2021
Modimo o re Boleletse Gore Re Kolobediwe
Tlhakole 2021


“Modimo O re Boleletse Gore Re Kolobediwe,” Liahona, Tlhakole 2021

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Tlhakole 2021

Modimo o re Boleletse Gore Re Kolobediwe

Jeso Keresete o beile sekao sa go kolobediwa ke mongwe yo o nang le taolo ya Modimo.

Ntswa re se na dintlha tse di ntsi ka botshelo jwa ga Jeso Keresete, re itse gore o ne a kolobediwa fa a ne a le dingwaga di ka nna masome a mararo (bona Luke 3:23). Fa ke dingwe tse re di ithutang ka kolobetso go tswa mo sekaong sa Gagwe.

Ya Motho Mongwe le mongwe

Fa re godile mo go lekaneng go bolela pharologanyo fa gare ga tshiamo le tshiamololo, Rara wa Legodimo o batla re kolobediwa (bona Dithuto le Dikgolagano 18:42). Jeso o ne a itekanetse, Mme O ne a itshenkela go kolobediwa le go sala morago ditaelo tsa Modimo (bona Mathaio 3:13–17; 2 Nephi 31:7). Le e leng bao ba ba setseng ba tlhokafetse ba ka amogela kolobetso. Re ba e naya ka go kolobediwa mo boemong jwa bone kwa ditempeleng. (Bona Dithuto le Dikgolagano 128:15-18.)

Setshwantsho
kolobetso

E e dirwang ka Taolo

Jeso ga a ka a kolobediwa ke mongwe le mongwe fela. O ne a tsamaya ka tlhomamo kwa go ntsalae Johane, yo o neng a na le taolo ya boperesiti e e tswang kwa Modimong. Morago ga Jeso a sena go tlhokafala le barutwa ba Gagwe ba bolailwe, taolo eo ya boperesiti ya latlhega mo lefatsheng. Mme, ka 1829, Johane wa Mokolobetsi a bonala mo go Joseph Smith mme a mo naya taolo ya kolobetso mo leineng la Modimo. Ka ntlha ya tsosoloso eo, re ka kolobetsa ka taolo yone eo gompieno.

Setshwantsho
tsosoloso ya Boperesiti jwa ga Arone

Tsholofetso e e Tsela pedi

Kolobetso e akaretsa tsholofetso e e tsela pedi, kgotsa kgolagano, fa gare ga rona le Modimo. Re solofetsa:

  1. Go amogela leina la ga Keresete.

  2. Go Mo gakologelwa ka metlha.

  3. Go tshegetsa ditaelo tsa Gagwe.

Mo poelong,Modimo o re solofetsa gore Mowa wa Gagwe o tla nna le rona ka metlha. Mafoko a dithapelo tsa Sakaramente a re gakolola ka ga kgolagano e beke nngwe le nngwe. (Bona Dithuto le Dikgolagano 20:77, 79.)

Setshwantsho
lelwapa mo kopanong ya sakaramente

Go amogela Mowa o o Boitshepo ke Karolo e e Botlhokwa mo Kolobetsong

Morago ga Jeso a sena go kolobediwa, Mowa o o Boitshepo wa bonala mo setshwanong sa lephoi (bona 2 Nephi 31:8). Gompieno, morago ga batho ba sena go kolobediwa, ba a tlhomamisiwa. Se se raya gore ba amogela tshegofatso e e tlhaolegileng e mo go yone ba lalediwang go amogela neo ya mowa o o itshekisang ya Mowa o o Boitshepo (bona 2 Nephi 31:17). Mowa o o Boitshepo o ka re tlhagisa ka diphatsa, wa re gomotsa, wa re kaela go dira ditshwetso tse di molemo, le go re thusa go utlwa lorato la Modimo (bona Dithuto le Dikgolagano 39:6.).

Setshwantsho
mosadi a tlhomamisiwa

Re Ka Ikwatlhaya ka Metlha

Modimo o ne a itse gore re tlaa dira diphoso. Le ntswa maiteko a a molemo a rona, re ka leofa mme ra tlhaela go diragatsa ditsholofetso tsa rona tsa kolobetso. Jalo O naya mongwe le mongwe wa rona sebaka go ikwatlhaya. (Bona Dithuto le Dikgolagano 18:13.) Letsatsi le Letsatsi re ka leka thata go kopa maitshwarelo mme ra baakanya diphoso dingwe le dingwe. Re ka rapela mme ra kopa maitshwarelo a Modimo. Ke gone, fa re tsaya sakaramente ka dipelo tse di ikokobeditseng, re ka nna le Mowa o o Boitshepo mo go rona (bona 3 Nephi18:11).

Setshwantsho
mosadi a rapela fa thoko ga bolao

Dikwalo tse di boitshepo Tsa Reng Ka ga Kolobetso?

Batsadi ba tshwanetse go thusa bana ba bone go ipaakanyetsa kolobetso (bona Dithuto le Dikgolagano 68:25).

Bao ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di ferabobedi ga ba tlhoke go kolobediwa (bona Moroni 8).

Fa re kolobediwa, re solofetsa go “lela le bao ba ba lelang; … go gomotsa bao ba ba tlhokang kgomotso, le go ema jaaka basupi ba Modimo ka dinako tsotlhe le mo dilong tsotlhe, le mo mafelong otlhe” (Mosia 18:9).

Gatisa