2021
Paulo a Ikwatlhaya
Phukwi 2021


“Paulo a Ikwatlhaya,” Friend, Phukwi 2021

“Paulo a Ikwatlhaya”

Molaetsa wa Friend wa Kgwedi le kgwedi, Phukwi 2021

Paulo a Ikwatlhaya

Ditiro 9:1–22; 13:9

Setshwantsho
Paulo a goelela motho

Morago ga go swa ga ga Jeso, Barutwana ba gagwe ba tswelela ka go ruta batho. Mme ga se mongwe le mongwe yo a neng a rata se ba se rutang. Monna yo a neng a bidiwa Paulo o ne a le pelompe mo go ba ba neng ba sala Jeso morago.

Setshwantsho
lesedi le phatsimela Paulo

Letsatsi lengwe fa Paulo a le mo loetong, a bona lesedi le le phatsimang le tswa kwa legodimong. A utlwa lentswe la ga Jeso! Jeso a bolelela Paulo gore a ikwatlhae mme a mo sale morago.

Setshwantsho
Paulo a bipa matlho a gagwe

Lesedi le le phatsimang la foufatsa Paulo. Monna yo o boitshepo yo o bidiwang Ananiase a fodisa matlho a ga Paulo. Paulo a itshenkela go kolobediwa.

Setshwantsho
Paulo o rerela matshwititshwiti

Morago ga moo, Paulo a ruta batho ka ga Jeso Keresete. E ne e le moanamisa efangele yo mogolo, moruti, le moeteledipele mo Kerekeng ya ga Keresete.

Setshwantsho
mosetsana a gomotsa tsala

Ke ka itshenkela go nna pelonomi mo boemong jwa go nna pelompe. Ke ka itshenkela ka metlha go sala Jeso Keresete morago.

Tsebe ya go Taka

Paulo o Bone Jeso

Setshwantsho
Paulo o Bona Jeso

Setshwantsho ka Apryl Stott

Gatisa