2018
Go Tsayakarolo ga Bokgaitsadi mo go Phutheng Iseraele
Ngwanatsele 2018


Setshwantsho
ministering

Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Ngwanatsele 2018

Go Tsayakarolo ga Bokgaitsadi mo go Phutheng Iseraele

Mo go le neeleng kopo ya seperofeti, bomme ba Kereke, go baakanya isago ka go thusa go phutha Iseraele yo o phatlaletseng.

Go a itumedisa go nna le lona, bokgaitsadi ba me ba ba rategang. Gongwe maitemogelo a me a bosheng a tlaa le fa lesedi la gore ke ikutlwa jang ka lona le bokgoni jwa lona jo bo gakgamatsang jo le bo neetsweng.

Letsatsi lengwe ke ne ke bua le phuthego kwa Amerika o Borwa, Ke ne ke itumetse mo go feteletseng ka setlhogo sa me, mme mo bogareng jwa sone, ka re, “Jaakammaagwe bana ba le 10, Nka le bolelela …” Mme jalo ka tswelela ka go feleletsa molaetsa wa me.

Ke ne ke sa lemoga gore ke buile lefoko mmaagwe. Moranodi wa me, a akanya ga ke a bua sentle, a fetola lefoko mmaagwe go rraagwe,jalo phuthego e ne e sa itse gore a ke ne kere ke mmaagwe. Mme mosadi wa me Wendy a bo a utlwile, mme o ne a kgatlhegela go relela ga Seforedia sa me.

Mo nakong eo, go eletsa mo go boteng ga pelo ya me go dira pharologanyo mo lefatsheng—fela jaaka mme a dira—ga utlwala go tswa mo pelong ya me. Go ya ka dingwaga, fa ke ne ke bodiwa gore ke eng ke tlhophile go nna ngaka, karabo ya me e nna e tshwana ka metlha: “Gonne ke ne ke sa kgona go tlhopha go nna mme.”

Ka tswee tswee elang tlhoko gore nako le nako fa ke dirisa lefoko mme, ga ke bue fela ka bomme ba ba tshotseng kgotsa ba ba nnileng le bana mo botshelong jo. Ke bua ka botlhe barwadie Batsadi ba rona ba Legodimo ba bagolwane. Mme mongwe le mongwe ke mme ka bomolemo jwa gagwe jwa phitlhelelo ya selegodimo ya bosakhutleng.

Jalo bosigo jwa gompieno, jaaka rraagwe bana ba le 10—barwadi ba ba ferangbongwe le morwa a le mongwe—le jaaka Poresidente ya Kereke, ke rapela gore le ka lemoga le go utlwa boteng jwa ka fa ke ikutlwang ka teng ka lona—gore lo bo mang le tsotlhe tse di molemo tse lo ka di dirang. Ga go ope yo a ka dirang se mme wa mosiami a ka se dirang. Ga gona yo a ka dirang gape tlhotlheletso ya mme.

Borre kgapetsa kgapetsa ba ka buisana lorato la ga Rara wa Legodimo le Mmoloki go ba bangwe. Mme bomme ba na le mpho e kgethegileng ya lone—mpho e neetsweng ya selegodimo. Lona le bokgoni jwa go lemoga se yo mongwe a se tlhokang—le gore o se tlhoka leng. Lo ka tswela ntle, go gomotsa, go ruta, le go nonotsha mongwe mo nakong ya gagwe ya letlhoko.

Bomme ba bona dilo pharologanyo go na le ka fa borre ba dirang, mme ao, ka fa re tlhokang go lemoga ga lona! Tlholego ya lona e lo gogela go akanya ka ba bangwe lantlha, go akanya ka fa tsela nngwe ya go dira e ka amang ba bangwe ka teng.

