2018
Leina le le Siameng la Kereke
Ngwanatsele 2018


Leina le le Siameng la Kereke

Jeso Keresete o re kaele go bitsa Kereke ka leina la Gagwe gonne ke Kereke ya Gagwe, e e tletseng ka thata ya Gagwe.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba ba rategang, mo letsatsing la Sabata o montle o re itumela mmogo mo ditshegofatsong tse dintsi tsa rona go tswa go Morena. Re itumelela bopaki jwa lona jwa efangele e e buseleditsweng ya ga Jeso Keresete, le ditlhabelo tse lo di dirang go nna kgotsa go boela mo tseleng ya Gagwe ya kgolagano, le ditirelo tsa lona tsa tshwaelo mo Kerekeng ya Gagwe.

Gompieno ke ikutlwa ke gwetlhega go buisana le lona selo sa botlhokwa jo bogolo. Dibeke dingwe tse di fetileng, ke ne ka ntsha pego mabapi le tsela e e siameng ya leina la Kereke.1 Ke ne ka dira se gonne Morena o ne a papamaditse mo tlhaloganyong ya me botlhokwa jwa leina le Ene a laotseng ke Kereke ya Gagwe, e bong Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo.2

Jaaka o ka solofela, diphetolo tsa polelo e go baakanya mokgwa wa kaedi3 o tlhakatlhakanye. Maloko a mantsi ka bonako ba siamisa leina la Kereke mo dibolokong tsa bone le ditsebe tsa maranyane a kgaso. Ba bangwe ba gakgamalela gore go reng, ka tsotlhe tse di diragalang mo lefatsheng, go ne go tlhokega go gatelela sengwe se se “seng botlhokwa.” Mme ba re go ka sekwa ga dirwa, ka jalo ke eng re leka? Tlaya ke tlhalose gore ke eng re kgathala thata ka kgang e. Mme lantlha tlaya ke bue se phitlhelelo e e seng sone:

  • Ga se phetolo ya leina.

  • Ga se go shafatsa letshwao.

  • Ga se go kgabisa

  • Ga se kgopolelo.

  • Mme ga se se e seng botlhokwa.

Mo boeng jwa se ke paakanyo. Ke gone ke taelo ya Morena. Joseph Smith ga a bitsa Kereke e buseleditswe ka ene; le fa e le Momone. E ne e le Mmoloki ka Boene yo a rileng, “Gonne jaana kereke ya me e tlaa bidiwa mo malatsing a bofelo, e bong Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo.”4

Le e leng pele, ka AD 34, Morena wa rona yo o tsogileng o ne a neela taelo e tshwanang go maloko a Kereke ya Gagwe fa a ba etela kwa Amerika Ka nako eo o ne a re:

“Lo tlaa bitsa kereke mo leineng la me. …

Mme e ka nna jang kereke ya me fa e se e bidiwa ka leina la me? Gonne fa kereke e bidiwa ka leina la ga Moshe ke gone ke ya ga Moshe; kgotsa fa e bidiwa ka leina la motho ke gone ke kereke ya motho; mme fa e bidiwa ka leina la me ke gone ke kereke ya me.”5

Jaana, leina la Kereke ga le rerisanngwe. Fa Mmoloki a tlhalosa ka botlalo se leina la Kereke ya Gagwe le tlaa nna le e leng go tswelela polelo ya Gagwe ka, “Jaana kereke ya me e tlaa bidiwa,” O tlhwaafetse. Mme fa re letlelela leina la go reta go dirisiwa kgotsa boemong kgotsa le e leng go rotloetsa maina ao a a retang ka bo rona, O a kgopisega.

Ke eng se se mo leineng kgotsa, mo kgang e, leina la go reta? Fa go tla mo maineng a go reta ga Kereke, jaaka “Kereke ya LDS,” “Kereke ya Bamomone,” kgotsa “Kereke ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo,” selo se se botlhokwa thata mo maineng a o ke go sa nnang teng ga leina la Mmoloki. Go tlosa Leina la Morena go tswa mo leineng la Kereke ke phenyo e kgolo ya ga Satane. Fa re kgaola leina la Mmoloki, ga re matsetseleko le go tlhokomologa tsotlhe tse Jeso Keresete a re diretseng—le e leng Tetlanyo ya Gagwe.

