2022
Fenya Lefatshe mme o Bone Boikhutso
Ngwanatsele 2022


Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Ngwanatsele 2022

Fenya Lefatshe mme o Bone Boikhutso

Bona boikhutso mo boketeng, tlhobaelo, le tlalelo ya lefatshe le ka go fenya lefatshe ka dikgolagano tsa gago le Modimo.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang, Ke itumelela go le dumedisa mo maphakeleng a a galalelang a a Sabata. Lo nna le le mo tlhaloganyong ya me ka metlha. Ke gakgamalela ka fa le tsapogang ka teng go thusa fa le bona bangwe ba tlhoka. Ke nna ke makalela tumelo le bopaki tse le di supang gangwe le gape. Ke hutsafalela matlhoko a lona, maswabi, le matshwenyego. Ke a lo rata. Ke le tlhomamisetsa gore Rara wa rona wa Legodimo le Morwae yo o Rategang, Jeso Keresete, ba lo rata. Ba itse maemo a lona tota, bomolemo jwa lona, ditlhoko tsa lona, le dithapelo tsa lona tsa thuso. Gangwe le gape, Ke lo rapelela gore le utlwe lorato La bone.

Go itemogela lorato La bone go botlhokwa thata, jaaka ekete re nna re utlwalela dikgang tse di tshwenyang. O ka tswa o nnile le malatsi a o ikutlwileng ekete o ka apara diaparo tsa go robala, wa ikudupanya, mme wa kopa mongwe go go tsosa fa dikhuduego di fitile.

Fela, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang, dilo tse dintsi tse di molemo di kwa pele. Mo malatsing a a tlang, re tlaa bona diponatshego tse di kgolo tsa thata ya Mmoloki tseo lefatshe ka gope di iseng di di bone. Gare ga jaanong le nako e A bowang “ka thata le kgalalelo e kgolo,”1 O tlaa baya ditŝhono tse di sa balegeng, ditshegofatso, le dikgakgamatso mo go ba ba boikanyego.

Le fa gontse jalo, jaanong re tshela ka boammaaruri mo nakong e e raraaneng mo ditsong tsa lefatshe. Bothata le dikgwetlho di tlogela batho ba ikutlwa ba fekeediwa le go lapa. Lefa go le jalo, akanya ka maitemogelo a bosheng a a ka abelanang lesedi ka fa nna le wena re ka bonang boikhutso.

Ka nako ya pulo ya ntlo ya Tempele ya Washington D.C, leloko la komiti ya pulo ya ntlo o ne a bona phetolo e e kgatlhang leitlho jaaka a ne a buledisa babega dikgang ba maemo a a kwa godimo mo tempeleng. Ka tsela nngwe lelwapa lengwe le le potlana la ikgolaganya le loeto leo la babega dikgang. Mogasi mongwe o ne a tsweletse ka go botsa ka “loeto” la batsayakarolo ba tempele jaaka a tsamaya mo tempeleng. O ne a batla go itse gore a loeto la tempele le na le bokao jwa dikgwetlho tsa motho mo botshelong jo.

Mosimanyana mongwe mo lelwapeng a tseeletsa puisanyo. Fa setlhopha sa baeti se tsena mo ntlwaneng ya endaomente, mosimane a supa kwa aletareng, kwa batho ba khubamang go dira dikgolagano le Modimo, mme a re, “Oh mo go gontle. Fa ke lefelo le batho ba ikhutsang mo loetong la bone la tempele”.

Ga ke dumele gore mosimane o ne a itse ka fa go ela dilo tlhoko ga gagwe go neng go tseneletse ka teng. O ka tswa a sena mogopolo ka kopano e e tlhamaletseng fa gare ga go dira kgolagano le Modimo mo tempeleng le tsholofetso e molemo ya Mmoloki:

“Tlaya kwa go nna, lona lotlhe ba lo dirang mme le imetswe, mme ke tla le neela boikhutso.

“Tsayang jokwe ya me, mme le ithute mo go nna; … mme lo tlaa bona boikhutso mo meweng ya lona.

“Gonne jokwe ya me e motlhofo, e bile morwalo wa me ga o bokete.”2

Setshwantsho
matshwititshwiti kwa khonforenseng ya kakaretso

Bakaulengwe le Bokgaitsadi ba ba rategang, Ke hutsafalela ba ba tlogelang Kereke gonne ba ikutlwa ekete boloko bo tlhoka mo gontsi mo go bone. Ga baa ka ba lemoga gore go dira le go tshegetsa dikgolagano ka nnete go dira botshelo motlhofo! Motho mongwe le mongwe yo o dirang dikgolagano mo kolobetsong le mo ditempeleng—le go di tshegetsa—o okeditse go amogela thata ya ga Jeso Keresete. Tsweetswee akanya boammaaruri jo bo molemo jo!

