2022
Go Etelelwapele ke Baporofeti ba ba Tshelang
Lwetse 2022


“Go Etelelwapele ke Baporofeti ba ba Tshelang,” Liahona, Lwetse. 2022.

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Lwetse 2022

Go Etelelwapele ke Baporofeti ba ba Tshelang

Setshwantsho
Baeteledipele ba Kereke fa pele ga sefikantswe sa ga Keresetose

Baporofeti ke banna ba ba biditsweng ke Rara wa Legodimo go mmuelela. Ba paka ka ga Jeso Keresete le go ruta efangele ya Gagwe. Maloko a Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ba dumela mo baporofeting ba bogologolo le ba malatsi ano.

Modimo o Bua ka Baporofeti

Baporofeti ba amogela tshenolo go tswa mo Modimong. Fa baporofeti ba tlhotlhelediwa go re ruta, go tshwana fela jaaka ekete Modimo ke ene a buang le rona (bona Dithuto le Dikgolagano 1:38). Re ka tshepha gore ba re bolelela se Modimo a batlang re se itse.

Setshwantsho
Momone ka dipapetlana tsa gauta

Momone a Khutshwafatsa Dipapetlana, ka Tom Lovell

Baporofeti ba Ruta Ka ga Jeso Keresete

Baporofeti botlhe ba paka ka ga Jeso Keresete. Ba re ruta gore ke Ene Morwa wa Modimo. Ba re ruta ka botshelo jwa Gagwe, sekao, le Tetlanyo. Le go re bontsha ka fa re ka mo salang morago ka teng le go obamela ditaelo tsa Gagwe.

Maikarabelo a Baporofeti

Baporofeti ba ruta efangele ya ga Jeso Keresete. Ba tlhalosa ditshegofatso tse re di amogelang fa re obamela ditaelo le ditlamorago tse re di amogelang fa re sa dire jalo. Nako tse dingwe, ba ka tlhotlhelediwa go re bolelela ka ditiragalo tsa lobaka lo loi tlang

Setshwantsho
Mošhe le matlapa a a kwadilweng

Mošhe le Matlapa a a kwadilweng, ka Jerry Harston

Baporofeti ba Bogologolo

Modimo o rutile batho ka baporofeti e sa le kwa tshimologong. Baporofeti ba ba tshedileng ka dinako tsa Kgolagano e Kgologolo ba akaretsa Atamo, Noa, Aberahame, Mošhe, Isaia, le ba bangwe. E ne le gone go na le baporofeti mo gare ga batho ba Buka ya ga Momone. Baporofeti ba ba akaretsa Lehi, Mosia, Alema, le Moroni. Re ka ithuta se ba se rutileng ka go bala dikwalo tse di boitshepo.

Baporofeti ba Malatsi ano

Joseph Smith e ne e le moporofeti wa ntlha mo malatsing ano. O tsosolositse Kereke ya ga Jeso Keresete mo lefatsheng. Russell M. Nelson ke moporofeti le Poresidente ya Kereke gompieno. Bagakolodi ba gagwe mo Boporesidenteng jwa Ntlha le Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi le bone ke baporofeti, balebi, le basenodi.

Setshwantsho
bobedi bo lebeletse khonforense mo maranyaneng

Reetsa Moporofeti

Moporofeti o bua le rona ka nako ya khonforense ya kakaretso le ka dinako tse dingwe. O re ruta se Modimo a batlang re se itse le ka fa re ka salang Jeso Keresete morago ka teng gompieno. Re ka bona dithuto tsa gagwe mo go Liahona le mo go ChurchofJesusChrist.org.

Ditshegofatso tsa go Sala Moporofeti Morago

Re tlaa segofala fa re sala morago dithuto tsa baporofeti. Fa re sala morago baporofeti, re ka itse gore re dira se Modimo a batlang re se dira. Re ka nna le kagiso mo matshelong a rona le go atamelana le Jeso Keresete.

Gatisa