2021
Leina la Kereke ya Gagwe
Phalane 2021


“Leina la Kereke ya Gagwe,” Ya Nonofo ya Banana, Phalane 2021.

Molaetsa wa Nonofo ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Phalane 2021

Leina la Kereke ya Gagwe

Go na le bokao mo leineng le Jeso Keresete a le biditseng Kereke ya Gagwe.

Setshwantsho
Jeso Keresete jaaka Modisa Yo Molemo

kereke ya me

Kereke—setlhopha sa batho se se dumelang dilo di le dingwe le go obamela mmogo. Kereke e ke ya ga Jeso Keresete. O e simolotse. O e etelelapele Ke ya Gagwe.

e bidiwa

Jeso Keresete o re boleletse se a batlang batho ba se bitsa Kereke ya Gagwe. Ka jalo seo ke se re tshwanetse go se e bitsa—le se re tshwanetse ka bopelontle ra kopa ba bangwe go se e bitsa. Leina le le tswa mo go Jeso Keresete.

malatsi a bofelo

Malatsi a bofelo—malatsi a re tshelang mo go one, nako pele ga Go tla ga Bobedi ga ga Jeso Keresete. Jeso Keresete o tlisitse Kereke ya Gagwe gape mo lefatsheng la bofelo. E tlaa thusa go baakanyetsa lefatshe Go tla ga Gagwe ga Bobedi.

Kereke ya ga Jeso Keresete

(Bona “kereke ya me.”) Se ke karolo ya ntlha ya leina le Mmoloki a le neetseng Kereke ya Gagwe. O e bitsa “Kereke” gonne o e rulagantse. Mme o tsentse leina la Gagwe mo go yone.

Malatsi a bofelo

(Bona “malatsi a bofelo.”) Se ke karolo e e latelang ya leina la Kereke. Ntle le pelaelo go supa gore se ke Kereke e a e tlisitseng gape mo malatsing a, e seng e a e simolotseng mo dinakong tsa pele.

Baitshepi

Baitshepi—lefoko le le kayang, “batho ba ba boitshepo.” Se ke karolo ya bofelo ya leina la Kereke. E bua ka maloko a Kereke. Jeso Keresete o ka re ntlafatsa le go re itshekisa. Mme o re neela Mowa o o Boitshepo go re nonotsha jaaka re leka go dira se a re se laoletseng. Fa re na le tumelo mo go ene mme re tswelela re leka, o re dira boitshepo. O re dira Baitshepi.

Gatisa