Akanya se ka kgopolelo ya Gagwe: Go tshela ga pele, E ne e le Jehofa, Modimo wa Kgolagano e Kgologolo Ka fa tlase ga kaelo ya ga Rara, Ene e le Mmopi wa lefatshe le le a mangwe.6 O ne a itlhophela go ineela mo thatong ya ga Rraagwe le go dira sengwe go bana botlhe ba Modimo se go se ope a ka se dirang! A fologelela go tla mo lefatsheng jaaka Yo o Tshotsweng a le Esi wa ga Rara mo nameng, O ne a kgojwa mo go setlhogo, a sotlwa, go kgwelwa, le go itewa. Mo tshimong ya Gethesemane, Mmoloki o ne a tsaya ka Boene botlhoko, bongwe le bongwe sebe, sengwe le sengwele tsotlhe tsa ditlalelo le dipogisego tse di kileng tsa itemogelwa ke wena le nna le mongwe le mongwe yo a kileng a tshela kgotsa yo a tlaa tshelang. Ka fa tlase ga bokete jwa mokgweleo o o ngomolang pelo, o ne a tswa madi ka leroba lengwe le lengwe.7 Dipogo tse di ne tsa gakala fa a bapolwa mo go botlhoko mo mokgorong mo Logata.

Le ntswa maitemogelo a setlhogo le go tla jalo ga Tsogo—Tetlanyo ya Gagwe e seng bokhutlo—O ne a neela botlhe bosasweng le go rekolola mongwe le mongwe wa rona mo ditlaamorago tsa sebe mo seemo sa boikotlhao.

Morago ga Tsogo ya Mmoloki le loso la Baaposetole ba Gagwe, lefatshe la tsena mo makgolokgolo a lefifi. Ke gone ka ngwaga wa 1820, Modimo Rara le Morwa wa Gagwe, Jeso Keresete, ba iponatsa go Moperofeti Joseph Smith go simolodisa Puseletso ya Kereke ya Morena.

Morago ga tsotlhe tse a di itshoketseng—le morago ga tsotlhe tse a di diretseng batho—Ka lemoga ka maikwatlhao a magolo gore ga re a elatlhoko go amogela mo Kerekeng ya Morena e e buseleditsweg go bidiwa ka maina a mangwe, otlhe a a ntshang leina le le boitshepo la ga Jeso Keresete!

Sontaga mongwe le mongwe jaaka re ja sakaramente re itekanetse, re dira sesha ditsholofetso tsa rona tse di boitshepo go Rara wa rona wa Legodimo gore re rata go itseela leina la Morwa wa Gagwe, Jeso Keresete.8 Re solofetsa go mo sala morago, re ikwatlhaya, le go tshegetsa ditaelo tsa gagwe, mme ka metlha re mo gakologelwa.

Fa re tlogela leina la Gagwe mo Kerekeng ya Gagwe, ka phoso re mo ntsha Ene jaaka konokono ya matshelo a rona.

Go tsaya leina la Mmoloki mo go rona go raya go akaretsa go bolela le go fa bosupi go ba bangwe—ka ditiro tsa rona le mafoko a rona— gore Jeso ke Keresete. A re ntse re tshaba go kgopisa mongwe yoo re bitsang “Momone” mo re paletsweng ke go sireletsa Mmoloki ka Boene, go mo emela le e leng mo leineng le ka lone Kereke ya Gagwe e bidiwang?

Fa rona jaaka batho le ka bongwe re batla thata ya tetlanyo ya ga Jeso Keresete—go re ntlafatsa le go re fodisa, go re nonotsha le go re godisa, e bile kwa bofelong e re godisetse kgalalelong—re tshwanetse go mo amogela jaaka Motswedi wa thata eo. Re ka simolola ka go bitsa Kereke ya Gagwe ka leina le a le laotseng.

Bontsi jwa lefatshe, Kereke ya Morena gompieno e itsege jaaka “Kereke ya ga Momone” Mme rona maloko a Kereke ya Morena re itse gore ke mang yo o emeng kwa tlhogong ya yone: Jeso Keresete ka Boene Ka maswabi, bontsi jwa bao ba ba utlwang leina Momone ba ka akanya gore re obamela Momone. E seng jalo! Re tlotlomatsa le go tlotla moperofeti yo mogolo yo o wa bogologolo wa Moamerika.9 Mme ga re barutwana ba ga Momone. Re barutwana ba Morena.

Mo malatsing a pele a kereke ya puseletso, maina jaaka Kereke ya Bamomone le Bamomone10 a ne a dirisiwa kgapetsa kgapetsa gantsi a dirisiwa jaaka ditlhaloso tsa—maina a setlhogo, maina a kgokgontsho—a dirisiwa go nyeletsa seatla sa Modimo mo go buseletseng Kereke ya ga Jeso Keresete mo malatsing a a bofelo.11

Bakaulengwe le bokgaitsadi, go na le megopolo ya selefatshe e mentsi kgatlhanong le puseletso e e siameng ya leina la Kereke. Ka ntlha ya maranyane a tokafetseng a lefatshe le re tshelang mo go lone le ka go batla mo go tokafetseng mo go thuseng botlhe go batla molaetsa o re o tlhokang mo go bonako—go akaretsa molaetsa ka ga Kereke ya Morena—baganetsi ba re go baakanya ka nako e ga go botlhale. Ba bangwe ba akanya gore gonne re itsege ka bophara jaaka “Bamomone” le jaaka “Kereke ya Bamomone,” re tshwanetse go dira mo go botoka thata ka ga gone.