Jaaka Poresidente Eyring a kaile, e ne e le Mmaarona Efa yo o galalelang—ka tebelelo pele ya gagwe ya thulaganyo ya ga Rara wa rona wa Legodimo—yo o simolodisitseng se re se bitsang “Go Wa.” Botlhale le bopelokgale jwa gagwe jwa go tlhopha le tshwetso ya go thusa ya ga Atamo go dirile thulaganyo ya Modimo ya boitumelo go ya pele. Ba dirile go se retele gore mongwe le mongwe wa rona a tle mo lefatsheng, go amogela mmele, le go supa gore re tlaa tlhopha go emelela Jeso Keresete jaanong, jaaka re dirile pele ga botshelo jo jwa go swa.

Bokgaitsadi ba me ba ba rategang, lona le dimpho tsa semowa tse di kgethegileng le maikaelelo. Bosigo jwa gompieno ke a le kopa, ka tsholofelo yotlhe ya pelo ya me, go rapela go tlhaloganya dimpho tsa lona tsa semowa—go tlhagolela, go dirisa, le go di atolosa, le e leng go feta jaaka le kile la dira. Lo tlaa fetola lefatshe jaaka lo dira jalo.

Jaaka bomme, lo rotloetsa ba bangwe le go baya seelo sa boitekanelo se se eletsegang. Tlaya ke lo bolelele ka tshimolodiso ya dikitsiso tse pedi tse ditona tse di dirilweng khonforense ya bofelo ya kakaretso. Lona, bo kgaitsadi ba me, lo botlhokwa mo ngwe le ngwe.

Lantlha, go direla. Bogolo jwa seelo sa go direla ke Mmoloki, Jeso Keresete. Ka kakaretso, bomme ba, mme ka metlha ba ntse, gaufi le seelo seo go feta borre. Fa ammaaruri o direla, o ela maikutlo tlhoko go thusa mongwe o sele go itemogela thata ka lorato la Mmoloki. Go rata go direla ke boswa jwa bomme ba basiami. Ke itse bomme ba ba rapelang letsatsi le letsatsi, “O ka batla ke thusa mang letsatsi leno?”

Pele ga kitsiso ya Moranang 2018 ka ga bogolo le tsela e boitshepo ya go tlhokomela ba bangwe, maikaelelo a banna bangwe e ne e le go maka thomo ya thuto ya molwapeng jaaka “e dirilwe” le go tswela pele le tiro e e latelang.

Mme fa lona le lemoga gore kgaitsadi yo o mo etelang o tlhoka thuso, o arabile ka bonako mme le gone kgwedi yotlhe. Jaana, go ne go ntse ka fa lo etetseng ka teng go tlhotlheleditse go lebelela pele le go fetolela mo go direleng.

Labobedi, mo khonforenseng ya bofelo ya kakaretso, le gone re tshwakantse dikhoramo tsa Boperesiti jwa ga Melekiseteke. Fa re lwa le ka fa re ka thusang banna ba Kereke go nna tlhaga mo maikarabelong a bone, re ne ka kelotlhoko ra akanya ka sekai sa Mokgatlho wa Thuso.

Mo Mokgatlhong wa thuso, bomme ka dingwaga tse di farologanyeng le diemo tsa botshelo ba kopana mmogo. Dingwaga tse di lesome dingwe le dingwe tsa botshelo di tlisa dikgwetlho tse di kgethegileng, mme le gone, lona lone lo le teng, beke le beke, le kopana mmogo, le gola le go ruta efangele mmogo, le go dira pharologanyo mo lefatsheng.

Jaanong, go sala sekai sa lona morago, ba Boperesiti jwa ga Melekiseteke ke maloko a khoramo ya bagolwane. Banna ba ba ba seelo sa dingwaga tsa go tswa ka 18 go ya 98 (gongwe le go feta), gongwe mo go tshwanang ka bophara ga boperesiti le maitemogelo a Kereke. Bakaulengwe ba jaanong ba ka dira bokopano jwa botsalano, ba ithuta mmogo, le go segofatsa ba bangwe mo go atlegileng.

