2021
Jeso Keresete o re Lopile go Tsaya Sakaramente
Mopitlo 2021


“Jeso Keresete o re Lopile go Tsaya Sakaramente,” Liahona, Mopitlo 2021

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Mopitlo 2021

Jeso Keresete o re Lopile go Tsaya Sakaramente

Re a ntlafadiwa le go fodisiwa jaaka re gakologelwa Mmoloki wa rona beke le beke.

Setshwantsho
Selalelo sa Bofelo

Selalelo sa Bofelo, ka Carl Heinrich Bloch

Pele ga A a swa, Jeso Keresete o ne a ja sejo se le sengwe sa bofelo se bediwa Selalelo sa Bofelo. Kwa bofelong jwa sejo se, A itsise balatedi ba Gagwe ka sakaramente. A ngathoganya senkgwe mme a se segofatsa. “Se lo se dire mo kgakologelong yame,” A bua (Luke 22:19). Ke gone A segofatsa mme a abelana senwelo sa mofine.

Setshwantsho
lelwapa le amogela sakaramente

Karolo ya Kobamelo ya Beke le beke

Fa Kereke ya ga Jeso Keresete e ne e tsosolosiwa mo lefatsheng, sakaramente e ne ya nna karolo ya kobamelo ya beke le beke. Ka nako ya kereke, sakaramente se a segofadiwa se be se fetisiwa ke bao ba ba nang le boperesiti. Ba rapela ba dirisa mafoko go tswa mo dikwalong tse di boitshepo (bona Moroni 4; 5). Ke gone mongwe le mongwe mo phuthegong o ja senkgwe le go nwa metsi go gakologelwa Jeso Keresete le setlhabelo sa Gagwe mo go rona, ka tsela e a re lopileng go e dira.

Setshwantsho
mosetsanyana a rapela

Senepe ka Angela Suitter

Go ipaakanyetsa go Ja

Go ipaakanyetsa go ja sakaramente, re tshwanetse go akanya ka boammaaruri ka ga matshelo le maikgethelo a rona. Re tshwanetse go ikwatlhaela diphoso le maleo a beke e e fetileng, go akaretsa go kopa Modimo boitshwarelo . Ga re tlhoke go itekanela go tsaya sakaramente, mme dipelo tsa rona di tshwanetse go nna boikokobetso.

Setshwantsho
Thapelo kwa Gethesemane

Thapelo kwa Gethesemane, ka Del Parson

Go feta Senkgwe le Metsi

Go tsaya sakaramente, ke nako e e boitshepo. Thapelo ya sakaramente e re gakolola gore jaaka re tsaya senkgwe le metsi, re gakologelwa mmele le madi tse Jeso Keresete a re di ntsheditseng . Re solofetsa go Mo sala morago le go tshela botshelo jwa Sekeresete. Re solofetsa go leka go tshegetsa ditaelo tsa Modimo. Mo tefetsongo, Mowa o o Boitshepo o tla re gomotsa, kaela, le go re fodisa.

Setshwantsho
kolobetso

Go Ntšhafatsa Dikgolagano

Fa bao ba rona ba re kolobeditsweng re tsaya sakaramente ka pelo e e itshekileng, re ntšhafatsa kgolagano e re e dirileng fa re kolobediwa. Se se akaretsa go amogela Mowa o o Boitshepo le go ntlafadiwa mo dibeng jaaka e kete re ne re kolobediwa gape. Se ke tsholofelo le kutlwelo botlhoko e Jeso a e neelang mongwe le mongwe wa rona. Ga go thari go ikwatlhaya le go itshwarelwa.

Setshwantsho
Jeso Keresete a itsise Banefi ka sakaramente

Gore Le Nkgakologelwe Ka Metlha, ka Gary L. Kapp, e ka se kopololwe

Dikwalo tse di boitshepo tsa Reng ka Sakaramente?

Re tshwanetse go ipotsisesa semowa, ka boammaaruri re leba moteng, pele re tsaya sakaramente (bona 1 Corinthians 11:28).

Morago ga A sena go Tsoga , Jeso a supegetsa batho ba Gagwe kwa Amerika ka fa ba ka tsayang sakaramente (bona 3 Nephi 18).

Baporofeti ba segompieno ba re boleletse gore re dirise senkgwe le metsi jaaka sakaramente, mme se re se jang kgotsa re se nwang ga se re sepe ruri (bona Doctrine and Covenants 27:2). Ka nako dingwe bao ba ba nang le bolwetsi jwa go ilwa ke sengwe ba tlhoka go dirisa sengwe se se tshwanang le senkgwe.

Selalelo sa Bofelo, ka Carl Heinrich Bloch; senepe sa mosetsanyana a rapela ka Angela Suitter; Thapelo kwa Gethesemane, ka Del Parson; Gore Le Nkgopole Ka Metlha, ka Gary L Kapp, e ka se kopololwe

Gatisa