Katso ya go tshegetsa dikgolagano le Modimo ke thata ya legodimo—thata e e re nonotshang go emelana le diteko, dithaelo, le matlhoko botoka. Thata e e tlhofofatsa tsela ya rona. Bao ba tshelang melao e e kwa godimo ya ga Jeso Keresete ba amogela thata ya Gagwe e e kwa godimo. Jaana, ba ba tshegetsang dikgolagano ba letlelelwa boikhutso jo bo kgethegileng jo bo tlang kwa go bone ka botsalano jwa bone jwa kgolagano le Modimo.

Pele ga Mmoloki a ineela mo ditlalelong tsa Gethesemane le Logata, O ne a bolelela Baaposetole ba Gagwe, “Mo lefatsheng lo tlaa nna le pitlagano: mme itumeleng, Ke fentse lefatshe.”3 Kgabagare, Jeso o kopa mongwe le mongwe wa rona go dira mo go tshwanang fa Are, “Ke eletsa gore lo tshwanetse go fenya lefatshe.”4

Bakaulengwe le Bokgaitsadi ba ba rategang, molaetsa wame go lona gompieno ke gore gonne Jeso Keresete ofentse lefatshe le le weleng le, le gonne O lefetse mongwe le mongwe wa rona, le wena o ka fenya lefatshe le matlaputlapu a sebe, le le itibileng le le nosi le ka gale le lapisa.

Gonne Mmoloki, ka Tetlanyo ya Gagwe ya bo senang bokhutlo, o re rekolotse mo bokoeng, diphoso le sebe, mme ka ntlha ya maitemogelo botlhoko bongwe le bongwe, matshweneygo le mekgweleo e o kileng wa nna le yone,5 ka jalo fa ka boammaaruri o ikwatlhaya mme o batla thuso ya Gagwe, o ka tsoga godimo ga lefatshe le jaanong le leng dikgwetlho.

O ka fenya semowa le maikutlo a a lapisang a dipetso tsa lefatshe, le go akaretsa boikgodiso, boikgogomoso, bogale, boitshekologo, letlhoo, bopelotshetlha, lefufa, le poifo. Le ntswa diketsaetsego le ditheelelo tse di re dikologileng, lo ka bona boikhutsojwa boammaaruri—jo bo rayang kgololo le kagiso—le e e leng mo mathateng a gago a matona.

Boammaaruri jo bo botlhokwa jo bo tlhotlheletsa motheo wa potso tse tharo:

La ntlha, go raya eng go fenya lefatshe?

La bobedi, re dira jang?

Mme la boraro, go fenya lefatshe go segofatsa jang matshelo a rona?

Go raya eng go fenya lefatshe? Go raya go fenya thaelo ya go tlhokomela thata dilo tsa lefatshe gona le dilo tsa Modimo. Go raya go tshepa dithuto tsa ga Keresete go na le dithuto tsa batho. Go raya go itumela mo boammaaruring, go latola tsietso, le go nna “balatedi ba ba boikokobetso ba ga Keresete.”6 Go raya go itlhophela go ikgapha mo go sengwe le sengwe se se tlosang Mowa. Go raya go eletsa go “tlogela” le dibe tse re di ratang.7

Jaanong, go fenya lefatshe ga go reye gotlhelele go nna boitekanelo mo lefatsheng le, kana ga go reye gore mathata a gago a tlaa nyelela ka masalamose—gonne ga a kake. Mme ga go reye gore ga o ka ke wa dira diphoso. Fela go fenya lefatshe go raya gore go kganela sebe go tlaa oketsega. Pelo ya gago e tlaa nolofala jaaka tumelo ya gago mo go Jeso Keresete e gola.8 Go fenya lefatshe go raya go gola mo go rateng Modimo le Morwae yo o Rategang go feta go rata ope kgotsa sepe se sele.

Ke ka ga jang, jalo re ka fenyang lefatshe? Kgosi Benjamin o re rutile jang. O ne are “motho wa tlholego ke mmaba wa Modimo” mme o ntse jalo go ya go ile s “ntle le fa a ineela mo ditlhotlheletsong tsa Mowa o o Boitshepo, le go apola motho wa tlholego mme a nna moitshepi ka tetlanyo ya ga Morena Keresete.”9 Nako le nako fa o batla le go sala morago ditlhotlheletso tsa Mowa, nako le nako fa o dira sengwe se se molemo—dilo tse “motho wa tlholego”a sa di direng—o fenya lefatshe.

