2022
Maitiso a Mo Gae Ke Eng?
Phatwe 2022


“Maitiso a Mo Gae Ke Eng?” Liahona, Phatwe. 2022.

Molaetsa wa Kgwedi le Kgwedi, wa Liahona Phatwe 2022

Maitiso a Mo Gae Ke Eng?

Setshwantsho
mme, rre, le mosetsanyana ba ntse kwantle

Maitiso a mo gae ke nako e e beetsweng fa thoko mo bekeng gore ba lelwapa la gago ba kgobokane. Ka nako e, o ka “ithuta efangele, go nonotsha bopaki, go aga tshwaragano, le go itumelelana” (General Handbook: Serving in The Church of Jesus Christ of Latter-day Saints, 2.2.4, ChurchofJesusChrist.org). Maitiso a mo gae a lebega a farologana ka malwapa. Fela maikaelelo ke go dirisa nako e go atamelana le go atamela Mmoloki.

Paakanyetso

Akanya ka tiro e ba lelwapa la gago ba e itumelelang le setlhogo sa efangele se ba ka ratang go se buisana le go ithuta botlhe. Gape, tlhopha letsatsi le nako beke nngwe le nngwe fa mongwe le mongwe wa lelwapa a ka kopanang. Kereke e rotloetsa maloko go tshwara maitiso a mo gae mo masigong a Mosupologo. Fele malwapa a ka kopana fa go kgonega.

Setshwantsho
lelwapa le rapela

Thapelo

Malapa a le mantsi a simolola maitiso a mo gae le go digela ka thapelo. Se se laletsa Mowa o o Boitshepo mo lwapeng la bone. Maitiso a mo gae ke nako ee siameng ya bana le bagolo go ithuta le go rapela mo ditlhopeng tse di nnye.

Kopelo

Malwapa a le mantsi ana le pina ee bulang le ee tswalang. Gantsi ba tlhopa pina go tswa mo bukeng ya kopelo kgotsa ya buka ya dipina ya Poraemari. Kereke e na le dikgatiso tsa piano tsa difela mo go music.ChurchofJesusChrist.org. O ka lebelela ditshwantsho tsa motshikinyego tsa Tabernacle Choir at Temple Square. Go opela ka nako ya maitiso a mo gae go thusa maloko go ithuta dipina tse di opelwang ko kerekeng.

Thuto

Kereke e na le didirisiwa tse di ka thusang ka maitiso a mo gae. O ka tsaya metsotswana e se kae go bala le go buisana ka karolo nngwe go tswa mo go Liahona, mo go Friend, kgotsa Go Nonofo ya Banana. E e ka nna nako ya go leba le go buisana ka ditshwantsho tsa motshikinyego tsa Kereke. Kgotsa o ka bala ka puisano ya khonferense ya kakaretso, go bala dibuka tse di boitshepo, kgotsa go buisana ka palo ya beke eo mo go Come, Follow Me.

Setshwantsho
bana ba dira dikuku

Ditshwantsho sa bana ba dira dikuku ka Michelle Loynes

Seabe sa Lelwapa

Bana ba ka tsaya Karolo mo maitisong a mo gae. Ba ka thusa go rulaganya ditiro, thapelo, kgotsa go tlhopha pina ee ka simololang. Ba ka ruta le dithuto. Pele ga maitiso a mo gae, o ka thusa ngwana go bala polelo mo go Friend mekasine kgotsa polelo e ba e ratang ya dibuka tse di boitshepo. Ngwana a ka bolela polelo e go ba lelwapa e le thuto. Bana ba le bantsi ba rata go diragatsa dipolelo ka maitiso a mo gae. Letlelela bana ba bagolwane go rulaganya thuto kgotsa puisano ya khonferense ya kakaretso e ba batlang go e bala. Mme ba fe go etelela dipuisano pele.

Ditiro

Malapa a le mantsi a itumelela go dira ditiro e le karolo ya maitiso a mo gae. Ditiro tsa mo ntlung di ka akaretsa go tshameka metshameko, go dira ka diatla, go apeya mmogo.

Ditiro tsa kwantle le ka tsaya mosepele, go palama thaba, kgotsa go tshameka motshameko kwa ntle mmogo. Senka tiro e ba lelwapa botlhe ba ka e dirang, mme le itumele mmogo. Ikgapeng mo dikgaisanong tse di ka kobang Mowa.

Tirelo

Maitiso a mo gae ke nako ee siameng ya malwapa go direla ba bangwe. Le ka thusa baagisanyi ba ba godileng, go fa dijo kwa go ba ba senang matlo a bonno, go kwalela baanamisi efangele, kgotsa go sela matlakala e le sekai.

Gatisa