2018
Swetsa go Ikwatlhaya
January 2018


Banana

Swetsa go Ikwatlhaya

Poresidente Monson o tlhalosa gore “maikarabelo a rona ke go tsoga mo bokoeng go nonofo, go tswa mo go palelweng go atlega. Tiro ya rona ke go nna molemo bogolo.” Bontsi jwa batho bo tshwaela Hirikgong go dira mekgele le maikaelelo a go tokafala: go nyenya thata, go ja sentle, kgotsa go ithuta botswerere jo bosha. Le fa ntse ekgele e e ka go thusa go fetoga go nna botoka, tsela e e molemo ya go fetoga ke ka boikotlhao.

Le fa boikotlhao bo ka nna thata, ke neo! Jaaka fa re ikaega ka Jeso Keresete ka go ikwatlhaela dibe tsa rona, re nonofile go gola le go tswelela. Poresidente Monson a re, “Botlhokwa go togamaano [ya poloko] ke Mmoloki, Jeso Keresete. Kwantle ga setlhabelo sa tetlanyo ya Gagwe, gotlhe go ka latlhega. Ka boikotlhao, o ka tlhatshwiwa go nna phepa go dibe le go tswelela go nna thata jaaka Ene.

Akanya ka sengwe se se ka go thibelang go nna jaaka Mmoloki. A ke puo ya gago? Ka fa o tsayang ditsala kgotsa lelwapa? Morago ga go akanya se o ka se tokafatsang, rapela Rara wa Legodimo mme o supe keletso ya gago ya go fetoga. Gakologelwa gore ka thata ya Tetlanyo ya Gagwe, Jeso Keresete o ka go thusa go fenya bokoa jwa gago. Jaaka Poresidente Monson a ruta, Neo ya boikotlhao, e e neetsweng ka Mmoloki wa rona, e re nonotsha go siamisa ditselana tsa rona.”

Gatisa