2021
Tiro ya Tempele
Phalane 2021


“Tiro ya Tempele,” Liahona, Phalane 2021

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Phalane 2021

Tiro ya Tempele

Ditempele ke ntlo ya Morena. Re ka amogela ditao le go dira dikgolagano le Ene mo ditempeleng. Le rona re ka direla baswi ba rona ditao mo tempeleng .

Setshwantsho
tempele

Senepe sa Tempele ya Barranquilla Colombia ka Bruno Lima

Go yeng ka ditso, Morena o laotse batho ba Gagwe go aga ditempele. Ditempele ke mafelo a boitshepo kwa re ka utlwang lorato la Modimo, amogela ditao, le go dira ditsholofetso le Ene. Kereke e aga ditempele go dikologa lefatshe gore batho ba bantsi ba ka nna le ditshegofatso tse.

Setshwantsho
mosadi fa pele ga tempele

Senepe sa mosadi fa pele ga Tempele ya Oquirrh Mountain Utah ka Nexeo le Matthew Reier

Endaomente

Maloko a Kereke a a tshelang ka tshiamo a ya tempeleng go amogela ditao le go dira dikgolagano, kgotsa ditsholofetso, le Modimo. Nngwe ya tao e re e amogelang mo tempeleng ke endaomente. Lefoko endaomente le tlhalosa “mpho.” Endaomente ya tempele ke mpho go tswa kwa Modimong. Mo taong e re ithuta ka ga togamaano ya poloko ya Rara wa Legodimo, mme re dira dikgolagano go tshegetsa ditaelo tsa Modimo. Fa re le boikanyego mo dikgolaganong tse re di dirang, Modimo o tlaa re segofatsa.

Setshwantsho
bobedi fa pele ga tempele

Senepe sa bobedi bo tsamaya fa Tempeleng ya Manila Philippines ka Cristina Smith

Go Kana Malwapa Mmogo

Lenyalo mo tempeleng le gone le bidiwa kano. Fa bobedi bo kanwa mo tempeleng mme bo tshegetsa dikgolagano tsa bone, ba tlaa bo ba nyalane ka bosenang bokhutlo. Fa ba na le bana, bana bao le bone ba tlaa kanwa mo go bone. Batsadi ba ba kanwang fa ba sena go nna le bana ba ka dira gore bana ba bone ba kanwe mo go bone. Fa ba tshela ka tshiamo, ba tlaa nna lelwapa go ya ka bosakhutleng.

Setshwantsho
Lefelo la Kolobetso la Tempele ya Lisbon Portugal

Senepe sa lefelo la kolobetso la Tempele ya Lisbon Portugal ka Leslie Nilsson

Tiro ya Tempele ya Bana Botlhe ba Modimo

Re dira tiro tsa ditso tsa lelwapa go batlisisa ka ga baswi ba rona. Ke gone re dire tiro ya tempele mo boemong jwa bone. Re ba direla ditao tsotlhe tse batshedi ba di tlhokang: kolobetso, tlhomamiso, go amogela boperesiti (banna), endaomente, le kano. Ke gone ba ka itlhophela fa ba batla go amogela ditao tse. Ka tsela e, bana botlhe ba Modimo ba ka itumelela ditshegofatso tsa efangele.

Setshwantsho
lelwapa fa pele ga tempele

Senepe sa lelwapa fa pele ga Tempele ya Philadelphia Pennsylvania ka Cody Bel

Ditshegofatso tsa Tiro ya Tempele

Fa re tshegetsa dikgolagano tse re di dirang mo tempeleng, re tlaa segofala, sirelediwa, le go thatafadiwa. Re tlaa nna le thata ya boperesiti. Malwapa a rona a tlaa nna mmogo ka bosenang bokhutlo.

Le gone Tempele ke lefelo la kagiso le tshenolo. Fa re dira tiro ya tempele, re ka amogela kaelo ya semowa le go utlwa lerato la Modimo.

Gatisa