2017
Go etleetsega go rwala merwalo ya ba bangwe
December 2017


Molaetsa waThuto ya Tekolo, Sedimonthole 2017

Go etleetsega go rwala merwalo ya ba bangwe

Ka thapelo ithute tiriso e mme o batle tlhotlheletso go itse se o ka se abelanang. Go tlhaloganya boikaelelo jwa Mokgatlho wa Thuso go tlaa baakanyetsa jang bomorwadie Modimo masego a botshelo jo bo sa khutleng?

Tumelo, Lelwapa, Thuso

“Re dikologilwe ke bao ba ba tlhokang kelotlhoko ya rona, kgothatso ya rona, tlamelo ya rona, kgomotso ya rona, le bopelonomi jwa rona”, go buile Poresidente Thomas S. Monson. “Re mabogo a Morena fano mo lefatsheng, ka maitlamo a go direla le go kakatlolola bana ba Gagwe. O ikantse mongwe le mongwe wa rona.” 1

Mopresidente Henry B. Eyring, Mogakolodi wa Ntlha mo Bopresidenteng jwa Ntlha, o rile: “Phetogo e kgolo e simologile mo pelong ya gago fa o ne o fitlha mo kerekeng. O dirile kgolagano, mme wa amogela tsholofetso e e neng ya simolola go fetola one mokgwa wa gago. …

‘‘… O solofeditse gore o tlaa thusa Morena go direla [ba bangwe’] merwalo motlhofo le go ba gomotsa. O neeilwe thata go tlhofofatsa merwalo eo fa o amogela neo ya Mowa o o Boitshepo.’’2

‘‘Re batla go dirisa lesedi la efangele go bona ba bangwe jaaka Mmoloki a dira—ka kutlwelobotlhoko, tsholofelo, le lorato lwa Modimo,’’ go buile Jean B. Bingham, Poresidente wa Mokgatlho wa Thuso. “Letsatsi le tlaa tla fa re tlaa nna le tlhaloganyo e e tletseng ya dipelo tsa ba bangwe mme re tlaa lebogela go nna re newa kutlwelobotlhoko- fela jaaka re neile megopolo ya thuso le mafoko go ba bangwe. …

‘‘maikarabelo a rona le tlotla ke go amogela phetogo mo go mongwe le mongwe jaaka re leka go nna thata jaaka Mmoloki.’’3

Jaaka re rwala merwalo ya ba bangwe le go tshegetsa dikgolagano tsa rona, re bula tsela gore Jeso Keresete a fodise ba bangwe. Mogolwane Jeffrey R. Holland wa lekgotla la ba Aposetole o rutile: ‘‘Go lebilwe tlhwatlhwa e e sa tlhaloganyesegeng ya Papolo le Tetlanyo, ke solofetsa gore ga a a tla go re fetogela jaanong. Fa a re bahumanegi mo moweng, ‘tlayang kwa go nna,’ O raya gore o itse tsela ya go tswa le tsela ya go tlhatloga. O e itse ka gore o e tsamaile. O itse tsela ka ntlha ya gore ke tsela.’’4

Dikwalo tse di boitshepo tse di tlaleletsang

Mathaio 25:40; Bagalatia 6:2;Mosaeya 2:17; 18:8–9

Dintlha

  1. Thomas S. Monson, “ Direla Morena ka Lorato,” Liahona, Tlhakole 2014, 4.

  2. Henry B. Eyring, “Mogomotsi,” Liahona, Motsheganong 2015, 18.

  3. Jean B. Bingham, ‘‘ Ke tlaa tlisa lesedi la Efangele go tsena mo Lwapeng la me,’’ Liahona Ngwanatsele 2016, 6, 8.

  4. Jeffrey R. Holland, “Dilo tse di senyegileng tse di tshwanetseng go bakangwa,” Liahona, Motsheganong 2006, 71.

Gatisa