2017
Bokgaitsadi ba Bararo
November 2017


Molaetsa wa Thuto ya Tekolo, Ngwanatsele 2017

Bokgaitsadi ba Bararo

Re na le maikarabelo a borutwana jwa rona, mme bo na le go le gonnye—fa gongwe—go dira ka tsela e re tsayang ba bangwe ka teng.

Bokgaitsadi ba ba rategang, ditsala tse di rategang, go simolola khonforense ya kakaretso ka phuthego ya bokgaitsadi lefatshe ka bophara go kgethegile e bile go a gakgamatsa. Gopola: bokgaitsadi ba dingwaga tsotlhe, mo go fetileng, ditshaba, le dipuo di kopane ka tumelo le lorato go Morena Jeso Keresete.

Jaaka re sa tswa go kopana le moperofeti wa rona yo o o rategang, Poresidente Thomas S. Monson; o ne a re itsese ka fa a ratang Morena ka teng. Mme Ke a itse gore Poresidente Monson o itumelela thata lorato la lona, dithapelo tsa lona, le go ineela ga lona go Morena.

Bogologolo mo lefatsheng le le kgakala go ne go tshela lelwapa la bokgaitsadi ba bararo.

Kgaitsadi wa ntlha o ne a le pelo botlhoko. Sengwe le sengwe go tswa ka nko go ya seledung le go tswa ka letlalo la gagwe go dikgato di ne di lebega di se molemo mo go lekaneng go ene. Fa a bua, mafoko a gagwe nako tse dingwe a ne a tswa a le boatla, mme batho ba tshega. Fa mongwe a mo kgala kgotsa “a lebala” go mo laletsa sengwe, o ne a bifa, a tsamae, mme a batle lefelo la sephiri kwa a tlaa ntshetsang bo pelo botlhoko teng ka phegelo mme a gakgamalela go re ka goreng botshelo bo nna tsididi e bile bo sa itumedise.

Wa bobedi o ne a tlhakane tlhogo. O ne a akanya gore o tshatshama baba thata, mme go ne go na le mongwe ka metlha o sele yoo tshwarang kwa godimo mo ditlhatlhobong kwa sekolong. O ne a akanya gore wa tshegisa, o montle, o bopegile, e bile a kgatlhisa. Mme ka metlha, go ne go lebega go na le mongwe o tshegisang, yo o montle, yo o bopegileng thata, kgotsa o kgatlhisang thata.

E ne e se wa ntlha mo go sepe, mme se o ne a seka a se itshokela. O ne a gopola gore botshelo ga bo tshwanela go nna ka tsela e!

Nako tse dingwe o ne a seolela go ba bangwe, mme o ne a lebega ka metlha a le kgakajana le go gatelelwa ke selo kgotsa se sengwe.

Ee, se se ne se sa mo dire gore a ratiwe thata kgotsa a itsege. Nako tse dingwe o ne a shena meno, a mena feisi, mme a akanya, “Botshelo ga bo a siama!”

Jalo go ne go na le kgaitsadi wa boraro. Jaaka e seng kgaitsadi wa gagwe o o pelo botlhko le o tlhakaneng tlhogo, o ne a—siame, a itumetse Mme e ne e se ka ntlha ya go tshatshama baba kgotsa go nna montle thata kgotsa go nonofa go feta bo kgaitsadie. Nnya, batho nako tse dingwe ba ne ba mo tshaba kgotsa a mo tlhokomologa le ene. Nako tse dingwe ba ne ba mo ja setshego ka se a se apereng kgotsa dilo tse a di buang. Nako tse dingwe ba ne ba bua dilo tse di maswe ka ene. Mme o ne a seka a letlelela sepe sa tseo go mo tshwenya thata.

Kgaitsadi o o ne a rata go opela. O ne a sena molotsa o mogolo, mme batho ba ne ba tshega ka ga gone, mme seo se ne sa seka sa mo emisa. O ne a nna a re, Ga ke na go letlelela batho ba bangwe le megopolo ya bone go nkemisa go opela.

