2021
Ke Batla go Sala Jeso morago
Mopitlo 2021


“Ke Batla go Sala Jeso morago,” Friend, Mopitlo 2021

Dipolelo tsa ga Jeso

Ke Batla go Sala Jeso morago

Setshwantsho
Jeso Keresete o ruta go tswa mo sekepeng

Ditshwantsho ka Apryl Stott

Ka letsatsi lengwe Jeso a pagama mo sekepeng. A kopa batshwari ba ditlhapi go se kgoromeletsa mo metsing. O ne a ema mo sekepeng mme a ruta setlhopha sa batho mo lotshitshing.

Setshwantsho
Baaposetole ba goga ka thata letloa le tletse ka tlhapi

Jeso a raya motshwari wa ditlhapi a bidiwa Petere go latlhela matloa a gagwe mo metsing. Petere o ne a re ga ise a tshware tlhapi epe letsatsi lotlhe, mme o tla leka gape. Nako e, Petere a tshwara tlhapi tse di lekaneng go tlatsa dikepe tse pedi!

Setshwantsho
Jeso Keresete a ruta Baaposetole

Jeso a kopa batshwari ba ditlhapi go tlogela dikepe tsa bone mme ba Mo sale morago. O ne a batla gore ba nne barutwana ba Gagwe.

Setshwantsho
Baaposetole ba ga Jeso ba baya diatla go fodisa

“Barutwana ba ga Jeso ba reetsa jaaka A ruta ka ga Rara wa Legodimo. Ba ne ba lebeletse Jeso a fodisa balwetsi le go supa lerato mo go ba bangwe. Morago ga Jeso a sena go swa, barutwana ba ne ba dira se ba boneng Jeso a se dira. Ba ruta, ba fodisa, le go rata.

Setshwantsho
mosetsana a gomotsa mosetsana yo o lelang

Nka ruta ba bangwe ka ga Jeso ka se ke se buang le se ke se dirang. Nka fodisa maikutlo a batho ba ba utlwileng botlhoko ka bopelonomi. Nka thusa go tlhokomela batho ba ba lwalang le ba ba humanegileng. Ke tla supa lerato, jaaka Jeso.

Tsebe ya go taka

Go sala Jeso morago Go ntlisetsa Boitumelo

Setshwantsho
1 full-page b&w line art illustration based on theme "Following Jesus Makes Me Happy" A young boy shows his younger brother a picture of Jesus.

Gatisa