Lo gakologelwa gore Seetebosigo o o fetileng, Nna le Kgaitsadi Nelson re buile le banana ba Kereke. Re ba laleditse go tsenelela mo mophatong wa banana ba Morena go thusa go phutha Iseraele mo matlhakoreng otlhe a sesiro. Go phuthega mo “go golo bogolo ke kgwetlho, e kgolo bogolo ya tsela, le e kgolo bogolo tiro mo lefatsheng gompieno”!1

Ke tiro e e tlhokang bomme, gonne bomme ba baakanya isago. Jalo bosigo jwa gompieno ke atolosa kopo ya seperofeto go lona, bomme ba Kereke, go baakanya isago ka go thusa go phutha Iseraele yo o phatlaletseng.

Re ka simolola kae?

Tlaya ke fe ditaletso tse nne:

Lantlha, Ke lo laletsa go tsaya karolo mo go ikitseng maranyane le go bega dikgang malatsi a 10 le go dipe tse dingwe tsa kgaso tse di tlisang dikakanyo tse e seng tsone le tse di sa itshekang mo tlhaloganyong ya gago. Rapela go itse gore ke tlhotlheletso efe e o ka e tlosang nako ya go ikitsa ga gago. Matswele a go ikitsa malatsi a 10 go tlaa go gakgamatsa. O lemoga eng morago ga go ikhutsa ka ditebo tsa gago tsa lefatshe tse di ntseng di golafatsa mowa wa gago? A go na le phetogo kwa jaanong o ka tsayang nako ya gago le nonofo? A ditshwetso tsa gago di fetogile—le e leng go le go nnyenyane? Ke lo kopa go kwala le go sala morago tlhotlheletso nngwe le nngwe.

Labobedi, Ke lo laletsa go bala Buka ya ga Momone ma gareng ga jaana le bokhutlo jwa ngwaga. Jaaka go lebega go ka retela le ka tsotlhe tse o lekang go di dira mo botshelong jwa gago, fa o ka amogela taletso e ka maikaelelo a tletseng a pelo, Morena o tlaa go thusa go bona tsela ya go go fitlhelela. Mme, jaaka lo rapela mo go ithutontsheng, Ke go solofetsa gore magodimo a tlaa lo bulegela. Morena o tlaa lo segofatsa ka koketsego ya thotloetso le tshenolo.

Jaaka lo bala, Ke lo rotloetsa go tshwaya temana nngwe le nngwe e e buang kgotsa e kaya ka ga Mmoloki. Ke gone, e bo e nna maikaelelo a lona go bua ka ga Keresete, go itumela mo go Keresete, le go rera ka ga Keresete le malwapa a lona le ditsala.2 Wena le bone le tlaa atumalana le Mmoloki ka tsamaiso e. Mme diphetogo, le e leng dikgakgamatso, di tlaa simolola go diragala.

Maphakela ano kitsiso e dirilwe mabapi le lenaneo le lesha la Sontaga le dithuto tse di itebagantseng le malwapa, le dithuso tsa Kereke. Lona bokgaitsadi ba me, le botlhokwa mo go atlegiseng se sesha se, se se lekalekanyang, le matsapa a a thusanwang a go ruta ga efangele. Tswee tswee ruta bao o ba ratang se o se ithutang go tswa mo dikwalong tse di boitshepo. Ba rute go fetogela kwa go Mmoloki go fodisiwa le ka thata e e ntlafatsang fa ba leofa. Ba rute ka fa ba ka nnang le thata ya gagwe e e nonotshang letsatsi le letsatsi mo matshelong a bone.

Laboraro, simolodisa mokgwa wa metlha wa go ya tempeleng. Se se ka tlhoka setlhabelo le go feta sa botshelo jwa gago. Nako e ntsi mo tempeleng o tlaa letlelela Morena go go ruta ka fa o ka amogelang go tswa mo boperesiting jwa Gagwe thata e o e neetsweng mo tempeleng ya gagwe. Bangwe ba lona ba lo sa nneng gaufi le tempele, ke lo laletsa go rapela ka go ithutontsha ka ditempele mo dikwalong tse di boitshepo le mo mafokong a baperofeti ba ba tshelang. Batla go itse mo gontsi, go tlhaloganya mo gontsi, go utlwa mo gontsi ka ditempele go na le pele.