Nnete tota ya gore o ne a tswelela a opela e ne ya dira gore kgaitsadie wa ntlha a nne pelo e botlhoko mme kgaitsadie wa bobedi a tlhakane tlhogo.

Dingwaga tse dintsi tsa feta, mme kgabagare mongwe le mongwe wa bo kgaitsadi a fitlha fa bokhutlong jwa nako ya gagwe mo lefatsheng.

Kgaitsadi wa ntlha, o a boneng gangwe le gape gore go ne go sena khutswafatso ya go kgobega marapo mo botshelong, kgabagare a swa a le pelo e botlhoko.

Wa bobedi, yo o tsatsi le letsatsi a boneng sengwe se sesha se a ka se se rateng, a swa a tlhakane tlhogo.

Mme kgaitsadi wa boraro, yo a tsereng botshelo jwa gagwe a opela pina ya gagwe ka maatla otlhe a gagwe le go tshepa monyenyo mo sefatlhogong sa gagwe, a swa a itumetse.

Ee, botshelo ga bo motlhofo, e bile batho ga bake ba nna mo seemong se le sengwe jaaka bokgaitsadi ba bararo mo polelong e. Mme le e leng dikai tse di feteletseng jaaka se se ka re ruta sengwe ka ga rona. Fa o le jaaka bangwe ba rona, o ka bo o lemogile karolo ya gago mo mongwe, babedi kgotsa gongwe botlhe ba bararo ba bo kgaitsadi ba. A re lebelele mongwe le mongwe ka kelotlhoko.

Motswasetlhabelo

Kgaitsadi wa ntlha o ipone jaaka motswasetlhabelo—jaaka mongwe o a neng a direlwa.1 Go lebega ekete selo se le sengwe morago ga se sengwe se ne se mo diragalela go mo tlhomola pelo. Ka tsela e ya botshelo, o ne a neela ba bangwe taolo ka fa a ikutlwang ka teng le go itsaya. Fa re dirase, re kgweetswa ke phefo nngwe le nngwe ya mogopolo—mme mo letsatsing le la ditlhaeletsanyo tsa setho, diphefo tseo di foka ka bokete jwa ledimo.

Bokgaitsadi ba ba rategang, ke eng go neela boitumelo jwa lona go mongwe, kgotsa setlhopha sa bangwe, ba ba sa kgathaleleng go le gonnye ka ga wena kgotsa boitumelo jwa gago?

Fa o iphitlhela o tshwenyegile ka se ba bangwe ba se buang ka ga wena, nka go fa mogopolo o: gakologelwa gore o mang. Gakologelwa gore o wa ntlo ya segosi ya bogosi jwa Modimo,barwadi ba Batsadi ba Legodimo, ba ba busang go ralala lefatshe.

O na le DNA ya semowa ya Modimo. O na le dineo tse di kgethegileng tse di tlholegileng motlholegong ya gago ya semowa e bile e tlhabolotswe nako e kgolo ya boalo jwa botshelo jwa pele jwa gago. O ngwana wa ga rraetsho wa legodimo o o mautlwelobotlho wa bosenang phelelo, Morena wa Masomosomo, Mongwe yo o bopileng lefatshe, a phatlalatsa go dikologa ga dinaledi go ralala bogolo jwa boalo jwa lefaufau, mme a tlhome dipolanete mo go dikologeng ga tsone.

O mo diatleng tsa gagwe

Diatla tota tse di siameng.

Diatla tsa lorato

Diatla tsa tlhokomelo.

Mme ga go sepe ope a ka se buang ka ga wena se ka se fetola. Mafoko a bone ga a na bokao go tshwan le seo Modimo a se buileng ka wena.

O ngwana wa gagwe o o rategang.

O a go rata.

