2022
Itshenkela
Seetebosigo 2022


“Itshenkela,” Go Nonofo ya Banana, Seetebosigo 2022.

Molaetsa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Seetebosigo 2022

Itshenkela

Joshua o kgothaditse batho ba gagwe go dira boitshenkelo jo bo siameng—go sala Morena morago.

itshenkele

Bokgoni jwa rona go itshenkela le go iterela e bidiwa boikgethelo. Ke karolo e e botlhokwa ya togamaano ya Rara wa Legodimo. Boikaelelo bo le bongwe jwa botshelo jo ke go supa gore re tlaa itshenkela go obamela ditaelo tsa Modimo gore re ka nna thata jaaka Ene. Re tlaa atlholwa go yeng ka boitshenkelo jwa rona. (Bona 2 Nefi 2:27; Dithuto le Dikgolagano 101:78; Aborahamo 3:25.)

gompieno

Joshua o kgothaditse batho ba gagwe go itshenkela “gompieno,” kgotsa jaanong jaana. Re ka dira boitshenkelo jo bo botlhokwa gangwe mme le gone ra leka go ineela mo go jone. (Bona Pesalema 37:5.)

direla

Mo temaneng e, go direla go raya go obamela, go thusa, go ikoba, le go rata mongwe. Re tshwanetse go direla Morena ( bona Moshe 1:15).

medimo

Iseraele o ne a laetswe go direla fela Modimo yo o tshedileng le wa boammaaruri, Jeso Keresete (bona Ekesodo 20:2–5). Joshua o neetse dikai tsa medimo e mengwe eo batho ba gagwe ba sa tshwanang go e obamela. Medimo e mengwe mo matshelong a rona e ka akaretasa dithoto, megopolo ya ba bangwe, dikgatlhego tse dingwe—sengwe le sengwe se se re tlosang mo Moreneng.

nna le ba ntlo ya me

Joshua o ipueletse le ba ntlo ya gagwe. O rile re tlaa direla Morena. O batlile go etelela pele lelwapa ka tshiamo le go ba ruta go sala Morena morago (bona Dithuto le Dikgolagano 93:40).

Gatisa