela ka maikaelelo a oketsegileng, ke tlhatlhanya lokwalo le le boitshepo ka maikaelelo, le go leka thata go direla Morena le ba bangwe go Ene.

Maduo a a itumedisang go nna, le bontsi jwa lona, e nnile se moperofeti a se solofeditseng. Bangwe ba rona ba re tsereng kgakololo e e tlhotlheleditsweng mo pelong re utlwile Mowa thata mo go tlhabologileng. Re bone thata e kgolo go ganela thaelo mme re utlwile tumelo e kgolo mo go Jeso Keresete o o tsogileng, mo efangeleng ya Gagwe, le mo Kerekeng ya gagwe e e tshelang.

Mo pakeng ya go oketsega ga kgoberego mo lefatsheng, dikoketsego tseo tsa bopaki di lelekile go belaela le poifo mme di tlisitse maikutlo a kagiso. Go tlhokomela kgakololo ya ga Poresidente Monson go nnile le ditirafatso tse pedi mo go nna tse di gakgamatsang: Lantlha, Mowa o o solofeditsweng o dirile tlhaloganyo ya tsholofelo ka se se tlang, le fa jaaka khuduego mo lefatsheng e lebega e oketsega. Mme, la bobedi, Morena o nneetse—le wena—le e leng maikutlo a magolo a lorato la Gagwe go bao ba ba mo tlalelong. Re utlwile go oketsega mo go eletseng go namola ba bangwe. Go eletsa mo go ntse go le mo pelong ya bodiredi le thuto ya ga Poresidente Monson.

Morena o solofeditse lorato go ba bangwe le bopelokgale go Moperofeti Joseph Smith le Oliver Cowdery fa ditiro tse di fa pele ga bone di ne di lebega di ba khurumetsa. Morena o ne a re bopelokgale jo bo tlhokegang bo tlaa tla go tswa mo tumelong ya bone mo go Ene jaaka lefika la bone.

“Barwaake, se boifeng go dira molemo, gonne sepe fela se lo se jwalang, seo le tlaa se roba; ke gone ka moo, fa lo jwala molemo le gone lo tlaa roba molemo e le tuelo ya lona.

“Ke gone ka moo, se boifeng, letsomanyane; dirang molemo, a lefatshe le molete di kopane kgatlhanong le wena, gonne fa lo agilwe mo lefikeng la me, ga di kake tsa lo fenya.

“Bonang, ga ke lo sekise, tsamaya ditsela tsa lona mme lo se leofe: dirang ka tekano tiro e ke lo e laoletseng.

“Lebang kwa go nna mo kakanyong nngwe le nngwe, le sa belaele, le sa boife.

Bonang dintho tse di tlhabilweng mo letlhakoreng la me, le mabadi a dipekere mo diatleng tsa me le dikgato, lo nne boikanyego, tshegetsang ditaelo tsa me, mme lo tlaa rua boswa jwa bogosi jwa legodimo” (D&C 6:33–37).

Morena o boleletse baeteledipele ba Gagwe ba Tsosoloso, e bile o a re bolelela, gore fa re ema ka tumelo mo lefikeng la Gagwe, go belaela le poifo di a ngotlega; keletso ya go dira molemo ya oketsega. Jaaka re amogela taletso ya ga Poresidente Monson ya go jwala mo dipelong bopaki jwa ga Jeso Keresete, re amogela thata, le keletso, le bopelokgale go namola ba bangwe re sena mabaka a matlhoko a rona.

Ke bone tumelo e o le bopelokgale dinako tse dintsi fa Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ba lebagana le diteko tse di tshosang Sekai se le sengwe, Ke ne ke le mo Idaho fa tamo ya Teton e thubega Seetebosigo 5, 1976. Lebotana la metsi la wa. Diketekete tsa tshaba go tswa mo magaeng a bone. Diketekete tsa magae le dikgwebo di ne di senyegile. Mo go gakgamatsang, batho ba ba kwa tlase ga ga 15 ba ne ba bolawa.

Se ke se boneng koo, Ke se bone fa fela Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ba ema ka thokgamo mo lefikeng la bopaki jwa ga Jeso Keresete. Gonne gabana pelaeleo gore O ba disitse, ga ba boife. Ba itlhokomolosa diteko tsa bone go ya go thusa ba bangwe. Mme ba dira se ka lorato go Morena, ba sa kope tuelo.