Le fa o kgojwa, le e leng fa o mo furalela, Modimo o a go rata. Fa o ikutlwa o latlhegile, o tlogetswe, kgotsa o lebetswe—se boife Modisa o o Molemo o tlaa go bona. O tlaa go tsholeletsa mo magetleng a gagwe. Mme O tlaa go isa gae.2

Bokgaitsadi ba me ba ba rategang, tswee tswee a boammaaruri jo jwa selegodimo bo nwele mo boteng jwa dipelo tsa lona. Mme lo tlaa bona gore go na le mabaka a mantsi gore lo se nne pelo botlhoko, gonne lona le bowelo jwa bosakhutleng go bo diragatsa.

Mmoloki yo o rategang wa lefatshe o neetse botshelo jwa gagwe gore o ka itlhophela go dira bowelo boammaaruri. O itseetse go wena leina la Gagwe; lo barutwana ba Gagwe. Mme ka ntlha ya Gagwe, lo ka ikapesa ka diaparo tsa kgalalelo ya bosakhutleng.

Motlhoi

Kgaitsadi wa bobedi o ne a galefetse lefatshe. Jaaka kgaitsadie o pelo e botlhoko, o ne a ikutlwa gore mathata mo botshelong jwa gagwe bo ne bo dirwa ke mongwe o sele. O ne a pega molato lelwapa la gagwe, ditsala tsa gagwe, mogolwane wa gagwe le babereki ka ene, mapodisi, baagisanyi, baeteledipele ba Kereke, kapari e e fetogang ya malatsi a, le e leng bokete jwa go tuka ga letsatsi le botlhoko madimabe. Mme fa a seolwa go tswa mo go tsone tsotlhe.

O ne a sa akanye ka e le motho yo o seapu. Mog osa tshwaneng, o ne a ikutlwa e le ene a ikgomaretseng. Mongwe le mongwe o sele, o ne a dumela, o ne a kgothatswa ke bopelotshetlha, go nyatsega, le letlhoo. Ene, mo letlhakoreng le lengwe, o ne a kgothatswa ke maikaelelo a molemo—tshiamo, seriti, le lorato.

Le fa gontse jalo, kgaitsadi o o tlhakaneng tlhogo tsela ya go akanya ga gagwe gone go tlhwaelesegile. Se sene sa lemogwa mo ithutontshong e e tlhotlhomisang kgotlhang ma gareng ga ditlhopha tsa bagadikane. Jaaka karolo ya ithutontsho, ba batlisisi ba botsolotsa Mopalesitane le moiseraele mo Bogare jwa Botlhaba, le Republican le Democrats mo United States. Ba lemoga gore “le tlhakore lengwe le lengwe ba utlwa gore setlhopha sa bone [se ne] se kgothatswa ke lorato go na le lotlhoo, mme fa ba botswa gore ke eng setlhopha sa bagadikane [se ne] se tseneletse mo kgotlhang e, [ba] ba supa letlhoo jaaka [nngwe] ya boleng jwa kgothatso ya setlhopha.”3

Ka mafoko a mangwe, setlhopha sengwe le sengwe se a ikakanyetsa jaaka “ba ba molemo”—tekatekanyo, ba siame, le boammaaruri. Mo go tshwanang, ba bona bagadikane ba bone jaaka “ba ba sa siamang”—ba tlhokakitso, ba sa ikanyege, le e leng bosula.

Mo ngwageng o ke tshotsweng ka one, lefatshe le ne le tsene mo ntweng e e boitshegang e e tlisitseng botlhoko jo bo ngomolang pelo lebotlhoko jo bo lailang lefatshe. Go ne go na le ntwa e e dirilweng ke tshaba ya me—ka setlhopha sa batho ba ba boneng ditlhopha dingwe jaaka bosula mme ba rotloetsa letlhoo mo go bone.

Ba ne ba didimatsa bao ba neng ba sa ba rate. Ba ba tlhabisa ditlhong le go ba sulafaletsa. Ba ne ba tsaya ba le babotlana—le e leng go fetwa ke setho. Fela fa o nyatsa setlhopha sa batho, o ka iphitlhela o siamisa mafoko le ditiro tsa boganka kgatlhanong le bone.