Mo puisanong ya rona ya lefatshe ka bophara Seetebosigo o fetileng, Ke buile ka lekawana le botshelo jwa lone bo fetogileng fa batsadi ba gagwe ba fetotseng mosokelatsebeng wa gagwe wa maranyane go mo neela mosokelatsebeng o o bulwang. Mmaagwe lekolwane le ke mme yo o senang poifo wa tumelo. O ne a bona morwa wa gagwe a tswa mo tsele ke ditshwetso tse di ka dirang gore a seka a direla mo thomong ya efangele. O ne a tseela dikopo tsa gagwe kwa tempelelng go itse ka fa a ka thusang morwa wa gagwe sentle. Ke gone a sala morago tlhotlheletso nngwe le nngwe.

O ne a re: “Ke na ikutlwa ke kaelwa ke Mowa go tlhola mosokelatsebe wa morwaake nako tse di rileng go tshwara dilo tse di rileng. Ga ke itse go dirisa mosokelatsebe o wa maranyane, mme Mowa wa nkaela mo go otlhe maranyane a kgaso a ke sa a diriseng! Ke a itse gore Mowa o thusa batsadi ba ba batlang kaelo go sireletsa bana ba bone. [Lantlha] morwaake o ne a nkgalefela Mme morago ga malatsi a mararo, o ne a nteboga! O ne a utlwa pharologanyo.”

Boitsholo le mokgwa wa morwae tsa fetoga gotlhelele. A simolola go thusa mo gae, a nyenya go feta, le go reetsa thata mo kerekeng. O ne a rata go direla ka nako e rileng kwa kolobetsong ya tempele mme a baakanyetsa thomo ya gagwe ya efangele.

Taletso ya me ya bone, lona ba bagolwane, ke go tsayakarolo ka botlalo mo Mokgatlhong wa Thuso. Ke le kopa go ithuta maikaelelo a pego ya Mokgatlho wa Thuso E a tlhotlheletsa. E ka go kaela go tlhabolola maikaelelo a gago a pego ya botshelo jwa gago. Le gone ke le kopa go utlwa boammaaruri mo polelo kanamiso ya Mokgatlho wa Thuso o e ka nnang dingwaga tse 20 tse di fitileng.3 Moriri o o kgabisitsweng wa polelo e o beilwe mo lebotaneng la ofisi ya Boporesidente jwa Ntlha. Ke a itumela nako le nako fa ke e bala. E tlhalosa se o leng sone le se Morena a tlhokang o nna sone ka nako jaaka o dira karolo ya gago mo go kgethegile go thusa go phutha Iseraele yo o phatlaletseng.

Bokgaitsadi ba me, rea le tlhoka! Re “tlhoka, nonofo, ya lona go sokologa, ga lona maitlamo, a lona bokgoni jwa go etelela, jwa lona botlhale, le mantswe a lona.”4 Ga re ka ke ra phutha Iseraele le seo.

Ke a lo rata le go leboga e bile jaanong ke lo segofatsa ka bokgoni go tlogela lefatshe kwa morago jaaka le thusa mo tirong e e botlhokwa le le tlhokegang. Mmogo re ka dira tsotlhe tse Rara wa Legodimo a tlhokang re ka di dira go baakanyetsa lefatshe go Tla ga Bobedi ga Morwa wa Gagwe yo o Rategang.

Jeso ke Keresete. E ke Kereke ya Gagwe. Ka ga tse ke fa bopaki mo leineng la ga Jeso Keresete, amene.

Dintlha

  1. Russell M. Nelson, “Hope of Israel” (worldwide youth devotional, June 3, 2018), HopeofIsrael.lds.org.

  2. Bona 2 Nephi 25:26.

  3. For the Relief Society declaration, see Mary Ellen Smoot, “Rejoice, Daughters of Zion,” Liahona, Jan. 2000, 111–14.

  4. Russell M. Nelson, “A Plea to My Sisters,” Liahona, Nov. 2015, 96; emphasis added.

Gatisa