2022
Lebone la Dinao tsa Rona
Phatwe 2022


“Lebone la Diano tsa Rona,” Ya Nonofo ya Banana, Phatwe. 2022.

Molaetsa wa Kgwedi le Kgwedi wa, Ya Nonofo ya Banana Phatwe 2022

Lebone go Maoto a Rona

Sediriswa se se tlwaelegileng sa Baiseraele ba bogologolo se ka re ruta ka fa Morena a ka re kaelang ka teng.

Setshwantsho
lebone la lookwane

Dintlha

Mo dinakong tsa Kgolagano e Kgologolo, batho ba ne ba dirisa dipone tsa lookwane go tshola lesedi ka tsone mo lefifing. Bontsi jwa dipone tse di ne di na le ditebego tse tharo:

  1. Sekotlolo sa mmopa go tshegetsa lookwane la olifi; se ka tlwaelo se leng sennye mo go lekanyeng go tshwarwa mo legofing la seatla sa motho

  2. Mogala o o otlhilweng o tshwanetse go tshubiwa fa o setse o hupile lookwane

  3. Le selwana kgotsa motsu go tshegetsa mogala

Dipone tsa lookwane tse di seng magasigasi di na le mogala o le mongwe di ne di bonesa dikgato di se kae fela mo tikologong ya bone. Fa di ne di dirisiwa go tsamaya tsamaya mo tikologong, di ne di ntsha lesedi le lekaneng fela go bona kgato fa pele ga gago gore o ka tsamaya mo lefifing ka kelelelo.

Se Re Ka se ithutang

Setshwantsho
Jeso Keresete a tshwere lebone la lookwane

Le dirisitswe ka tetla. Etapele, Lebone le le Pelonomi, ka Simon Dewey. Ka ditebogo tsa altusfineart.com © 2022.

Lentswe la Morena le ka bonesa tsela ya rona mo lefifing le mo ketsaetsegong e e re dikologileng mo lefatsheng.

Morena o re lopile gore re seka ra bipa lesedi la rona mme re tshware lesedi la efangele mo go rona gore ba bangwe ba le bone (bona Mathaio 5:14–16).

Go tswa mo go rona go netefatsa gore dipone tsa rona di tlala ka lookwane (bona Mathaio 25: 1–13). Re dira se ka go rapela, go ithutuntsha dikwalo tse di boitshepo,tirelo, go sala moporofeti morago, le ditiro tse dingwe tsa tumelo le semowa (bona,Spencer W. Kimball, Faith Precedes the Miracle [1972], 256)

Fa re dirsa tumelo, Morena ka dinako dingwe o bonesa tsela ya rona mo go re lekaneng fela go ka tsaya kgato e nngwe gape (bona Boyd K. Packer, “The Candle of the Lord,” Ensign, Ferikgong. 1983, 54).

Gatisa