Ke tsitla marapo fa ke akanya ka se se diragetseng mo Jeremane wa makgolo a 20.

Fa mongwe a re ganetsa kgotsa a sa dumalane le rona, go a raela go akanya gore go na le sengwe se se phoso ka bone. Mme go tswa foo ke kgato e nnye go kopanya dikgothatso tse di maswe bogolo go mafoko le ditiro tsa bone.

Ee, re tshwanetse ka metlha re emele se se siameng, mme go na le dinako fa re tshwanelwa ke go kuka mantswe go seo. Le fa go ntse jalo, fa re dira se ka bogale kgotsa letlhoo mo dipelong tsa rona—fa re seola ba bangwe go ba tlhokofatsa, ditlhong, kgotsa re ba didimatsa—sedimogo ke gore ga re dire seo ka tshiamo.

Mmoloki o rutile eng?

“Ke a lo raya, Ratang baba ba lona, segofatsang ba ba lo hutsang, dirang molemo go bone ba ba lo ilang, mme lo ba rapelele ba ba lo dirisang ka lenyatso le go lo bogisa;

“Gore lo ka nna bana ba Rraeno yo o kwa legodimong.”4

Se ke tsela ya Mmoloki. Se ke kgato ya ntlha mo go thubaganyeng dikgoreletsi tse di dirang bogale jo bontsi, letlhoo, kgaogano, boganka mo lefatshe.

“Ee,” o ka re, “Ke ka eletsa go rata mmaba wa me—fa fela ba ne ba eletsa go dira mo go tswanang.”

Mme seo ga se reye sepe, ga se gone? Re na le maikarabelo a borutwana jwa rona, mme bo na le go le gonnye—fa gongwe—go dira ka tsela e re tsayang ba bangwe ka teng. Le mororo re solofela gore ba tlaa tlhaloganya le ka lorato, mme lorato la rona go bone ga le a ikaega ka maikutlo a rona.

Gongwe boitshoko jwa rona go rata baba ba rona bo tlaanolofatsa dipelo tsa bone le go ba rotloeletsa molemo. Gongwe ga go ka ke. Mme seo ga se fetole maikaelelo a rona go sala Jeso Keresete morago.

Jalo, jaaka maloko a Kereke ya ga Jeso Keresete, re tlaa rata baba ba rona.

Re tlaa fenya bogale kgotsa letlhoo.

Re tlaa tlatsa dipelo tsa rona ka lorato go bana botlhe ba Modimo.

Re tlaa tswela ntle go segofatsa ba bangwe le go direla go bone—le e leng bao ba ba ka “dirisang ka lenyatso le go re bogisa.”5

Morutwana o o Ikanyegang

Kgaitsadi wa boraro o emetse morutwana o o ikanyegang wa ga Jeso keresete. O ne a dira sengwe se se ka nnang thata go dirwa: o tshepile Modimo le e leng mo sefatlhogong sa tshotlo le bothata. Ka gongwe o ne a nitamisa tumelo le tsholofelo, le fa a sotlwa le nyefolo e mo dikologile. O ne a tshela ka boitumelo e seng ka gore diemo tsa gagwe di ne di itumedisa mme ka gore one a itumela.

Ga go ope wa rona yo o fitlhelelang loeto la botshelo a sa ganediwe. Ka dithata tse dintsi di leka go re gogela, re tshegetsa jang pono ya rona e tlhomame mo boitumelo jo bo galalelang jo bo solofeditsweng ba baikanyegang?

Ke dumela gore karabo e ka bonwa mo torong e moperofeti a nnileng le yone diketekete tsa dingwaga tse di fetileng. Leina la moperofeti yoo ke Lehi, toro ya gagwe e gatisitswe mo Bukeng ya ga Momone e e rategang e bile e gakgamatsa.

Mo torong ya gagwe, Lehi a bona boalo jwa lebala, mo go yone gone go na le setlhare se se gakgamatsang, se sentle go feta tlhaloso. Le gone o ne a bona ditlhopha tse dikgolo tsa batho ba ya kwa setlhareng. Ba ne ba batla go utlwa leungo le le galalelang. Ba utlwa le go tshepa gore le tlaa ba neela boitumelo jo bogolo le kagiso.