Go fenya lefatshe ga se tiragalo e e diragalang mo letsatsing kgotsa a mabedi. Go diragala ka nako ya botshelo jaaka gangwe le gape re amogela dithuto tsa ga Keresete. Re tlhagolela tumelo mo go Jeso Keresete ka go ikwatlhaya tsatsi le letsatsi le go tshegetsa dikgolagano tse di re neelang thata. Re nna mo tseleng ya kgolagano mme re a segofala ka nonofo ya semowa, tshenolo ya borona, go oketsa tumelo, le go direla ga baengele. Go tshela dithuto tsa ga Keresete go ka tlisa kgolokwe e e molemo thata e e thatafetseng, e e dirang matlhagatlhaga a semowa mo matshelong a rona.10

Jaaka re leka go tshela melao e e kwa godimo ya ga Jeso Keresete, dipelo tsa rona le yone tlholego ya rona tota e simolola go fetoga. Mmoloki o a re tsholetsa godimo gabogodimo jwa gowa ga lefatshe ka go re segofatsa ka lorato le legolo, boikokobetso, letlotlo, bomolemo, boikgapho, kagiso, le boikhutso.

Jaanong, o ka akanya gore se se utlwala jaaka tiro e thata ya semowa go na le boikhutso. Mme fano ke boammaaruri jo bogolo: fa lefatshe le gatelela gore thata, dithoto, go itsege, le itloso bodutu jwa nama bo tlisa boitumelo, ga go a nna jalo! Ga di kake! Se di se tlisang ga se sepe mme lehuti mo boemong jwa “go segofadiwa le seemo sa boitumelo sa bao [ba] ba tshegetsang ditaelo tsa Modimo.”

Boammaruri ke gore go gontsi mo go lapisang go batla boitumelo kwa o ka se kitlang o bo bona teng! Le fa go ntse jalo, fa o ikgolaganya le Jeso Keresete mme o dira tiro ya semowa e e tlhokegang go fenya lefatshe, Ene, mme Ene fela, o na le thata ya go go tsholetsa gofeta dilo tsa lefatshe le.

Jaanong, go fenya lefatshe go ka segofatsa jang matshelo a rona? Karabo e tlhamaletse:go tsena mo botsalanong jwa kgolagano le Modimo go re bofelela go ene ka tsela e e dirang sengwe le sengwe ka ga botshelo motlhofo. Tsweetswee lo seka la tlhoka go ntlhaloganya sentle: Ga ke are go dira dikgolagano go dira botshelo motlhofo. Ka nnete, solofela kganetso, gonne moganetsi ga a batle o lemoga thata ya ga Jeso Keresete. Mme go ikgolaganya le Mmoloki go raya gore o amogela ya Gagwe nonofo le thata ya thekololo.

Setshwantsho
Poresidente Ezra Taft Benson

Ke le tlhomamisetsa gape thuto ee molemo ya ga Poresidente Ezra Taft Benson: “Banna le Basadi ba ba fetolelang matshelo a bone mo Modimong ba tlaa lemoga gore o ka dira mo gontsi go tswa mo matshelong a bone go na le ka fa bone ba ka kgonang. O tlaa dira boitumelo jwa bone bo nne bogolo, a atolosa diponatshegelo tsa bone, a tlhagafatsa ditlhaloganyo tsa bone, … a tsholetsa mewa ya bone, a ntsifatsa ditshegofatso tsa bone, a oketsa ditŝhono tsa bone, a segofatse mewa ya bone, a ba tsosetse ditsala, mme a gorometse kagiso.”12

Menyetla e e sa tshwantshanngweng e e sala morago bao ba ba batlang thuso ya legodimo go ba thusa go fenya lefatshe. Go ya jaana, ke atolosa taletso go maloko a Kereke ka botlalo taelo e e tshwanang le e ke e neetseng bagolo ba ba botlana Motsheganong o o fetileng. Ke ne ka ba tlhotlheletsa jale—mme ke ya le kopa le go tsaya jaanong—taolo ya bopaki jwa lona jwa ga Jeso Keresete le efangele ya Gagwe. E berekele. E otle gore e gole. E tlamele ka boammaaruri. Se e leswafatse ka dithuto tse eseng tsone tsa barutegi ba banna le basadi ba ba sa dumeleng. Jaaka o tswelela o nonotsha bopaki jwa gago jwa ga Jeso Keresete go e dira phitlhelelo e e kwa godimodimo, lebelela dikgakgamatso go diragala mo botshelong jwa gago.13