Ka sekai, fa tamo ya Teton e thubega, bobedi jwa Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ba ne ba le mo loetong, dimaele kgakala le mo gae la bone. Ka bonako jaaka ba utlwa dikgang mo seromamoweng, ba itlhaganelela morago kwa Rexburg. Go na le gore ba ye kwa legaeng la bone go bona gore a lo senyegile, ba tsamaya ba batla bishopo wa bone. O ne a le mo kagong e e neng e dirisiwa jaaka lefelo la namolo. O ne a thusa go kaela diketekete tsa baithaopi ba ba neng ba goroga ka dibase tse di tshetlha tsa sekolo.

Bobabedi ba ya kwa go bishopo mme ba re, “ Re buile. Bishopo, re ka ya go thusa kae?” O ne a ba neela maina a lelwapa. Bobabedi ba ne ba nna ba kgopa seretse le metsi mo legaeng le le lengwe go ya go le lengwe. Ba ne ba dira go tswa makuku go ya bosigo malatsi. Labofelo ba itapolosa go ya go bona leage la bone. Le ne le ile mo morwaleleng, le sa tlogela sepe go phepafadiwa Jalo ba boela morago ka bofefo go bishopo wa bone. Ba botsa, “Bishopo, a o na le mongwe yo re ka mo thusang?”

Kgakgamatso eo e e didimetseng ya bopelokgale le lorato—lorato le le itshekileng la ga Keresete—le ntse le ipoeletsa mo dingwageng le go ralala lefatshe. Go diragetse mo malatsing a boitshegang a dipogisego le diteko ka nako ya ga Moperofeti Joseph Smith mo Missouri. Go diragetse jaaka Brigham Young a etelela go fuduga go tswa Nauvoo le go bitsa Baitshepi go mafelo a sekaka gotlhe mo bophirima jwa United States, go thusana go bopa Sione wa Morena.

Fa o bala matseno a dijenale tsa bathobolodi, o bona kgakgamatso ya tumelo e leleka pelaelo le poifo. Mme o bala ka Baitshepi ba tlogela dikgatlhego tsa bone go thusa mongwe o sele wa Morena, pele fa ba boela kwa nkung ya bone kgotsa masimo a bone a a sa lengwang.

Ke bone kgakgamatso e e tswanang malatsi a makhutshwane a fetileng morago ga Ledimo Irma kwa Puerto Rico, Saint Thomas, le Florida, koo Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ba kopaneng le dikereke tse dingwe, ditlhopha tsa selegae tsa baagalani, le mekgatlho ya setshaba go simolola bonatla jwa go phepafatsa.

Jaaka ditsala tsa me mo Rexburg, nngwe ya bobabedi ba e seng maloko mo Florida ba tlhokomela go thusa baagalani go na le go dira mo lapeng la bone. Fa bangwe ba Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ba baagisanyi ba batla go thusa ka ditlhare tse pedi tse ditona tse di kgoreletsang tsela, bobabedi ba tlhalosa gore ba khurumeditswe mme jalo ba thusa ba bangwe, ba na le tumelo gore Morena o tlaa tlamela thuso e ba e tlhokang kwa legae la bone. Monna a abelana gore pele ga maloko a rona a kere a goroga go ka thusa, bobabedi ba ne ba rapela. Ba ne ba amogela karabo gore thuso e tlaa tla. E ne ya tla diouranyana morago ga tlhomamiso eo.

Ke utlwile pego gore bangwe ba simolotse go bitsa Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ba ba aparang dikipa tsa Diatla tsa Thuso tse di tshetlha “Baengele ba Basetlha.” Mongwe wa Moitshepi wa Malatsi a Bofelo o ne a isa koloi go baakangwa, mme monna yo a neng a mo thusa a tlhalosa “maitemogelo a semowa” a a neng a nna le one fa batho ba dikipa tse ditshetlha ba ntsha setlhare molapeng la gagwe mme jalo, a re, ba ne ba “nkopelela pina nngwe ka go nna ngwana wa Modimo.”

Monni mongwe wa Florida—le ene e seng wa tumelo ya rona—a bolela gore Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ba tlile kwa lagaeng la gagwe fa a ne a bereka mo lelapeng le le gakgabatsang, mme a ikutlwa a fekeetsega, a gotetse, mme a le gaufi le dikeledi. Baithaopi ba bopile, mo mafokong a gagwe, “kgakgamatso e e itshekileng.” Ba ne ba sa dire fela ka tlhwaafalo mme le gone kago tshega le go nyenya, ba sa amogele sepe e le poelo.