Se e ne e le tsela e e tshesane e e isang kwa setlhareng, mme fa thoko go ne go na le thobane ya tshipi e e ba thusitseng go nna mo tseleng. Mme gape gone go na le mouwane wa bontho o o kgoreletsang pono ya bone yotlhe ya tsela le setlhare. Mme gongwe le e leng mo go le kotsi thata e ne e le modumo wa setshego se se kwa godimo le tshotlo e e tswang kwa kagong e tona ya kgatshimolo e e mabapi. Mo go gakgamatsang, tshotlo e ne e sita batho bangwe ba ba neng ba gorogile kwa setlhare le go utlwa loungo le le gakgamatsang ba simolola go tlhwa ke ditlhong le go timela.6

Gongwe ba simolola go belaela gore setlhare ruri jaaka se ne se le sentle jaaka ba kile ba akanya. Gongwe ba simolola go ipotsa ka nnete ya se ba se itemogetseng.

Gongwe ba akanya gore fa ba fularela setlhare, botshelo bo tlaa nna motlhofo. Gongwe ga ba ne ba sotlwa le go tshegwa ka gope.

Mme gongwe, batho ba ba sotlang ba lebega jaaka batho ba ba itumetseng e bile ba na le nako e molemo Jalo gongwe fa ba tlogela setlhare, ba tlaa mogelwa mo phuthegong e e kgolo ya kago ya kgatshimolo mme ba opelwe legofi go katlholo ya bone, botlhale le botsetseleko.

Nna mo Tseleng

Bokgaitsadi ba ba rategang, ditsala tse di rategang, fa lo bona go le thata go tshegetsa thobane ya tshipi le go tsamaya ka tlhomamo go ya polokong; fa go setshego le tshotlo ya bangwe ba ba lebegang ba baitshepa e dira lo reketle; fa o tshwengwa ke dipotso tsa di sa arabiwang kgotsa dithuto tse o sa di tlhaloganyeng, fa o ikutlwa o le pelo botlhoko ka ntlha ya go kgojwa marapo, Ke go tlhotlheletsa go gakologelwa toro ya ga Lehi.

Nna mo Tseleng!

O se kitla o tlogela thobane ya tshipi—lefoko la Modimo!

Mme fa mongwe a leka go go dira o tlhabiwe ke ditlhong ka go tlhakanela lorato la Modimo, ba tlhokomologe.

O se kitla o lebala gore o ngwana wa Modimo; dikhumo tsa masego di mo mabolokelong; fa o ka ithuta go dira go rata Gagwe, o tlaa tshela le Ene gape!7

Ditsholofetso tsa pako le go amogelwa ke lefathse ga di ikanyege, ga di boammaruri, e bile ga di kgotsofatse. Ditsholofetso tsa Modimo di rurifetse, boammaaruri, le boitumelo—jaanong le ka bosenang bokhutlo.

Ke lo laletsa go akanya ka bodumedi le tumelo ya temogo e e kwa godimo. Ga gona sepe se se abilweng mo kagong e kgolo ya kgatshimelo se se ka tshwantshangwang le loungo la go tshela efangele ya ga Jeso Keresete.

Ka mmaanete, “leitlho ga lo ise lo bone, le fa e le tsebe ga e ise e utlwa, le fa e le go tsena mo pelong ya motho, dilo tse Modimo a di baakanyeditseng bone ba ba mo ratang.”8

Ke ithutile ka bo nna gore tsela ya borutwana mo efangeleng ya ga Jeso Keresete ke tsela ya boitumelo. Ke tsela ya tshireletso le kagiso. Ke tsela ya boammaaruri.

Ke fa bopaki gore ka neo le thata ya Mowa o o Boitshepo, o ka ithuta se ka bo wena.

