2018
Dilo tse tharo tse o tshwanetseng go di gakologelwa
February 2018


Banana

Dilo tse tharo tse o tshwanetseng go di gakologelwa

Lefoko gakologelwa le tlhagelela makgetho ale mmalwa mo bukeng ya ga Momone. Nefi o rotloetsa bo mogolowe le monnawe go gakologelwa ka fa Modimo a golotseng bo ntatemogoloabone. Kgosi Benjamine a bolelela batho ba gagwe go gakologelwa bogolo jwa Modimo. Mme Moroni o rutaba badi ba gagwe go gakologelwa ka fa Morena a leng mautlwelo botlhoko.

Gakologelwa gore Mmoloki o botlhokwa—re itlhama go mo gakologelwa nako le nako fa re tsaya sakeramente. Moporesidente Eyring o re laletsa go gakologelwa dilo tse tharo ka nako ya sakeramente:

  1. Gakologelwa Jeso Keresete: Bala buka ya efangeli ka fa Mmoloki a diretseng abo a supa lorato mo go ba bangwe. O ikutlwa jang ka lorato lwa gagwe? O ka direla jang le go supa lorato mo go ba bangwe jaaka Mmoloki a dirile?

  2. Gakologelwa se o tshwanetseng go se dira botoka: akanya ka beke e e neng e feta ka pelo e e tletseng boikotlhao. Tlhopha selo sele sengwe se o ka se fetolang, mme o kwale ka fa o tlileng go dira phetogo eo. Baya maikaelelo a gago fa o tla a bonang kgapetsa.

  3. Gakologelwa tswelelopele e o e dirang: Kopa Modimo go go thusa go bona tswelelopele e o e dirang. Gatisa maikutlo a gago.

Ga rea siama thata, mme Mmoloki o itse seo. Ke sone a re kopang go mo gakologelwa. Go mo gakologelwa go re fa tsholofelo le go re thusa go batla go tokafala. Le ka nako tse re palelwang ke go mo gakologelwa, Moporesidente Eyring are, “O nna a re gakologelwa.”

Gatisa