2021
Ke Rata go Bona Tempele
Motsheganong 2021


“Ke Rata go Bona Tempele,” Go Nonofo ya Banana, Motsheganong. 2021.

Kgaso ya mo Mosong wa Matlhatso

Ke Rata go Bona Tempele

Dikinolo

Setshwantsho
tempele

Ke itse gore ditempele tsa Morena ke mafelo a a boitshepo. Maikaelelo a me gompieno ka go bua ka ditempele ke go oketsa keletso ya lona le ya me go itekanela le go iketleeletsa mabaka a a oketsegileng a maitemogelo a tempele a a tlang kwa go rona. …

Fa wena kgotsa nna re ya tempeleng re sa ntlafala mo go lekaneng, ga re kitla re kgona go bona, ka thata ya Mowa o o Boitshepo, dithuto tsa semowa ka ga Mmoloki tse re ka di amogelang mo tempeleng.

Fa re itekanela go amogela thuto e e ntseng jalo, go ka gola ka maitemogelo a rona a tempele tsholofelo, boitumelo, le go nna le tshepo go ya ka matshelo a rona. Tsholofelo eo, boitumelo le go nna le tshepo di teng fela ka go amogela ditao tse di dirwang mo ditempeleng tse di boitshepo. Ke mo tempeleng mo re ka amogelang netefatso ya tshwaragano ya lelwapa le le lorato eo e tlaa tswelelang morago ga loso mme e nne ka bosakhutleng. …

… Mme re itse gore boitumelo jwa rona jwa bosakhutleng bo ikaegile mo go direng ga rona ka natla go neela boitumelo jone joo jo bo nnelang ruri mo bontsing jwa losika lwa rona jaaka re ka kgona.

Ke utlwa keletso e e tshwanang go atlega mo go laletseng maloko a lelwapa ba ba tshelang go eletsa go itekanela go amogela le go tlotla ditao tsa kano tsa tempele. Seo ke karolo ya go phuthiwa ga Iseraele mo go solofeditsweng mo malatsing a befelo mo ntlheng tsotlhe tsa sesiro.

Setshwantsho
Ntšhafatso ya Tempele ya Salt Lake

Gatisa