Go sale jalo, fa tsela e nna thata, ke solofela lo tlaa bona botshabelo le nonofo mo tlhulaganyong e e gakgamatsang ya Kereke: Poraemari, Basadi ba ba Potlana, le Mokgatlho wa Thuso. Ba tswana le dintlha tsa tsela, kwa o shafatsang boikanyego jwa gago le tumelo go loeto le le kwa pele. Ba sireletsegile mo gae, kwa o ka utlwang o le wa teng le go amogela kgothatso go tswa mo go bo kgaitsadi ba gago le barutwana ba bangwe.

Dilo tse o di ithutang mo Poraemari di go baakanyetsa boammaaruri jwa tlaleletso jo o tlaa bo ithutang jaaka mosadi yo o potlana. Tsela ya borutwana e o e tsamayang mo ntlong ya borutelo ya Basadi ba ba Potlana e gogela go bokopano le bokgaitsadi jwa Mokgatlho wa Thuso. Ka kgato nngwe le nngwe mo tseleng, o neelwa sebaka sa tlalaletso go supa lorato la gago go ba bangwe ka ditiro tsa tumelo, bopelonomi, lorato, bomolemo le tirelo.

Go ikgethela tsela e ya borutwana e tlaa go gogela go boitumelo jo bo sa bolelwang le go ditiragatso tsa tlholego ya gago ya selegodimo.

Ga e kake ya nna motlhofo. E tlaa tlhoka mo go botoka thata mo o nang le gone—botlhale jotlhe jwa gago, botsipa, tumelo, seriti, nonofo, boikaelelo, le lorato. Mme letsatsi lengwe o tlaa lebelela kwa morago mo boitshokong jwa gago, mme oh, o tlaa itumela jang gore o ne wa nonofa, gore o dumetse le gore o ne wa seka wa tswa mo tseleng.

Tswelela

Go ka tswa go na le dilo tse dintsi ka botshelo tse di fitileng taolo ya gago. Mme kwa bokhutlong, o na le thata go tlhopha gotlhe bowelo le bontsi jwa maitemogelo mo tseleng. Ga se thata nonofo ya gago mme boikgethelo jo bo dirang pharologanyo mo botshelong.9

O ka se letlelele diemo go go dira pelo e botlhoko.

O ka se ba letlelele go go tlhakanya tlhogo.

O ka itumela gore o morwadie Modimo. O ka bona boipelo le boitumelo mo letlhogonolong la Modimo le mo loratong la ga Jeso Keresete.

O ka itumela.

Ke go tlhotlheletsa go tlatsa dipelo tsa lona ka boitumelo go letlotlo le bomolemo jo bo senang selekanyo jwa Modimo. Bokgaitsadi ba me ba ba rategang, lo ka dira se! Ke rapela ka maikutlo a me otlhe a mowa wa me gore lo ka dira boikgethelo go tswelela go setlhare sa botshelo. Ke rapela gore lo kgethe go tsholetsa lentswe la lona le go dira matshelo a lona go galalela ga bodiragatsi jwa pako, lo ipela mo go se lorato la Modimo, dikgakgamatso tsa Kereke ya Gagwe, le efangele ya ga Jeso Keresete e ka di tlisang mo lefatsheng.

Pina ya borutwana jwa boammaaruri e ka utlwala e dule mo moloding kgotsa le gone e le kwa godimonyana go ba bangwe. E sale go simologa ga nako, se se ntse sentse jalo.

Mme Rraarona wa Legodimo le go bao ba ba ratang le go mo tlotla, ke pina e e rategang thata e bile e le ntle—pina e e rotloetsang le go itshepisa ya lorato la thekololo le tirelo go Modimo le ba bangwe.10

Ke tlogela tshegofatso ya me jaaka Moaposetole wa morena gore lo tlaa bona nonofo le bopelokgale go tswelela o itumela jaaka morwadie Modimo fa o itumeletse go tsamaya letsatsi le letsatsi mo tseleng e e galalelang ya borutwana. Mo leineng le le boitshepo la ga Jeso Keresete, amene.

Gatisa