Fa e ne e le puisanyo go shafatsa setlhopha se se dirilweng ke motho, dikgang tseo di ne di ka fenya, Mme mo kgang e botlhokwa e, re leba kwa go Ene yo Kereke e e leng ya gagwe le go amogela gore ditsela tsa Modimo ga di kitla e nna ditsela tsa motho. Fa re ka nna pelotelele le fa re ka dira karolo ya rona sentle, Morena o tlaa re goga mo tirong e e botlhakwa e. Morago ga tsotlhe, re a itse gore Morena o thusa bao ba ba batlang go dira thato ya gagwe, fela jaaka a thusitse Nefi go dira tiro ya kago ya sekepe go ralala lewatle.12

Re tlaa tlhoka go nna pelontle le bopelotelele mo matsapeng a rona go baakanya diphoso tse. Kgaso tse di nang le maikarabelo di tlaa tlhaloganya ka go fetola kopo ya rona.

Mo khonforenseng ya kakaretso ya pele, Mogolwane Benjamín De Hoyos o buile ka tiragalo eo. O ne a re:

Dingwaga tse di fitileng fa a direla mo ofising ya tsa ba dikgang tsa sechaba tsa Kereke mo Mexico, [Nna le Mopati] re ne ra lalediwa go tsayakarolo mo puisanong ya seromamowa. … [Mongwe wa bagolwane ba thulaganyo] a [re] botsa, Ke eng Kereke e na le leina le le telele? …’

“Nna le Mopati wa me ra nyenya go potso e kgolo thata jalo mme ra tswelela ka go tlhalosa gore leina la Kereke ga le a tlhophiwa ke motho. Le neetswe ke Mmoloki. … Mogolwane wa thulaganyo ka bonako le ka tlotlo a fetola, ‘Jaana re tlaa le boeletsa ka go le amogela mo mogolo.’”13

Pego e o e fa tsamaiso. Ka bongwe ka bongwe, matsapa a rona a botoka ka borona a tlaa tlhokega go baakanya diphoso tse di tseneng mo dingwageng.14 Lefatshe ka bophara le ka kgotsa la se ka la re sala morago mo go re bitseng ka leina le le siameng. Mme ga se gone mo go ka re kgoreletsang fa bontsi jwa lefatshe bo bitsa Kereke le maloko a yone ka maina a e seng one fa re dira mo go tshwanang.

Tsamaiso ya mokgwa wa kaelo e ka thusa. Ya re: Mo tshimologong ya ntlha, leina ka botlalo le le rategang ke: Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo.’ Fa le khutshwafadiwa [labobedi] nankolo ya tlhokafala, maina ‘Kereke’ kgotsa ‘Kereke ya ga Jeso Keresete’ a rotloediwa. Kereke ya ga Jeso Keresete e buseleditsweng’ le lone le siame le go rotloediwa.”15

Fa mongwe a ka botsa, “A o le Momone?” o ka fetola “Fa o botsa fa ke le leloko la Kereke ya ga Jeso Keresete ya Malatsi a Bofelo, ee, ke lone!”

Fa mongwe a botsa, Ao Moitshepi wa Malatsi a Bofelo?”16 o ka fetola, “Ee ke ene. Ke dumela mo go Jeso Keresete e bile ke leloko la Kereke ya Gagwe e e Buseleditsweng.”

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang, Ke a lo solofetsa gore fa ka bo jotlhe jwa rona re ka busetsa leina le le siameng la Kereke ya Morena, Yo o yo Kereke e e leng ya gagwe o tlaa goromeletsa thata ya Gagwe le tshegofatso mo ditlhogong tsa Baitshepi ba Malatsi a Bofelo,17 mo go tshwanang le jaaka go ise go bonwe. Re tlaa nna le kitso le thata ya Modimo go re thusa go tsaya ditshegofatso tsa efangele e e buseleditsweng ya ga Jeso Keresete go chaba nngwe le nngwe, lotso, teme, le batho le go baakanyetsa lefatshe Go Tla ga Morena la Bobedi.

Jalo ke e ng se se mo leineng? Fa go tla mo leineng la Kereke ya Morena, karabo ke gore “Sengwe le sengwe” Jeso Keresete o re kaele go bitsa Kereke ka leina la Gagwe gonne ke Kereke ya Gagwe, e e tletseng ka thata ya Gagwe.

Ke a itse gore Modimo wa tshela. Jeso ke Keresete. O etelela pele Kereke ya Gagwe gompieno. Ke fa bopaki mo leineng le le boitshepo la ga Jeso Keresete, amene.

