2018
Itshwareganye le Ene Nako le nako, Gongwe le gongwe, Ka tsela epe
January 2018


Melawana ya Thuto ya Tekolo, Hirikgong 2018

Ikgolaganye le ena nako nngwe le nngwe, gongwe le gongwe, tsela nngwe le nngwe

Thuto ya Tekolo ke ka go direla. Jeso o diretse nako le nako le gongwe le gongwe. Re ka dira mo go tshwanang.

Go “direla” ke go naya tirelo, tlhokomelo, kgotsa thuso e e nayang kgomotso kgotsa boitumelo jwa yo mongwe. Thuto ya tekolo ke go lemoga ditsela tsa go direla go bao o ba etelang. Jeso Keresete o direla go botlhe—nako ngwe le ngwe le gongwe le gongwe. O jesa ba ba 5,000, a gomotsa Maria le Maretha ka loso la kgaitsadia bone, le go ruta efangele ya Gagwe go mosadi kwa sedibeng. O go dirile ka ntlha ya lorato la Gagwe le le tlhwaafetseng.

Go sala morago sekao sa Gagwe, jaaka baruti ba tekolo re ka itse le go rata kgaitsadi mongwe le mongwe yo re mo etelang Fa re rapelela tlhotlheletso go itse ka fa re ka mo direlang ka teng le go mo thusa go nonotsha tumelo, “baengele ga ba kake ba kganelwa go itsalanya le rona.”1

Go tswa mo setlhopheng sa Mokgatlho wa Thuso ka 1842 go gompieno, go direla ga bomme go segofaditse matshelo. Ka sekai, Joan Johnson, motlholagadi wa dingwaga tse 82, le mopati wa gagwe wa thuto ya tekolo ba etela le go ruta moagisanyi wa bone o o 89 e bile a na le botlhoko jwa lohuba. Ba ne ba bona gore moagisanyi wa bone o ne a sa ba tlhoke gangwe mo kgweding, jaloba simolola go mo tlhola beke nngwe le nngwe ka bo bone le ka mogala.

Go ba bangwe baruti ba tekolo, go romela molaetsa kgotsa go romela molaetsa ka maranyane go rotloetsa e ka nna selo se se molemo go se direla kgaitsadi kgwedi eo. Go dira kgolaganyo ka bowena le go reetsa ka mokgwa wa lorato go botlhokwa go thuto ya tekolo. Maranyane a malatsi ano le go tlotla go etela go lebanwe go re thusa go e dira nako le nako, gongwe le gongwe, le ka ditsela tse dintsi.2 Ke go direla jaaka Jeso a dirile.

Dintlha

  1. Teachings of Presidents of the Church: Joseph Smith 2007), 454.

  2. Bona Handbook 2: Administering the Church (2010), 9.5.1.

Gatisa