Ke bone tlhwaafalo eo le go utlwa setshego fa, lata ka matlhatso, Ke lekola setlhopha sa Baitshepi ba Malatsi a Bofelo mo Florida. Baithaopi ba ne ba emisa go phepafatsa ga bone sebaka se selekaneng go ntetla go ba dumedisa ka diatla. Ba ne ba re maloko a le 90 a lomapo la bone mo Georgia a dirile togamaano go kopana le bone mo namolong mo Florida bosigo pele ga foo.

Ba ne ba tlogela Geogia maphakela ka 4am, ba kgweetsa dioura, ba dira letsatsi lotlhe le bosigo, le leano la go dira letsatsi le le latelang gape.

Ba ne ba ntlhalosetsa gotlhe ka monyenyo le go tshameka mo go molemo. Bothata fela jo ba neng ba na le bone e ne e le gore ba batla go emisa go lebogwa gore ba boele tirong. Poresidente wa Lomapo o ne a dumisa shaga ya gagwe ya dikeetane mme o ne a dira mo setlhareng se seoleng mme bishopo o ne a sutisa ditokololo tsa setlhare fa re tsena mo koloi ya rona go ya go setlhopha se se latelang sa namolo.

Pele mo letsatsing leo, jaaka re tsamaya go tswa letlhakoreng le lengwe, monna yo mongwe a tla fa go rona fa koloing, a rola hutshe ya gagwe, mme a re lebogela baithaopi. O ne a re, “Ga ke leloko la kereke ya lona. Ga ke dumele se lo se re diretseng. Modimo a le segofatse.” Moithaopi wa LDS yo a neng a eme go bapa le ene ka sekipa se se setlha a nyenya le go mo sogotlha legetla jaaka ekete ga a tshwanelwa ke go galaletswa.

Fa baithaopi go tswa kwa Georgia ba tlile go thusa monna yo a sa dumeleng,makgolo a Baitshepi ba Malatsi a Bofelo go tswa mo karolong e e gakgabatsang ya Florida baile makgolo a dimaele kwa borwa kwa lefelong le lengwe mo Florida kwa ba utlwileng gore batho ba amilwe thata.

Letsatsi leo ka gakologelwa le go tlhaloganya botoka mafoko a seperofeti a ga Moperofeti Joseph Smith: Motho yo o tletseng ka lorato la Modimo, ga a itumelele go segofatsa lelwapa la gagwe fela, mme o ikgethela go ralala lefatshe lotlhe, a le tlhaga go segofatsa letso lotlhe la batho.” (Teachings of Presidents of the Church: Joseph Smith [2007], 426).

Re bona lorato le mo matshelong a Baitshepi ba Malatsi a Bofelo gongwe le gongwe. Nako le nako fa go na le tiragalo e e boitshegang mo lefatsheng, Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ba abela le go ithaopa go boitshoko jwa Kereke go setho sa batho. Boikuelo gantsi ga bo tlhokege. Ka nnete, mo ditiragalong dingwe, re ne re tshwanelwa ke go kopa e le baithaopi go ema go tsamaya go ya lefelong la namolo go fitlha bao ba kaelang tiro ba ipaakantse go ba amogela.

Keletso eo go segofatsa ke leungo la batho ba amogela bopaki jwa ga Jeso Keresete, efangele ya Gagwe, Kereke ya gagwe e Tsosolositsweng, le moperofeti wa Gagwe. Ke sone seo batho ba Morena ba sa belaeleng e bile ba sa boife. Ke sone seo baanamisa efangele ba ithaopela tirelo mo khutlong nngwe le nngwe ya lefatshe. Ke sone seo batsadi ba rapelelang ba bangwe le bana ba bone. Ke sone seo baeteledipele ba gwetlhang banana ba bone go tsaya kopo ya Poresidente Monson go inwetsa Buka ya ga Momone mo pelong. Leungo ga letla ka go kopiwa ke baeteledipele mme ke banana le maloko ba dira ka tumelo. Tumelo eo, e tsengwa mo tirisong, e e tlhokang setlhabelo sa boineelo, e tlisa phetogo ya pelo e e ba letlelelang go utlwa lorato la Modimo.

Dipelo tsa rona, le fa go ntse jalo, di nna di fetotswe fela fa jaaka re tswelela go sala morago kgakololo ya moperofeti. Fa re emisa go phanya morago ga go leka gangwe, phetogo e tlaa nyelela.

Baitshepi ba Malatsia Bofelo ba ba boikanyego ba okeditse tumelo ya bone mo go Jeso Keresete, mo Bukeng ya ga Momone jaaka lefoko la Modimo, le mo tsosolosong ya dilotlele tsa boperesiti mo Kerekeng ya Gagwe ya boammaaruri. Bopaki joo jo bo oketsegileng bo re neetse bopelokgale jo bogolo le go amega ka ba bangwe bana ba Modimo. Mme dikgwetlho le menyetla e e kwa pele e tla batla mo gontsi.

