2017
Go senkaKeresete ka Keresemose
December 2017


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Sedimonthole 2017

Go senka Keresete ka Keresemose

Go botlhe ba ba eletsang go tlhaloganya gore re bo mang jaaka maloko a Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshephi ba motlha wa Bofelo, ke rata go lo neela ntlha ya tshimologo e e tlhaloswang ke mafoko ano a mararo: Re senka Keresete.

Re senka go itse ka ene Go mosala morago. Go nna thata jaaka ene.

Letsatsi lengwe le lengwe ka nako yotlhe ya ngwaga, re a mo senka. Mme thata thata ka nako e ya ngwaga—Keresemose, fa re ipelela botsalo jwa Mmoloki wa rona yo o rategang—dipelo tsa rona ka metlha di sekamela kwa go ene.

Jaaka bontlhabongwe jwa dithulaganyo tsa rona go ipelela Keresemose, a re tlhokomeleng ka fa bao ba ba tshedileng meleniale tse pedi tse di fetileng ba neng ba iketleeleditse go amogela kgorogo ya Mmoloki.

Badisa

Ga re itse thata ka ga badisa, fa e se fela gore ba ne ba nna mo masimong, ba tlhokometse letsomane la bone ka nako tsa bosigo1 Badisa ba ne thata ba feta go ka nna batho fela ba ba tlwaelesegileng, jaaka bontsi jwa mewa e e galeletsegang ba ba tswelelang le letsatsi la bone ba batla botshelo.

Ba ka emela batho ba, ka nako nngwe, ba ka tswang ba ne ba se matlhagatlhaga mo go batleng Keresete, mme dipelo tsa bone di fetoge fa magodimo a ne a atlhamologa mme ba bolelelwa ka Kereste.

ba ke bone, ba morago ga ba sena go utlwa lentswe la barongwa ba selegodimo, ka bofefo ba ya Betlelehema ba batla go bona.2

Banna ba ba botlhale

Banna ba ba botlhale e ne e le batlhatlhelela thuto ba ba neng ba ntse ba ithuta ka go tla ga ga Mesia, Morwa Modimo. ka go ithuta ga bone, ba ne ba nopola ditshupo tse di supang kwa botsalo jwa Gagwe. E rile fa ba di nopola, ba ne ba tlogela magae a bone mme ba tsamaela kwa Jerusalema, ba botsa, O fa kae yo o tsetsweng Kgosi ya Bajuta?”3

Kitso ya bone e ne ya se ka ya nna fela ya motlhatlhelela thuto. Fa ba sena go bona ditshupo tsa botsalo jwa Gagwe, ba ne ba tsaya kgato. Ba simolola loeto go bona Keresete.

Banna ba ba botlhale ba ka nna sekai sa bao ba ba batlang Keresete ka go ithuta le ka thuto ya motlhatlhelela thuto. Boinelo jwa bone jwa boamaaruri kwa bofelong bo ba gogela go bona Keresete le go mo obamela jaaka Kgosi ya Dikgosi, Mmoloki wa batho.4

Simeone le Ana

Simeone le Ana ba ka nna sekai sa bao ba ba senkang Keresete ka Mowa. Mewa e e e gakgamatsang e ne ka poifa Modimo e na le tumelo mme, ka go itima dijo le thapelo le go tshela matshelo a boinelo le kutlo, ba lebelela ka tlhologelelo go bona letsatsi la go tla ga Morwa Modimo.

Ka boikanyego, boingotlo, le tumelo, ka pelotelele ba ne ba lebelela go tla ga Mmoloki.

Kwa bofelong, boikanyego jwa bone bo ne jwa duelwa jaaka Maria le Josefa ba ba supetsa ngwana yo ka letsatsi lengwe a tlaa ipelegisang dibe tsa batho.5

Badumedi mo gare ga Banefi le Balamane

Go amiwa ga polelo ya ka fa badumedi mo Lefatsheng le Lesha ba neng ba lebelela ditshupo tsa go tsalwa ga Mmoloki di fitlhelwa mo Bukeng ya ga Momone.

O gakologelwa gore bao ba ba nnileng le tumelo mo go Keresete ba ne ba sotliwa le go bogisiwa. Batlhabologi ba letsatsi leo ba ne ba latofatsa badumedi ka go kgomarela meila ya boeleele. Tota, batlhoka tumelo ba ne ba utlwala thata mo ditshotlong tsa bone tseo ba neng ba di dira ‘‘pheretlho e kgolo” mo lefatsheng (3 Nephi 1:7). Ba ne ba tlaopa bao ba ba neng ba dumela gore Mmoloki o tlaa tsholwa.

Bogale jwa bone le tshakgalo di ne tsa gola mo go golo thata gore ba bo ba ganelele mo dikakanyo tsa go didimaletsa ruri bao ba ba neng ba dumela mo Mmoloking. Buka ya Momone e bolela ka tharabololo e e makatsang6

Badumedi ba ba neng ba tshela ka nako e ba ka nna sekai sa bao ba ba senkang Keresete fela le fa ba bangwe ba ba tshega, sotla le go ba roga. Ba senka Keresete fela le fa ba bangwe ba leka go ba tsaya jaaka ba ba sa tlhabologang , ba ba senang leitlho le thato ya dilo tsa maemo a a kwa godimo, kgotsa ba ba tsietsega motlhofo.

Mme lenyatso la ba bangwe ga le kgobe marapo badumedi ba boammaaruri mo go senkeng Keresete.

Jeso Keresete

Ka nako yotlhe ya ngwaga, mme gongwe thata thata ka paka e ya Keresemose, go ka re thusa gangwe gape go botsa potso ‘‘ Ke senka jang Kereste?’’

Ka sebaka se se thata sa botshelo jwa gagwe, Kgosi e kgolo Dafite o ne a kwala, ‘‘Ao Modimo, o Modimo wa me; ke tla go batla go sa le gale: mowa wa me o go nyoretswe, nama ya me e go tlhologeletswe.’’7

Gongwe mokgwa o wa go senka Modimo e ne e le mongwe wa mabaka Dafite a neng a kaiwa jaaka monna Ka fa pelong ya Modimo8

Ka nako e ya paka ya Keresemose le ka nako yotlhe ya ngwaga, a re ka senka ka dipelo tsa rona le mewa ya rona Mmoloki wa rona yo o rategang, Kgosana ya Kagiso, Moitshephi wa Iseraele. Gonne keletso e, ka bogolo, ga e tlhalose fela gore re bomang jaaka maloko a Kereke ya ga Keresete ya Baitshephi ba motlha wa Bofelo mme le e leng thata gore tota re bomang jaaka barutwana ba ga Keresete.

Gatisa