Dintlha

  1. Morena o papamaditse mo tlhaloganyong ya me botlhokwa jwa leina le a le senotse la Kereke ya gagwe, e bong Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo. Re na le tiro fa pele ga rona gore re dumalane le go rata ga Gagwe. Mo dibekeng tse di fitileng, baeteledipele ba ba farologanyeng ba Kereke le maphata a simolotse dikgato tse di botlhokwa go dira jalo. Tlalaletso ya molaetsa wa kgang e botlhokwa e o tlaa a nna teng mo dikgweding tse di tlang” (Russell M. Nelson, in “Leina la Kereke” [official statement, Aug. 16, 2018], mormonnewsroom.org).

  2. Boporesidente ba ba fitileng ba Kereke ba dirile kopo e e tshwanang. Ka sekai, Poresidente George Albert Smith a re: “O seka wa tlhabisa Morena ditlhong ka go bitsa se Kereke ya Bamomone. O ne a seka a e bitsa Kereke ya Bamomone” (in Conference Report, Apr. 1948, 160).

  3. Bona “Style Guide—The Name of the Church,” mormonnewsroom.org.

  4. Dithuto le Dikgologano 115:4

  5. 3 Nefi 27:7–8.

  6. Bona Moshe 1:33.

  7. Bona Dithuto le Dikgolagano 19:18

  8. Bona Moroni 4:3; Doctrine and Covenants 20:37, 77.

  9. Momone e ne e le mongwe wa bakwadi ba bane ba bagolo ba Buka ya ga Momone, yo mongwe e le Nefi, Jakobe, le Moroni. Botlhe e ne e le basupi ba Morena, le jaaka moranodi wa yone yo o tlhotlheleditsweng, Mopoerofeti Joseph Smith.

  10. Le e leng lefoko Bamomone le ne le le mo gare ga maina a le sotlo a a neng a dirisiwa (bona History of the Church, 2:62–63, 126).

  11. Mangwe a e seng a boammaaruri go lebega ne a le teng mo dinakong tsa Kgolagano e Ntsha. Ka nako ya teko ya ga Moaposetole Paulo fa pele ga ga Felekise, Paulo o ne a tewa gotwe ke “tlhogo ya lekoko la Banasaretha” (Ditiro 24:5). Mabapi le tiro ya seele “wa Banaseretha,” mongwe wa bagasi a kwala: “Se e ne e le leina la le tlhwaelesegileng go neelwa Bakeresete ka mokgwa wa lenyatso. Ba ne ba bidiwa jalo gonne Jeso e ne e le Monasaretha” (Albert Barnes, Notes, Explanatory and Practical, on the Acts of the Apostles [1937], 313).

    Mo go tshwanang, kgatiso e nngwe e bega: Jaaka Morena wa rona a ne a sotlwa o ne a bidiwa ‘Monasaretha’ (Matt. xxvi. 71), so the Jews designated his disciples ‘Nazarenes.’ Ba ne ba sa amogele gore ke Bakeresete,i.e. Barutwana ba ga Mesia” (The Pulpit Commentary: The Acts of the Apostles, ed. H. D. M. Spence and Joseph S. Exell [1884], 2:231).

    Mo go tshwanang, Mogolwane Neal A. Maxwell a elatlhoko: Go ya ka ditso tsa Kereke tsa dikwalo tse di boitshepo, re bona matsapa a go nyenyefatsa baperofeti e le go ba nyeletsa—go ba kaya ka mokgwa wa go ba senya. Gantsi, le fa gontse jalo, ba itlhokomolosiwa ke badiri ka bone le ka ditso tsa lefatshe. Morago ga tsotlhe, Bakeresete ba pele ba ne ba bidiwa fela ‘lekoko la Banasaretha.’ (Acts 24:5.)” (“Out of Obscurity,” Ensign, Nov. 1984, 10).

  12. Bona 1 Nefi 18:1–2.

  13. Benjamín De Hoyos, “Called to Be Saints,” Liahona, May 2011, 106.

  14. Ka re sena taolo ya se batho ba bangwe ba ka re bitsang ka teng, re na le taolo yotlhe ya ka fa re ipitsang ka teng. Re ka solofela jang gore ba bangwe ba tlotle leina le le siameng la Kereke fa rona jaaka maloko re palelwa ke go dira jalo?

  15. Style Guide—The Name of the Church,” mormonnewsroom.org.

  16. Leina moitshepi le dirisiwa kgapetsa kgapetsa mo Baebeleng e e Boitshepo. Mo lokwalong la ga Paulo go Baefeso, ka sekai o dirisitse lefoko moitshepi gongwe gangwe mo kgaolong ngwe le ngwe. Moitshepi ke motho yo o dumelang mo go Jeso Keresete le go leka go mo sala morago.

  17. Bona Dithuto le Dikgolagano 121:133

Gatisa