Re ka se bone ka botlalo, mme re itse setshwantsho se se tona. Re a itse gore mo malatsing a bofelo, lefatshe le tlaabo le le mo khuduegong. Re a itse gore mo gare ga mathata ape a tlang, Morena o tlaa kaela baitshepi ba Malatsi a Bofelo go tsaya efangele ya ga Jeso Kerete go tshaba nngwe le nngwe, lotso, teme, le batho. Mme re a itse gore barutwana ba boammaaruri ba Morena ba tlaa itekanela le go ipaakanyetsa go mo amogela fa a tla gape. Re tlhoka go sa boife.

Jalo, jaaka re setse re agile tumelo le bopelokgale mo dipelong tsa rona, Morena o solofetse mo gontsi mo go rona—mme go tswa mo masikeng morago ga rona. Ba tlaa tlhoka go nonofa le go nna pelokgale ka ntlha ya gore ba tlaa dira le e leng mo gogolo le dilo tse di thata go feta jaaka re dirile. Mme ba tlaa lebagana le koketsego ya kganetso go tswa go mmaba wa mewa ya rona.

Tsela ya go nna le tsholofelo jaaka re ya pele e neetswe ke Morena: Lebang kwa go nna mo kakanyong nngwe le nngwe; se belaele, se boife (D&C 6:36). Poresidente Monson o re boleletse ka fa re ka dirang jalo. Re tshwanetse go tlhatlhanya le go diragatsa Buka ya ga Momone le mafoko a baperesiti. Rapela ka metlha. O dumele. Direla Morena ka pelo yotlhe ya gago, maatla, tlhaloganyo, le nonofo. Re tshwanetse go rapela ka nonofo yotlhe ya dipelo tsa rona go neo ya lorato, lorato le le itshekileng la ga Keresete (bona Moroni 7:47–48). Godimo ga tsotlhe, re tshwanetse go tlhomama le go tatalala mo go saleng morago kgakololo ya seperofeto.

Fa tsela e le thata, re ka ikaega ka tsholofetso ya Morena—tsholofetso e Poresidente Monson a re gakolotseng fa kgapetsa kgapetsa a umaka mafoko a a Mmoloki: Ope yo o go amogelang, koo le gone ke tlaa nna teng, gonne ke tlaa tsamaya fa pele ga gago. Ke tlaa bo ke le mo seatleng sa lona sa moja le mo molemeng wa lona, mme Mowa wa me o tlaa nna mo dipelong tsa lona, mme baengele ba me go lo dikaganyetsa, go lo tshegetsa” (D&C 84:88).

Ke paka gore Morena o tsamaya fa pele ga lona fa lo le mo taetsong ya Gagwe. Nako tse dingwe o tlaabo o le moengele yo Morena a tlaa mo romelang go tshegetsa ba bangwe. Nako tse dingwe o tlaabo o le mongwe yo o dikaganyeditsweng ke baengele go go tshegetsa. Mme ka metlha o tlaa nna le Mowa wa gagwe go nna mo pelong ya gago, jaaka o solofeditswe mo tirelong nngwe le nngwe ya sakaramente. O na le fela go tshegetsa ditaelo tsa Gagwe.

Matsatsi a siameng a kwa pele go bogosi jwa Modimo mo lefatsheng. Kganetso e tlaa nonotsha tumelo ya rona mo go Jeso Keresete, jaaka e dirile e sale malatsi a ga Moperofeti Joseph Smith. Tumelo ka metlha e fenya poifo. Go ema mmogo go tlisa bongwefela. Mme dithapelo tsa gago go bao ba ba thokang di a utlwiwa le go arabiwa ke Modimo o lorato. Ga a otsele le fa e le go robala.

Ke fa bopaki jwa me gore Modimo Rraetsho o a tshela e bile o batla o tla gae kwa go Ene. Se ke Kereke ya boammaaruri ya Morena Jeso Keresete. O a go itse, O a go rata, O go tlhokometse. O lefetse dibe tsa gago le tsa me le dibe tsa botlhe bana ba ga Rara wa Legodimo. Go mo sala morago mo botshelong jwa gago le mo go direleng ba bangwe ke tsela e lengwe go botshelo jo bosakhutleng.

Ke a paka le go go tlogelela tshegofatso ya me le lorato la me. Mo leineng le le boitshepo la ga Jeso Keresete, amene.

Gatisa