“Kwala Selo se se Siameng,” Go Nonofo ya Banana, Phukwi 2021, 18–19.
Molaetsa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Phukwi 2021
Kwala Selo se se Siameng
Go kwala dikakanyo tsa gago jaaka o ithutuntsha dikwalo tse di boitshepo go ka go thusa ka boammaaruri go ithuta.
“Nako le nako fa ke simolola go bala dikwalo tse di boitshepo, ke a thulamela!” mongwe wa moanamisa efangele a bolelela poresidente wa gagwe wa thomo. “Ekete dikwalo tse di boitshepo ke pilisi ya boroko!”
Poresidente ya gagwe a fetola, “A o etle o kwale dintlha fa o bala?”
“Nnyaa,” ga bua moanamisa efangele.
“Go motlhofo go thulamela kgotsa go letlelela tlhaloganyo ya gago go katogela kgakala fa fela o bala,” poresidente a bua, “mme ga go kgonege fa otsenya go kwala!”
Kgakololo e poresidente e ya thomo a e neetseng moanamisa efangele wa gagwe yo o sokolang ya dira pharologanyo e kgolo. Ka jalo fa o batla tsela e ntšha ya go nonotsha go ithutuntsha dikwalo tse di boitshepo, go lekeletse. Jaaka o kwala ka ga seo o se balang, o ka nna wa iphitlhela o inakantse thata le go ithuta botoka, le gone.
Fano ke ditsela dingwe tse re di boneng di le mosola tota.
Mokaulengwe Steven Lund:
Ke nna ke beile pampiri fa ke bala. Jaaka fa Mowa o nthotloetsa ka nako ya ithutuntsho ya me, ke kwala dithotloetso tseo.
Ke tsere kgopolo e go tswa mo go Mogolwane Richard G. Scott (1928–2015) wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi, yo o rileng: “Kwala mo lefelong le le rileng dilo tse di botlhokwa tse o di ithutang go tswa Moweng. O tlaa bona gore jaaka o kwala dithotloetso tse di rategang, gantsi mo gontsi go tlaa tla. Le gone, kitso eo e amogelang e tlaa nna teng go ya ka botshelo jwa gago jotlhe” (“To Acquire Knowledge and the Strength to Use It Wisely,” Ensign, Seetebosigo 2002, 32).
Ke a itse mafoko ao a boammaaruri. Jaaka fa ke baakanya dipuiso le dithuto, ga ke ye fela mo dikwalong tse di boitshepo mme le gone mo go se ke se kwadileng fa ke di bala.
Mokaulengwe Ahmad Corbitt:
Ke rata go ithutuntsha ka ditlhogo. Ke bala dikwalo tse di boitshepo go tswa kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong, mme le gone ke rata go tsaya kwa le kwa mme ke ithutuntsha ditlhogo. Sekai, ke tlaa dirisa Kaelo ya Ditlhogo go batla dikwalo tse di boitshepo ka tumelo kgotsa go phuthega ga Iseraele. Ke gone ga ke tseye dintlha fela, mme ke kwala se ke se ithutang go netefatsa gore ke a tlhaloganya tota. Ka metlha ke nna ke gakgamalela ka fa ke tlhaloganyang dilo botoka thata ka teng fa ke dira se. Le gone ke itshenkela dikwalo dingwe tse di boitshepo go di tshwara ka tlhogo.
Mokaulengwe Bradley Wilcox:
Ke na le jenale ya ithutuntsho kwa ke kwalang teng dikwalo tse di boitshepo ka mafoko a me. Sekai, “Gonne motho wa tlholego ke mmaba wa Modimo” (Mosia 3:19) e nna “Gonne motho yo o boikgogomoso le yo o sa ikwatlhaeng o itshenkela go nna mmaba wa Modimo, fela Modimo ga se mmaba wa gagwe. Modimo ke tsala ya gagwe tota.”
Le gone ke kwala dipotso. Di ka nna dipotso tse ke akantseng ka ga tsone pele ga ke bala, kgotsa e ka nna dipotso tse di ka tlhotlhelediwang ke se ke se balang. Le fa gontse jalo, go ntira gore ke eletlhoko .
Thata ya go Kwala Dikakanyo tsa Gago
Mongwe le mongwe wa rona mo boporesidenteng o ithutuntsha dikwalo tse di boitshepo ka tsela e sele, mme rotlhe re a kwala jaaka re dira jalo!
Go bala go re thusa go tsenya mo teng dikakanyo le maikutlo. Seo se botlhokwa. Mme fa re bua kgotsa re kwala, re lemoga le go supa dikakanyo le maikutlo go tswa mo teng go ya kwa ntle. Re utlwa gore go re thusa go diragatsa boammaaruri jwa efangele botoka.
Lekawana lengwe le lemogile boammaaruri jo ka boene fa a ne a kopiwa go neela puiso mo bokopanong jwa sakaremente. O ne a utlwile batho ba bangwe ba le bantsi ba neela dipuiso mme a seka a gakologelwa dintlha. Nako e e ne e farologane. Fa a kwala khutshwafatso ya puiso ya gagwe, e ne ya seka fela ya mo thusa go neela puiso e e rulagantsweng, mme o ne a e gakologelwa sebaka se se leele.
Selo se se tshwanang se ka diragala mo ithutuntshong ya gago ya dikwalo tse di boitshepo. Fa o thulamela fa o bula dikwalo tse di boitshepo, ke nako ya go tsoga. Leka go ntsha pensele, pene, mogala, kgotsa khomphiuthara mme o kwale. O tlaa gakgamalela pharologanyo e e ka e dirang!
© 2021 ka Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. Printed in USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya thanolo: 6/19. Thanolo ya Molaetsa wa Ya Nonofo ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Phukwi 2021. Setswana. 17471 763