Setshwantsho
Poresidente Nelson a le fa felong ga therelo kwa khonforense ya kakaretso

Kopo yame maphakela a ke go bona boikhutso go tswa mo boketeng, tlhobaelo, le tlalelo ya lefatshe le ka go fenya lefatshe ka dikgolagano tsa gago le Modimo. A itse ka dithapelo le ditiro tsa gago gore o tlhwaafetse ka go fenya lefatshe. Mo kope gore a sedifatse tlhaloganyo ya gago mme a go romelele thuso e o e tlhokang. Letsatsi le letsatsi, kwala dikakanyo tse di tlang kwa go wena jaaka o rapela; jalo o di sale morago ka tlhwaafalo. Tsaya nako e ntsi o le mo tempeleng, mme o batle go tlhaloganya ka fa tempele e ka go rutang go emelela go feta lefatshe le le weleng le.14

Jaaka ke buile go le pele, go phuthega ga Iseraele ke tiro ya botlhokwa e kgolo e e diragalang mo lefatsheng gompieno. Ntlha e nngwe e e botlhokwa ya go phuthega ke go baakanyetsa batho ba ba kgonang, ba ipaakantse, ba ba itekanetseng go amogela Morena fa a tla gape, batho ba ba ikgethetseng go le gale Jeso Keresete godimo ga lefatshe le le weleng le, batho ba ba itumelang mo boikgethelong jwa bone go tshela mo go kwa godimo, ga melao e e boitshepo ya ga Jeso Keresete.

Setshwantsho
mme le morwadie ba lebeletse dinepe tsa Diporesidente tsa Kereke kwa lefelong la Khonforense

Ke a lo bitsa, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang, go nna batho ba ba siameng. Tlamela le go tlotla dikgolagano tsa gago go feta maikaelelo otlhe. Jaaka o letlelela Modimo go fenya mo botshelong jwa gago, Ke go solofetsa kagiso e kgolo, boikanyo, boitumelo, le ee, boikhutso.

Ka thata ya boaposetole jo bo boitshepo jo bo mo go nna, ke go segofatsa mo go batleng ga gago go fenya lefatshe. Ke go segofatsa go oketsa tumelo ya gago mo go Jeso Keresete mme o ithute mo go botoka ka fa o ka amogelang thata ya Gagwe. Ke go segofatsa go kgona go lemoga boammaaruri le phoso. Ke go segofatsa go ela tlhoko dilo tsa Modimo go na le dilo tsa lefatshe le. Ke go segofatsa go bona ditlhokego tsa ba ba go dikologileng le go nonotsha bao oba ratang. Gonne Jeso Keresete o fentse lefatshe le, le wena o tlaa kgona. Ke fa bopaki mo leineng le le boitshepo la ga Jeso Keresete, amene.

Dintlha

  1. Joseph Smith—Matthew 1:36: “Jalo go tla bonagala sesupo sa Morwa wa Motho kwa legodimong, mme merafe yotlhe ya lefatshe etla lela; mme ba tla bona Morwa wa Motho a tswa legodimong, ka thata le kgalalelo e kgolo.”

  2. Matthew 11:28–30; kgatelelo e tsentswe.

  3. Johane 16:33; kgatelelo e tsentswe.

  4. Dithuto le Dikgolagano 64:2kgatelelo e tsentswe.

  5. Bona Alema 7:11–13.

  6. 2 Nefi 28:14.

  7. Bona polelo ya ga Rraagwe Kgosi Lamoni mo go Alema 22, bogolo thata Alema 22:18.

  8. Bona Mosia 5:7.

  9. Mosia 3:19; kgatelelo e tsentswe.

  10. Bona 2 Nefi 31; 3 Nefi 27:16–20.

  11. Mosia 2:41.

  12. Teachings of Presidents of the Church: Ezra Taft Benson (2014), 42–43.

  13. Bona Russell M. Nelson, “Choices for Eternity” (worldwide devotional for young adults, May 15, 2022), broadcasts.ChurchofJesusChrist.org.

  14. President David O. McKay o rile re tsaya “kgato ka kgato kwa tempeleng go tlhatlogela kwa Boleng teng jwa Bosakhutleng” (mo go Truman G. Madsen, The Temple: Where Heaven Meets Earth [2008], 11).

Gatisa