2018
Mo gakologelwe ka nako tsotlhe
February 2018


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Tlhakole 2018

Mo gakologelwe ka nako tsotlhe

Aa o bona setshwantsho sa ga moporofeta Moroni a kwala mafoko a bofelo a buka ya ga Momone mo dipapetlana tsa gauta? O ne ale nosi. O ne a bone chaba ya gagwe, batho ba gagwe, le ba lwapa la gagwe ba wa. Lefatshe ene ele”kgoboko” ya ntwa (Mormon 8:8). Mme nne ana le tsholofelo, ka ane a bone matsatsi a rona! Mo dilong tsotlhe tse a kabo a di kwadile, o re laletsa go gakologelwa (bonaMoroni 10:3).

Moporesidente Spencer W. Kimball (1895-1985) o ne a rata go ruta gore lefoko le le botlhokwa mo bukeng ya tlhanodi e ka nna gakologelwa. Ka gore o ne a dirile kgolagano le Modimo, o ne are, “letlhoko la rona le le golo ke go” ba gakologelwa.1

O ka bona lefoko gakologelwa go aname le buka ya efangele. Fa Nefi a gakolola bo mogolowe, kgapetsa o ne a ba laletsa go gakologelwa mafoko a Morena le go gakologelwa ka fa Modimo a bolokileng bo Ntatemogoloa bone (bona 1 Nefie 15:11, 25; 17:40).

Mo molaetseng wa gagwe wa bofelo, Kgosi Benjamin o dirisitse lefoko gakologelwa makgetho a le mmalwa. O ne ana le tsholofelo ya gore batho ba gagwe ba tlaa gakologelwa “bogolo jwa Modimo…le tshiamo Ya gagwe le maitshoko” go bona (Mosiah 4:11; bona gape 2:41; 4:28, 30; 5:11–12).

Fa Mmoloki a simolodisa sakeramente, one a laletsa barutwana ba gagwe go ja “ba gakologelwa” setlhabelo sa Gagwe (Luke 22:19). Mo thapelong ya sakeramente re utlwa, mafoko nako tsotlhe a latelelwa ke lefoko gakologelwa (bona D&C 20:77, 79).

Molaetsa wame ke wa taletso, le kgothatso, go gakologelwa. Fano ke megopolo e meraro ka se o ka se gakologelwa beke le beke fa o ja ditshupo tse di boitshepo tsa sakaramente. Ke solofelo di go thusitse, jaaka di nthusitse.

Gakologelwa Jeso Keresete

Lantlha, gakologelwa Mmoloki. Gakologelwa gore Ene ele mang mo lefatsheng, gore O ne a buwa jang le ba bangwe, le ka fa a supegeditseng lorato ka ditiro Tsa Gagwe. Gakologelwa yo a tsereng nako le Se a se rutileng. Mmoloki “O tsamaile a dira tse di molemo” (Ditiro 10:38). O etetse balwetse. O ne a itlamile go dira taelo ya ga Rara.

Gareng ga tsotlhe, re ka gakologelwa tuelo e e kgolo e a e duetseng, Gotswa mo loratong lwa Gagwe go rona, go tlosa leswe la dibe tsa rona. Jaaka fa re mo gakologelwa, keletso ya rona ya go mo sala morago e tlaa oketsega. Re tlaa eletse go nna pelo tlhomogi, re itshwarelana, le go batla go diragatsa thato ya Modimo.

Gakologelwa se o tshwanetseng go se dira botoka

Go thata go akanya ka Mmoloki—bophepa le tshiamo tsa Gagwe—ntle le go akanya ka fa re senang tshiamo ka teng re ka se tshwantshanngwe. Re dirile kgolagano go obamela ditaelo tsa Gagwe, mme re nna re tlhaela thuto e e fa godimo. Mme Mmoloki o ne a itse fa se se tlaa diragala, ke sone se a re fileng sakeramente.

Sakeramente sena le modi mo kgolaganong e e kgologolo ya go fa setlhabelo, go akaretsa le go ipolela dibe (bonaLeviticus 5:5). Ga re sa tlhole re dira setlhabelo sa diphologolo, mme re ka latlha dibe tsa rona. Buka ya efangele e bitsa se setlhabelo sa “pelo tse di thubilweng le mowa wa boikokobetso” (3Nephi 9:20). Tlaya ko sakeramenteng ka pelo e e tletseng boikotlhao (bona D&C 59:12; Moroni 6:2). Fa o dira jalo, o tlaa itshwarelwa dibe mme o se tswe mo tseleng e e re isang ko Modimong.

Gakologelwa kgatelo pele e o e dirang

Fa o seka seka botshelo jwa gago ka nako ya sakeramente, ke solofela fa dikakanyo tsa gago di sa lebana fela le diphoso tse o di dirileng mme gape tse di siameng tse o di dirileng—metsotso e o utlwileng Rara yo o kwa Legodimong le Mmoloki ba go itumeletse. O ka tsaya motsotso ka nako ya sakeramente go kopa Modimo go go thusa go bona dilo tse. Ga o dira, kea go tshepisa o tlaa utlwa sengwe. O tlaa utlwa tsholofelo.

Fa ke sena go dira se, moya o o boitshepo o netefatsa le fa ke le kgakala le go nna mosiami, ke botoka tsatsi jeno gona le maabane. Mme se se mpha kgothatso gore, ka bakeng la Mmoloki, ke ka nna botoka kamoso.

Nako tsotlhe ke nako a telele, mme e tlhoka boremelelo jo bogolo. Oa itse ka kitso ya gago gore go thata jang go akanya ka selo sele esi nako tsotlhe. Go sa kgathalesege gore o tshegetsa maitlamo a go nna o Mo gakologelwa nako tsotlhe, O nna a go gakologelwa.

Mmoloki o itse dikgwetlho tsa gago. O a itse gore go ntse jang go nna le dikgwetlho tsa botshelo. O itse ka fa o tlhokang matlhogonolo ka bofefo a a tswang mo go mo gakologelweng le go mo obamela—“gore[o] ka nna nako tsotlhe o na le moya o o boitshepo ona le [wena]” (D&C 20:77; kgatelelo ya tlaletso).

O go amogela gape ko tafoleng ya sakeramente beke le beke, a go fa monyetla wa go paka fa pele ga gagwe gore o tlaa nna o mo gakologelwa.

Ntlha

  1. Spencer W. Kimball, “Circles of Exaltation” (phuthego ya Church Education System religious educators, June 28, 1968), 5.

Gatisa