2021
Mmoloki wa Rona O re Diretse eng?
Motsheganong 2021


“Mmoloki wa Rona O Re Diretse eng?,” Go Nonofo ya Banana, Motsheganong. 2021.

Kgaso ya Boperesiti

Mmoloki wa Rona O re Diretse eng?

Dikinolo

Setshwantsho
Lebitla la ga Keresete le le se nang sepe

Ke eng se Jeso Keresete a se diretseng mongwe le mongwe wa rona? O dirile sengwe le sengwe se se tlhokafalang mo loetong lwa rona la senama go ya kwa pheletsong e e nankotsweng mo togamaanong ya ga Rara wa rona wa Legodimo. Ke tlaa bua ka dipopego tse nne tsa konokono tsa togamaano eo. …

Tsogo ya baswi e re naya tšhono le thata go itshokela dikgwetlho tsa senama tse mongwe le mongwe wa rona a lebaganang le tsone le bao ba re ba ratang. E re neela tsela e ntšha ya go lebelela ditlhaelo tsa mmele, tlhaloganyo, kgotsa maikutlo tse re nnang le tsone fa re tsholwa kgotsa tse re di amogelang ka nako ya botshelo jwa senama. E re neela thata go itshokela mahutsana, ditlholego le go kgobega marapo.

Tsogo ya baswi le yone e re neela kgothatso e e maatla go tshegetsa ditaelo tsa Modimo ka nako ya matshelo a rona a senama. …

Mmoloki le Morekolodi wa rona o itshoketse dipogisego tse di sa tlhaloganyesegeng go nna setlhabelo sa dibe tsa batshedi botlhe ba ba tlaa ikwatlhayang. Setlhabelo se sa tefetso se neetsee molemo wa bofelo, kwana e e itshekileng e e senang selabe, wa selekanyo sa bofelo sa bosula, dibe tsa lefatshe lotlhe. …

… Jeso o re rutile togamaano ya poloko. Togamaano e e akaretsa Tlholego, maikaelelo a botshelo, tlhokego ya kganetso, le neo ya boitshenkelo. O re rutile le gone ditaelo le dikgolagano re tshwanetseng go di amogela le ditao tse re tshwanetseng go di itemogela go re busetsa kwa batsading ba rona ba legodimo. .…

Mmoloki wa Rona o utlwa le go itse dithaelo tsa rona, ditshokolo tsa rona, matlhomola pelo a rona, le dipogisego tsa rona, gonne ka go rata O di itemogetse tsotlhe jaaka karolo ya Tetlanyo ya Gagwe. … Botlhe ba ba bogang mofuta ope wa makoa a senama ba tshwanetse go gakologelwa gore Mmoloki wa rona o itemogetse mofuta o wa botlhoko, le gore ka Tetlanyo ya Gagwe, O neela mongwe le mongwe wa rona thata go a itshokela.

Gatisa