2018
Dira gore o a mo itse le ba lwapa la gagwe
February 2018


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Tlhakole 2018

Dira gore o a mo itse le ba lwapa la gagwe

Thuto ya ketelo ke go itse le go rata bomme gore re nonotshe tumelo ya bone le go ba fa tirelo.

Tumelo, Lelwapa, Thuso

Rita Jeppeson le ba thuto ya ketelo ba nnile le botsala fa ba mo tetela go amogana efangele. Mme ketelo ya bona ene e akaretsa go tshameka motshameko wa mafoko mmogo. Ke selo sa mmamoratwa sa ga Rita ka ba ba mo etelang ka a itse fa ele ditsala tsa gagwe mme ketelo ya bone ene ese go “tshwaya” nankolo. Dilo di dintse tse bo mme ba ka di dirang mo ketelong, jaaka go thapholola maoto mmogo kgotsa go ntsha mohero mo tshingwaneng fa bana ba tshameka.

Mogolwane Jeffrey R. Holland wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi a re: “ipone o le moemedi wa Morena le bana ba gagwe… Re ka solofela … Gore o tlaa simolodisa paka ya nnete, ya thuto tsa morena tse di amang maloko, o tlhokomela le go kgathala ka ba bangwe, le itebaganya le letlhoko ka tsela tsotlhe tse di ka thusang.”1

Morena ka Moshe o laotse bana ba iseraele gore “motho yo o sa mo itseng a nna le wena e tlaa nna jaaka yo o tsholetsweng gareng ga lona, mme le tlaa mo rata jaaka lo ithata” (Leviticus 19:34). Bo mme ba re ba etelang re ka tswa “re sa ba itse” fa re simolola, mme fa re tswelela go ba itse le ba lelwapa, keletso ya rona e tlaa gola ya “go thusana morwalo, gore o nne motlhofo” le go nna le “pelo tse di momaganeng ka tshwaragano le lorato go yo mongwe” (Mosiah 18:8, 21).

Reyna I. Aburto, mogakolodi wa bobedi mo boporesidenteng jwa Relief Society, o gakologelwa fa ane a sa tswa go tlhalwa ale mosha mo kerekeng. “A re, “Ba thuto ya ketelo batla mo lelwapeng lame,” mme ba tlisa maikutlo a lorato mo pelong yame.”2

Akanyetsa Se

Mo malwapeng a bo mme ba o ba etelang, ke dife ditiragalo tse di tlang tse o tshwanetseng go di gakologelwa?

Dintlha

  1. Jeffrey R. Holland, “Emissaries to the Church,” Liahona, Nov 2016, 62.

  2. Reyna I. Aburto, “Relief Society e nnile eng go nna?” Konferense ya bo mme ya Brigham Young University, May 5, 2017, LDS.org.

Gatisa