2018
Neo ya Boikotlhao
January 2018


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Hirikgong 2018

Neo ya Boikotlhao

“Maikarabelo a rona ke go tsoga go tswa mo makoeng go nonofo, go tswa go go palelwa go go atlega,” Poresidente Thomas S. Monson o rutile jalo. “Tiro ya rona ke go nna molemo mogolo. Nngwe ya dineo tse dikgolo bogolo mo go rona tsa Modimo ke boitumelo jwa go leka gape, gonne ga gona go palelwa mo go tlhokang go nna ga bofelo.”1

Gantsi re tlwaetse go simolola ngwaga o mosha ka boikaelelo le mekgele. Re swetsa go tokafala, go fetoga, go leka gape. Gongwe tsela e e botlhokwa thata e re ka e lekang gape ke ka go tlamparela se Poresidente Monson a se biditseng “neo ya boikotlhao.”2

Mo kinolong e e latelang go tswa mo dithutong tsa gagwe e sa le e nna Poresidente wa Kereke, Poresidente Monson o re gakolotse go “diragatsa madi a tetlanyo ya ga Keresete gore re ka amogela boitshwarelo jwa dibe tsa rona, e bile dipelo tsa rona di ka itshekisiwa.”3

Kgakgamatso ya Boitshwarelo

Rotlhe re dirile ditshwetso tse di sa siamang. Fa re ise re siamise ditshwetso tseo, Ke a lo solofetsa gore go na le tsela ya go dira jalo. Tsela eo e bidiwa boikotlhao. Ke a lo kopa go siamisa diphoso tsa lona. Mmoloki wa rona o re swetse go tlamela nna le wena ka neo eo e e segofaditsweng. Le fa gongwe tsela e se motlhofo, tsholofetso e tlhwaafetse: ‘Le fa dibe tsa gago di le dihibidu, di tlaa nna ditshweu jaaka kapoko’ [Isaia 1:18]. ‘Mme Nna. Morena, ga ke di gakologelwe ka gope’ [D&C 58:42]. Se beye botshelo jwa gago jwa bo sa khutleng mo diphatseng. Fa o dirile sebe, ka pela o simolole go dira go boela morago, ka pela o tlaa bona kagiso e botshe le boitumelo jo bo tlaang le kgakgamatso ya boitshwarelo.”4

Boela mo Tseleng

“Le ntswa go le botlhokwa go ikgethela ka botlhale, go na le nako e re tlaa dirang ditswetso tsa boeleele. Neo ya boikotlhao, e e neetsweng ke Mmoloki, e re nonotshetsa go siamisa ditselana tsa rona, gore re ka boela mo tseleng e e isang go kgalalelo ya selesetiale e re e batlang.”5

Go Boela Morago

“Fa mongwe wa lona a leofile mo loetong la gagwe, Ke mo solofetsa gore go na le go boela morago. Tsela eo e bidiwa boikotlhao. Le ntswa tsela e le thata, poloko ya gago ya bosakhutleng e ikaegile ka yone. Ke eng se se lekaneng bonatla jwa gago? Ke a le kopa gore lo tlhomame gone fa le jaanong go tsaya dikgato tse di tlhokegang go ikwatlhaya ka botlalo. Ka pela fa o dira jalo, ka pela o tlaa itemogela kagiso le tsisibalo le tsholofetso e e builweng ke Isaia [bona Isaia 1:18].”6

Batho ba Ka Fetoga

Re tlhoka go gakologelwa gore batho ba ka fetoga. Ba ka tlogela mekgwa e e maswe. Ba ka ikwatlhaela ditlolo Ba ka tshegetsa boperesiti ka boitekanelo. Mme ba ka direla Morena ka tlhwaafalo.”7

Ba ka Nna Phepa Gape

“Fa go ka nna le sengwe se se sa siamang mo botshelong jwa gago, o bulegetswe ke tsela ya go tswa. Emisa tshiamololo epe. Bua le bishopo wa gago. E ka ne e le mathata a fe, a ka baakangwa ka boikotlhao jo bo siameng. O ka nna phepa gangwe gape.”8

Karolo e e Botlhokwa ya Mmoloki

Botlhokwa go togamaano [ya poloko] ke Mmoloki, Jeso Keresete. Kwantle ga setlhabelo sa tetlanyo sa Gagwe, gotlhe go ka latlhega. Ga go a lekana, le fa go ntse jalo, fela go dumela mo go Ene le thomo ya Gagwe. Re tlhoka go dira le go ithuta, go batla le go rapela, go ikwatlhaya le go tokafala. Re tlhoka go itse melao ya Modimo le go e tshela. Re tlhoka go amogela ditlhomo tsa Gagwe tse di bolokang Fela ka go dira jalo re tlaa amogela boammaaruri, boitumelo jo bo sa khutlheng.”9

Dintlha

  1. “The Will Within,” Ensign, May 1987, 68.

  2. “Choices,” Liahona, May 2016, 86.

  3. Mosaeya 4:2

  4. “The Three Rs of Choice,” Liahona, Nov. 2010, 69.

  5. “Choices,” 86.

  6. “Keep the Commandments,” Liahona, Nov. 2015, 85.

  7. “See Others as They May Become,” Liahona, Nov. 2012, 68.

  8. “Priesthood Power,” Liahona, May 2011, 67.

  9. “The Perfect Path to Happiness,” Liahona, Nov. 2016, 80–81.

Gatisa