2021
Jeso Keresete o Re Bolokile mo Sebeng le Loso
Moranang 2021


“Jeso Keresete o re Bolokile mo Sebeng le Loso,” Liahona, Moranang 2021

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Moranang 2021

Jeso Keresete o Re Bolokile mo Sebeng le Loso

Ka ntlha ya setlhabelo sa Gagwe, rotlhe re na le sebaka sa go bona kagiso ya bosakhutlheng le boitumelo.

Setshwantsho
Selalelo sa Bofelo

Keresete a Bopa Lefatshe, ka Robert T. Barrett

Re kaya Jeso Keresete jaaka Mmoloki wa rona. Seo ke ka ntlha ya gore O lefetse dibe tsa rona le go fenya thata ya loso. O re bolokile! Setlhabelo sa Gagwe mo go rona, se se bidiwang Tetlanyo, ke tiragalo e e botlhokwa thata e e kileng ya diragala. Ka ntlha ya Gagwe, loso ga se bokhutlho. Ka ntlha ya Gagwe, re ka itshwarelwa dibe tsa rona, ra ntlafala gape, le go tokafala letsatsi le letsatsi.

Jeso Keresete Ke Motsalwa pele

Pele ga re tla mo lefatsheng, re tshedile le batsadi ba rona ba selegodimo. Jaaka Motsalwa pele, Jeso Keresete o thusitse go bopa lefatshe le lentle le. O ne a itshenkelwa go nna Mmoloki wa rona mme a dumela go tsalwa mo lefatsheng gore A tle a tlhome sekao se se siameng, go ruta efangele ya Gagwe, le go re feleleletsa Tetlanyo a.

Setshwantsho
Jeso Keresete a Rapela mo Gethesemane

Rara Wa Me, ka Simon Dewey

Jeso Keresete o Lefeletse Dibe Tsa rona

Fa Jeso a setse a itse gore O tlaa tloga a swa , A ya kwa tshimong e e bidiwang Gethesemane go rapela. ka nako eo ya thapelo, A simolola go lefela dibe tsa rona. O bogile ka go rata gore re seka ra boga—fa re ka ikwatlhaya. Fa re sokologa mo dibeng tsa rona mme mo boemong ra sala Mmoloki morago, re ka bona boitshwarelo le pholo. Ka ntlha ya se A se itemogetseng kwa Gethesamane, Jeso o tlhaloganya tota tota gore go ntse jaana go nna mongwe le mongwe wa rona. O utlwile mahutsana a rona otlhe, malwetse, le ditlhabi. Se ke karolo ya ntlha ya Tetlanyo.

Setshwantsho
phitlho ya ga Keresete

Phitlho ya ga Keresete, ka Carl Heinrich Bloch

Jeso Keresete o Fentse Loso

Morago ga thapelo ya Gagwe mo Gethesemane, Jeso o ne a tsiediwa, a tshwarwa, mme a atlholelwa loso ka go bapolwa. Le fa ntswa A ne a na le thata yotlhe, Jeso a itetlelela go swa mo sefapaanong. Balatedi ba Gagwe ka lorato ba baya mmele wa gagwe mo lebitleng. Ba ne ba seka ba lemoga gore le fa mmele wa Gagwe o sule, mowa wa Gagwe o ne o santse o tshela kwa lefatsheng la mowa. Morago ga malatsi a mararo, Jeso a boela mo botshelong gape mme a ba etela, go supa gore o ka fenya loso. Se sa feleletsa Tetlanyo. Ka ntlha ya gore Jeso o ne a tsosiwa, mongwe le mongwe wa rona o tla tshela gape morago ga re sena go swa.

Setshwantsho
Keresete le Maria kwa lebitleng

O a Tshela, ka Simon Dewey

Bokao jwa Keresemose le Paseka

Mafatshe ka bontsi a ipelela malatsi a boikhutso a mabedi a a re thusang go gakologelwa Tetlanyo ya ga Jeso Keresete. Ka nako ya Keresemose, re gakologelwa ka boipelo gore Jeso o ne a rata go amogela thomo ya go tla mo lefatsheng, le fa ntswa seo se ne se akaretsa go boga le go re swela. Paseka e ipelela phenyo ya Mmoloki mo sebeng le loso, se se re nayang tsholofelo ya lobaka lo lo tla tlang la bosakhutleng la boitumelo.

Setshwantsho
Keresete o bitsa Peter le Andrew

Keresete o Bitsa Peter le Andrew, ka James Taylor Harwood

Dikwalo tse di boitshepo Tsa Reng ka Tetlanyo ya Mmoloki?

Ka ntlha ya gore Jeso o re itse gotlhelele, O ka re “tlamela,” kgotsa a re thusa, (bona Alema 7:11-12).

Mmoloki o tlhaloganya mahutsana a rona le pelobotlhoko (bona Isaia 53:2–5).

Modimo o rometse Jeso go re boloka gonne Modimo o rata mongwe le mongwe wa rona(bona Johane 3:16–17).

Jeso o ne a rapelela balatedi ba Gagwe, go akaretsa le rona, gore re sireletsege mo bosuleng le go re re nne bangwefela le Ene le Rara wa Legodimo (bona Johane 17).

Mmoloki wa rona o re laletsa go Mo sala morago le go boela kwa boleng teng jwa Gagwe (bona Doctrine and Covenants 19:16–19, 23–24; 132:23).

Gatisa