2021
Polelo ya Paseka
Moranang 2021


“Polelo ya Paseka,” Friend, Moranang 2021

Molaetsa wa Friend wa Kgwedi le kgwedi, Moranang 2021

Polelo ya Paseka

Setshwantsho
Jeso a tlhapisa Baaposetole dinao

Ditshwantsho ka Apryl Stott

Jeso o ne a rata ditsala tsa Gagwe. O ba tlhapisitse dinao. Ke gone A ba naya sakaramente. O ba boleletse gore ba Mo gakologelwe. O ba boleletse gore ba ratane.

Setshwantsho
Jeso a rapela mo Gethesemane

Moragonyana, Jeso a ya kwa tshimong. O re rapeletse rotlhe. O utlwile botlhoko jwa malwetse a rona. O utlwile botlhoko jwa dibe tsa rona.

Setshwantsho
Mmele wa ga Jeso o bewa mo lebitleng

Batho ba ba šhakgetseng ba tsaya Jeso. Ba Mo gobatsa. O re swetse mo sefaapanong. Ditsala tsa gagwe tsa baya mmele wa Gagwe mo lebitleng.

Setshwantsho
moengele a begela basadi ka Tsogo ya ga Jeso

Morago ga malatsi a le mararo, ditsala tsa Gagwe tsa boa. Lebitla le ne le sena sepe! Baengele ba ba bolelela gore, “O tsogile.” Jeso O ne a tshela gape! Ka ntlha ya ga Jeso, re tlaa tshela gape fa re sena go swa.

Setshwantsho
bana mo kerekeng

Jeso o a nthata. Nka dira Paseka gore e kgethege ka go Mo gakologelwa.

Tsebe ya go Taka

Paseka ke ka ga Jeso

Setshwantsho
Jeso Keresete

Gatisa