2022
Go Diragalang mo Dikopanong tsa Kereke tsa Sontaga?
Seetebosigo 2022


“Go Diragalang mo Dikopanong tsa Kereke tsa Sontaga?,” Liahona, Seetebosigo 2022.

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Seetebosigo 2022

Go Diragalang mo Dikopanong tsa Kereke tsa Sontaga?

Setshwantsho
Basadi ba babedi ba tlamparelana

Maloko a Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ba kopana Sontaga mongwe le mongwe go obamela Modimo le go rutana efangele ya ga Jeso Keresete. Botlhe ba a amogelesega go tsena, mme maloko a tlaa nna le lobaka lwa go rapela, go neela dipuisano, le go ruta dithuto fa ba batla. Dikopano tse di thusa maloko go thatafatsana mo tumelong le go nna “dipelo dingwe fela go kopangwa mo loratong” (Mosia 18:21).

Setshwantsho
mosimane mo kolotsaneng ya ba ba golafetseng a fetisa sakaramente

Kopano ya Sakaramente

Maloko a wate kgotsa lekala ba kopana Sontaga mongwe le mongwe mo kopanong ya sakaramente. (Bao ba e seng ba tumelo ya rona ba a amogelesega go tsena le bone.) Sakaramente se newa maloko ka nako ya kopano e go ba thusa go gakologelwa Jeso Keresete (bona April 2022 Gospel Basics article go bona tshedimosetso e nngwe ka sakaramente). Kopano le yone e akaretsa dithapelo, kobamelo, moopelo, le dipuisano tse di neelwang ke maloko ka ga efangele ya ga Jeso Keresete.

Setshwantsho
basetsanyana ba babedi ba ba nyenyang mo kerekeng

Dikopano tse Dingwe

Morago ga sakaramente, maloko a kgaoganela mo ditlelaseng le dikhoramo. Bana ba dingwaga go tswa ka dikgwedi di le 18 go ya kwa dingwageng di le 11 ba tsena Poraemari. Ka di Sontaga tsa ntlha le tsa boraro tsa kgwedi nngwe le nngwe, maloko otlhe a mangwe a tsena Sekolo sa Sontaga. Mo di Sontageng tsa bobedi le tsa bone, ba tsena dikopano tsa Mokgatlho wa Thuso, tsa Makgarejwana, kgotsa khoramo ya boperesiti.

Dithapelo

Dithapelo mo dikopanong tsa kereke di neelwa ke maloko. Dithapelo di motlhofo e bile di kaelwa ke Mowa o o Boitshepo. Maoloko a rapela a dira mafoko a a kayang lorato le tlotlo ya Rara wa Legodimo. Se se akaretsa go dirisa maemedi Wena,Gago,Jwa Gago le O fa re Mo rapela.

Dipuisano

Leloko la bobishopo kgotsa boporesidente ba lekala ba kopa maloko go neela dipuisano mo kopanong ya sakaramente. Dipuisano tse di remelela mo efangeleng ya ga Jeso Keresete. Dibui di dirisa dikwalo tse di boitshepo le mafoko a baeteledi pele ba Kereke fa ba baakanyetsa dipuisano tsa bone. Le gone ba naya bopaki jwa ditshegofatso tsa melawana ya efangele mo matshelong a bone.

Dithuto

Morago ga kopano ya sakaramente, maloko a ithuta ka ga efangele mo ditlelaseng tse di nnye. Dithuto di ka nna ka ga dikwalo tse di boitshepo, dithuto go tswa mo khonforenseng ya kakaretso, kgotsa ditlhogo tse dingwe. Le fa ntswa morutintshi a tlaa etelela pele thuto, ga se thero. Maloko otlhe a tlelase a ka abelana dikakanyo tsa bone ka ga setlhogo.

Setshwantsho
monna a bua fa felong ga therelo

Bopaki

Gangwe mo kgweding, kopano ya sakaramente e akaretsa kopano ya go neela bopaki. Ka tlwaelo se se mo Sontageng sa ntlha sa kgwedi. Ka nako ya kopano e, maloko a ka naya bopaki jwa bone ka ga Jeso Keresete le efangele ya Gagwe. Go naya bopaki go raya go bolela boammaaruri jwa efangele jaaka o tlhotlhelediwa ke Mowa o o Boitshepo.

Paakanyetso

Maloko a ipakanyetsa dikopano tsa Sontaga ka go rapela, ithutuntsha dikwalo tse di boitshepo, le go iketleeletsa go amogela tlhotlheletso ya Mowa o o Boitshepo. Fa o kopiwa go neela puisano kgotsa go ruta thuto, ka thapelo akanya ka fa o ka rutang melawana ya efangele ka gone. Dirisa,dikwalo tse di boitshepo. Naya bopaki jwa boammaaruri. Baeteledi pele ba Kereke ya gago ba ka go thusa go ipaakanya, fa go tlhokega.

Gatisa